You are on page 1of 6

1

Mekwalo ya Mogakolodi - Itsise ka BCPP, Palo ya Malwapa, le Tlhatlhobelo


mogare le tshidilo maikutlo kwa lwapeng
Ka boripana:
Go gorogeng kwa lelwapeng,maloko a setlhopha sa HTC ba tla ipolela gore ke
bomang ba bo ba kopa tetla ya go tsena mo lwapeng. Fa tetla e filwe, maloko a
setlhopha a tla tswelela ka go dumedisa leloko/maloko a lelwapa a teng mme ba
botse gore a tlhogo ya lelwapa e teng. Fa tlhogo ya lelwapa e seyo, maloko a
setlhopha a tla kopa yo o teng mme a latela tlhogo ya lelwapa ka bogolwane. Motho
yo ga a tshwanela go nna kwa tlase ga dingwaga di le lesome le borataro.
Setlhopha sa HTC se tla ba itsise ka patlisiso. Morago ga se, batla itsise ka lebaka la
palo mme ba kope tetla ya go tlatsa fomo ya palo ya malwapa. Morago ga go tlatsa
fomo, mogakolodi o tla itsise ka setlhopha ka tlhatlhobelo mogare wa HIV le tshidilo
maikutlo. Ka boene, mogakolodi o tla kopa maloko a lelwapa a dingwaga di lesome
le borataro go ya kwa go tse di masome a marataro le bone tetla ya go ba botsa
dipotso dingwe ka bone ka kitso ya dikgang tse di fetileng tsa bone tsa itlhatlhobelo
mogare. Fa motsayakarolo a dumela go araba dipotso, ba tshwanetse go tseelwa
mo lefelong la sephiri go sireletsa sephiri sa motsayakarolo fa go kgonega. Morago
ga go tlatsa A-E ya fomo ya tseo ka kitso ya HTC, mogakolodi o tla kopa go
tlhatlhobela motsayakarolo mogare. Fa tetla e filwe, mogakolodi o tla tswelela pele
ka tlhatlhobo le tshidilo maikutlo.
Fa tetla ya go tsena mo lwapeng, go tsaya dipalo kgotsa go buisana le gone go
neela ditirelo tsa tlhatlhobelo mogare le tshidilo maikutlo di ganwa, setlhopha sa
HTC se tla kopa maloko a lelwapa go buisana ka mabaka a gore ke eng ba gana go
tsaya karolo mo loetong le, ba bo ba kopa go boa gape, fa e le gore ke lebaka le le
amogelesegang.Fa lelwapa le sa amogele loeto la bobedi. Fa lelapa le sa amogele
loeto la bobedi, setlhopha sa HTC se tla ba itsise ka go itlhatlhobelo mogare le
tshidilo maikutlo e teng kwa tanteng kgotsa kwa kolotsaneng e gogwang e mo
lefelong la bone, le/kgotsa kokelwana ya motse. Ba tlaa leboga mong wa motse
mme ba tsamaye.

1. Setlhopha se se direlang kwa ntle se ipolelela leloko la lelwapa


Dumelang, leina lame ke _____________. Yo ke mmereki ka nna____________.
Re tswa kwa Tebelopele mme re direla mo lefelong le e le bontlha bongwe jwa
patlisiso.
A re ka bua le tlhogo ya lelwapa kgotsa mogolo mongwe?
Fa e le Ee:
Fa e le nnyaa:
Ya kwa kgatong e latelang _ tetla Kopa go boa gape ka nako e siametseng tlhogo
ya go tsena
ya lelwapa o bo o kopa moarabi go tswa ka
nako.
2. Kopa tetla ya go tsena mo lwapeng le go bua ka BCPP
A re ka tsena ra go bolelela ka bokgabana ka patlisiso ya BCPP?
Fa e le ee:
Ya kwa kgatong e latelang- Ba
itsise ka BCPP

Fa e le nnyaa:
Ke lebogela nako ya gago/lona. Fa e kare
morago wa eletsa go itse ka patlisiso ya BCPP le
go amogela itlhatlhobelo mogare le tshidilo
maikutlo mo lelwapeng la gago, ka tsweetswe re
itsise, mme re ka boela mo gag ago nako e go
siametseng. Fa o akanya gore ga o na le
kgatlhego ya go itlhatlhobela mogare le tshidilo
maikutlo mme o eletsa go etshwarela kwa ntle ga
lelwapa la gago, o tla bolelelwa ka mafelo a
itlhatlhobo a sa tlhomiwang golo go le gongwe
(bolela mafelo ao) go fitlhela (bolela letsatsi le
ipapatso e tla felang ka lone).

3. Itsise ka BCPP
Ke a leboga. BCPP e sekaseka ka fa kopano ya mekgwa ya go itshireletsa mo go
tsenweng ke mogare e berekang ka teng go fokotsa malwetse a masha mo
mafelong. Jaaka bontlha bongwe jwa BCPP, Lephata la Botsogo la Botswana,
Mafelo a US a Taolo le Thibelo Malwetse, Botswana Harvard Partnership, le mafelo
a itlhatlhobelo mogare a Tebelopele a tsamaisang ipapatso go neela batho ba ba
dingwaga di le lesome le borataro le go feta sebaka sa go itlhatlhobela mogare le go
sidilwa maikutlo. Maikaelelo a ipapatso eke gore motho mongwe le mongwe o
tshwanetse go itse ka seemo sa gagwe sa mogare. Mo bathing ba ba amilweng ke
mogare, mananeo a BCPP a tla ba thusa go amogela ditlamelo tse ba di tlhokang go
nna ba itekanetse. Mo go ba ba sa amiwang ke mogare, BCPP e tla ba thusa go
amogela ditlamelo tse dingwe tsa thibelo jaaka tlhokomelo ya motsetsi morago ga
pelegi le go kgaola letlalo la bonna mo go sireletsegileng.
Botsa gore a leloko la lelwapa le na le potso nngwe ka se sa tswang go buiwa. O bo
o ya kwa kgatong e latelang Kitsiso ya palo ya malwapa.

4. Ba itsise ka Palo ya Malwapa le tetla ya go tlatsa fomo


Jaaka bontlha jwa BCPP, re eletsa go itse gore go na le batho ba le kae ba ba nnang
mo lelwapeng lengwe le lengwe mo lifelong le dingwaga tsa bone. Se se tla re thusa
go itse gore ke maloko a le kae a lefelo le a dirisang ditlamelo tsa BCPP.
A o ikemisetsa go feleletsa tlhotlhomiso e khutshwane ka maloko a mo lelwapeng la
gago?
Fa e le ee:
Fa e le nnyaaIf no:
Ke a leboga.
A wena kgotsa leloko lengwe la lelwapa la gago, le tla
kgatlhega go bua ka itlhotlhobelo mogare le tshidilo
Ntsha difomo tsa palo
maikutlo?
ya malwapa
Fa e le ee:
Fa e le nnyaa:
Dira kitsiso ka HTC.
Re lebogela nako ya gago/lona.
Fa e kare morago wa eletsa go
itse ka patlisiso ya BCPP le go
amogela itlhatlhobelo mogare le
tshidilo maikutlo mo lelwapeng
la gago, ka tsweetswe re itsise,
mme re ka boela mo gag ago
nako e go siametseng. Fa o
akanya gore ga o na le
kgatlhego ya go itlhatlhobela
mogare le tshidilo maikutlo
mme o eletsa go etshwarela
kwa ntle ga lelwapa la gago, o
tla bolelelwa ka mafelo a
itlhatlhobo a sa tlhomiwang golo
go le gongwe (bolela mafelo ao)
go fitlhela (bolela letsatsi le
ipapatso e tla felang ka lone).

5. Itsise maloko a teng a dingwaga tse di letlelesegang ka HTC


Ela tlhoko: Mongwe le mongwe o tshwanetse go ntsha tetla ka molomo
go simolodisa go tlatsa fomo ya go tsaya dintlha.NOTE: Each person
must give individual verbal consent to begin the intake form.
Jaanong re rata go bua le wena ka itlhatlhobelo mogare le tshidilo
maikutlo. Re rata gape go botsa dipotso dingwe ka gag ago le ditso tsa
gago tsa itlhatlhobelo mogare. A o re fa tetla ya go tswelela?
Fa e le ee:
Tlatsa fomo ya HTC ,
dikarolo A-E
Fa tlhatlhobo e rotloediwa,
Ya kwa kopa tetla go
buisana ka itlhatlhobelo
mogare.
Fa tlhatlhobo e sa

rotloediwe, tlatsa fomo go


ya ka taelo nngwe le
nngwe o bo o lebogela
motsayakarolo, nako ya
gagwe.

Fa e le nnyaa:
Ke lebogela nako ya gago/lona. Fa e kare
morago wa eletsa go itse ka patlisiso ya
BCPP le go amogela itlhatlhobelo mogare
le tshidilo maikutlo mo lelwapeng la gago,
ka tsweetswe re itsise, mme re ka boela
mo gag ago nako e go siametseng. Fa o
akanya gore ga o na le kgatlhego ya go
itlhatlhobela mogare le tshidilo maikutlo
mme o eletsa go etshwarela kwa ntle ga
lelwapa la gago, o tla bolelelwa ka mafelo
a itlhatlhobo a sa tlhomiwang golo go le
gongwe (bolela mafelo ao) go fitlhela
(bolela letsatsi le ipapatso e tla felang ka
lone).

6. Kopa tetla go buisana ka itlhatlhobelo mogare


A o letlelela go itlhatlhobela mogare le go sidila maikutlo gompieno?
Fa e le ee:
Fa e le nnyaa:
Tswelela ka go tlhatlhoba le A o tla eletsa go araba dipotso tsa
go sidila maikutlo mme o
mabaka a gore ke eng o sa batle go
tlatse fomo ya Patlo ya
itlhatlhobela mogare?
Motsayakarolo jaaka go
tshwanetse.
Fa e le ee:
Fa e le nnyaa:
Tswelela ka potso
Ntsha didirisiwa tsa
30a ya go tsaya
IEC le kitso ka
dintlha.Ntsha
lefelo le lengwe la
didirisiwa le kitso ka itlhatlhobelo
lefelo le lengwela
mogare le megala
5

itlhatlhobelo
mogare le megala
ya ikopanyo ya
leloko la setlhopha
sa BCPP/HTC mo
lefelong leo.

ya ikopanyo ya
leloko la setlhopha
sa BCPP/HTCmo
lefelong leo.

Fetsa potsolotso
Ke lebogela nako ya gago. Go siame.

You might also like