You are on page 1of 16

1

SEBETE
A mme o tla kgona? A o tla fitlhelela mafelelo a mosepele o o isang kwa borogong jo o
eleditseng go bo tlola. A o tla kgona go bua Setswana sa rona? Setswana ke mang? Ke tla mo
tshabela kae? Ke tshotswe ke le kgolokwe mme e rile go bulegeng matlho ka bona Setswana.
Batswana ba ga Rra-Mogobeng ba ne ba bua Setswana: Sengwato, Sepedi, Sekgatla, Sesarwa,
Kalanga, le tse dingwe. Ke sone se ke tshameketseng tlaseng ga sone – Setswana se se mo
megobeng le mo pelong ga mmogo le mo difatlhegong tsa basadibagolo ba dithunya, ba ditlhaba
tse di tshetlha, le melodi le matlhotlhapelo a tsone. Tse di ntsi ke ne ke sa di itse. Ke ne ke sa itse
gore re mo Botswanaa le gore tautona wa sechaba e ne ele Festus Mogae wa Mongwato.
Seromamoa se ne se gasa dikgang ka Setswana le ka Sejatlhapi le ka go utlwala ga medumo ya
dibetsa tsa mafatshe a sele (gongwe ele one mafatshe a rona). Ke ne ke tshela ka go reetsa
lefatshe le le neng le opelela mo teng ga pelo yame, ke ipotsa ka tsa semorafe, nnetse ya rona,
Modimo, go gola ga mmogo le ka boammaruri jwa lefatshe. A lefatshe le ne le tsweletse le
ipaakanyetsa go fela ga nako? Letsatsi lone le le tla tshwelela ka go pagama le go lela, ngwedi
ene ka go ikotlolola. E rile morago ga go gololwa mo kgolegelong ya bofufo ke ne ka lebagana
le dikgang tsa rona tsa madi, ka gongwe re ne re le masika kgotsa ditsala - gongwe baagisanyi.
Letsatsi ke leele ba le beile kgakala, mme rona re na le tshwanelo ya go le baya gaufi le ditlhogo
le dipelo tsa rona, le fa gongwe le fisa jaaka magala a magwe a Modimo. Ke bua le mang?

1
2
RE BANTLE
Nako ke e ithutile. Ke e tsamaile jaaka nonyane ya Kalahari. Bagolo ke ba reeditse mo
dithanolong tsa bone tsa nnete, melao, lorato, Badimo le Modimo. Mowa wame ga o sikinyege
gotlhelele! Selelo ke a se itse; kena le ditshika tse ditala le dingwaga tse di itsiwang ke nna. Ke
na le kitso ya sefatlhego sa tlholego ya naga ya rona go tsweng Okavango go yeng dinokeng tsa
Kongo, dikaka, ditlhaba, ditsela tsa batsumi, go ya go fitlha kwa tlase ga magaga a Egepeto. Ke
gopotse ditshwanelo tsa rona tsa nnete. Ke ne ka ema mo seiponeng go ipona le go itheetsa, gore
ke tle ke kwale lokwalo. “A mme o tla kgona? A o tla fitlhelela mafelelo a mosepele o o isang
kwa molelwaneng o o eleditseng go o tlola? A o tla kgona go bua Setswana…” Ee, ke dumetse
jalo. Sebete kena le sone, mme fa ke sa kgone ka bo nosi gongwe re ka kgona mmogo – rona
merafe ya gouta ya legodimo. Gongwe re ka kgona go galaletsa lesedi la rona. Re bantle, kana
jang? Kei kaya ka leina le dingwaga. Ke tla bitswa ngwana wa legadima. Ke letlotso, ke tlotse
dinoka tsa legare, Bobirwa le Bokalaka. Ke katse ya naga, ke tau, ke phefo e bile ke ngwana wa
dingwaga tse masome a mabedi le boraro. Ke modisa, ke lelata la melao ya bogologolo le ntshwa
ke le mosha. Go na le lentswe mo pelong le mo kgokgotshong. Nako e supile gore e tla ikapola
ka nako e ditsebe tsa b aba utlwang di tla reetsang. Ba ba utlwang ba tla gomotswa ka lesedi le
phenyo fa ba bangwe batla tswelela ka bokgoba jwa lefifi – ba ronwa ke letlhoo le bompe jwa
maikutlo a bone.

2
3
PHETOLO YA GOUTA
Ke pagame serala ke se kgosi. Ke tsweledisitse dineo tsa boitshoko le boikobo. Serala seo ke
gogobetse kwa go son eke le dipadi ebile ke kgagogile - pelo e lwala. O tla lemoga leng gore
kgosi ke mang? O tla tikwa ka matlapa mo mebileng, o tla alolwa ke lefifi mo ditorong tsa gago
mme dijo tsa gago di tla fetolwa motlhaba. O tla tlhapadiwa o ntse o raletse dikaka. O tla apara
makgasa, o nyadiwa ke lefatshe le ban aba lone ba difofu. O tla sala o le nosi le nnete ya gago.
Maina a gago a tla robiwa gotwe o a nyelediwa – o rogelwa Badimo. Ditoro tsa gago di tla
hutsiwa ka letlhoo le lonyatso, mme lesedi la gago le ikemele ka dinao. O emelele o pagame
serala, o bue Setswana, o supe gore le wena o montle e bile o na le ditshwanelo le dimpho tsa
tlholego. Diaparo tsa gago tse disha di supe gore o fentse, o bolaile maikutlo aa kwa tlase, go
itebela kwa tlase le go itlhowa le mebuso e e batlang go nyeletsa lesedi la gago. Bogosi jone ga
se jwa lefatshe le; ke ntlo ya lesedi le kgotso – sefatlhego sa Modimo wa boammaruri. Nnete ke
ne ke e pakile ka kgetsi ya lobebe nna mosimane wa masimo, lebutswapele.

3
4
DUMELANG
Pelo e e itshekileng ke sekgele se sentle. Mafoko le boikokobetso tsone ga nkitla ke gana ka
tsone jaaka ke ganne ka pelo yame. Ke le gopola ka tidimalo. Fela jaaka go ne go ntse pele ga
dipharologanyo tsa rona di re kgaoganya, lorato lame le tla itshegetsa ka setlhare sa boammaruri.
Morago ga dipuisano magareng ga ba ba sa tshabeng nnete le magatlapa, ke tla tshwelela ke
ntsha madume ka monyenyo le ka pelo e tshweu. Eo ke kgotso e e lwetsweng ke mebuso e
mentsi, mme e mele jaaka setlhare sa nnete morago ga go goelelwa le go tlhapaolwa, le go
rengwa ke dirukhutlhi tse di rukhutlhileng metheo ya tshimo. Tshimo e ne e le ya serodumo sa
go duma. Metsi a tla itsheka malatsi otlhe – kgoberang fela! Ga nkitla ka letsatsi lepe ke
nyenyafatsa setilo same. Ke tla bo ke leofela boikobo jwame jo bo sa bolaweng le ke yone kgora
le dintle tsa lefatshe. Malebogo ke tlholego ya rona. Boikobo jwa rona bo fenya ka marang a a
bogale. Nna ke modisa, mmoki, motaki, ngwana e bile ke sematla, mme ga ke kitla ke iphetola
lekgoba mo Egepeto wa lona yo o belang jaaka lekadiba. E tla re ke ntse ke phepafatsa leina la
bo rraetsho ke nne ntse ke re: “dumelang bangwe ka nna.” Madume le monyenyo ga ditimanwe
ka di sa kgale, mme o tsamaele kgakajana gore le seka la tlola meolelwane gape go re senyetsa
mme magodimo a tloge a tsose diletseng. Dumelang!

4
5
MOTHEO
Madi a me a ne a se motlhofo, le ntswa ke ne ke kile ka batla go tsaya dilo motlhofo. Ke ne ke le
ngwana, go tsaya dilo motlhofo e ne e le ditlamorago tsa go bo marapo a sale motlhofo, metsi a
ise a kgoberwe, mmele o le metsi, tlhogo e le ya ngwana. Motheo e ne e le o o ka se robegeng.
Ditlokololo, marapo le maatla a dipharologano di ne di kile tsa robega kgotsa go obega.
Mosimane o ne a betswa, a betlwa, e le jaaka go kalwa serodumo sa gagwe se bapisitswe le
meriti ya Badimo ba gagwe. Thotse e yone, ya go goroga maloba mepipi e sale mentle, meretlwa
e natetsha naga, dinaledi di bitsa badisa le pula. Pula nngwe e ne ya kgala ka tladi, go goroga
nako ya mesepele ya dikaka, magodu, babolai, bofatlha jo bo bitsang dinoga. Go ne go supiwa
gore motheo o o thaileng lefatshe metsotsonyana morago ga go opela ga lewatle le legolo,
dingwaga-ngwaga pele ga Morwalela. Tidimalo, kgotso, kgolo, tsela, boammaruri, tebelopelo,
borena, phenyo! Ke eng o tla batla go lemoga dipadi fela le ntswa bontle bo aname jaaka pelo ya
Modimo? Nna ke belegetswe kwa Motshegaletau jaaka ditau tsa teng!

5
6
DIPHOLOGOLO
Magareng ga letsatsi le nako le letsatsi ke ofe yo motona? Pelo ke ntlo ya nama le madi, mme
puisano ya yone le ditshika le boboko e fetlha bokete jwa maikutlo. A mme ditshidi tsa tshimo di
tla gakologelwa lefaufau le di tlhagileng mo go lone? A di tla utlwa tidimalo ya teng ga mmogo
le lefifi, botsididi, diphefo, modumo, bothitho le lesedi? Utlwa molodi o o dumang jaaka pelo ya
kgosi, go thulana ga dinaledi go tla bula tsela ya kagiso, ntwa le metsi. Matlho a tla bulega,
dipelo di fetlhe madi, maru a kalele fale mme phefo e butswele gore bananyana ba tshimo ba
seka ka hupetswa ke bokete jwa setshidi se: lefatshe.
Fa o lebile o pagame lentswe le legolo o ne o ka lemoga fa mmu le tidimalo ya naga di na le
pelo. Mebala e ne e galalela, ditlhare di tsepame. Tlholego e le ruri e sidila pelo ka mebala ya
yone, go elela ga metsi le monate wa maungo. Nako e belege tlholego, matlho a tse di
sikinyegang a bulege mme dikokomane di tlale le sekgwa, dikgotlhang di kwalwe, ditsheko di
begiwe, madi a tshololwe mme nnete e bonwe e sa tswala. Mole ke noga! Mole ke mmutla! Mole
ke pudi! Mole ke phiri! Mole ke nku! Mole ke phokojwe! Mme gongwe batho batla tswelela ba
tshela ka go akanyetsa kwa teng go gaisa diphologo tse dingwe gore ba se k aba nyeletsana ka
letlhoo le dibetsa tse dingwe tse di kgaoganyang motho le phologolo jaaka lorato, marenyane,
maikutlo, bohatlha, boeleele, lenyatso le bogodu.

6
7
DIKELEDI
O lelela gore ga a ise a dire sepe. Ga ana molato. Bosigo, utlwa go bopa ga khutsana go kgotlhela
moribo wa pula. Ke eng o tla batla go nna lesiela batsadi ba sa tshela, ba tsamaya mo godimo ga
lefatshe la batshidi ba lebagane le lone lefatshe le dijo. Gongwe o lelela gore lefatshe le
kgaogantswe, gore o lwantshiwa ka dilo tse ene a iseng a di rutiwe. A nnete ke boleo? Ga se
boleo, le Keresete o ne a sa leofa, a kgokgontshiwa, a lela, mme nnete yone ya fenya. Bagolo ba
ngapile fa ba ngapilenh teng, gongwe ke selo a lela, a batla kagiso le letlalo le lesa ropolwang ke
dilo tsa lefatshe. O lelela nnete. Gongwe ke dikeledi tsa boitumelo, a amogela kagiso. Kamoso o
tla bo a emetse metsi a gagwe. Batho botlhe ba ledile, ebile merafe e ntse e lela fela. Lorato le
bolawa jaaka serukhutlhi kwa medumong. Nnete e kgaolwa matsogo, gouta e a lwela, lefufa le a
tsalwa. Batho ba lelela batsadi ba bone. Batho ba letswa ke boitlhobogo le bolwetse jwa lefatshe.
Batho ba letswa ke kgokgontsho, dikgoka le go thukuthiwa. Batho ba lwela lorato, go lebega ba
itlhoile. Ba lelela diphutso tsa ban aba bone le kgalemo e e bogale ya tlholego. Dikeledi di
tsididi, metsi a gakatsa lenyora, mme gongwe kagiso e tla fenya.

7
8
BAGOLO
O tla siela kae? Re go tshotse. Tsholofelo ya ngwana ka boteng jwa pelo ya gagwe, ke gore
mekwatla le matsogo a a mmelegileng a bo a mo jesa a itse fa a leboga thata. Ga a jewa ke
manong, molelo o fisitse ditoro le kgotso e ntle - kagiso. Ngwana a re: “le sireleditse nnete.
Utlwa fela jaaka ke nkga duthunya; matlho a bulegile – matho a bagolo; ke tlhogile ditedu ebile
ke meletsa bontle mathe.”
O leboga a ntswa a latswitse dintho le lefufa la Badimo b aba tsamaileng bas a fetsa ditiro tsa
bone tsa lefatshe. Botshelo ga bo ise bo lebale go gakolola batshidi gore jone ke botshelo ebile
bo dikologa jaaka kgolokwe ya lefatshe. Ngwana ga a jewa ke manong. Ga a bolawa ke digai.
Ngwana ga a e sa tlhola e le nku e e ka phamolowang ke diphiri tsa sekaka. Ngwana o pagame
setlhare. Bagolo ke setlhare sele sa botshelo.

8
9
RRAPELOTSHWEU
Ba mmone a feta le tselana ko sekgweng. Go ne go lebega a setse morago monko wa dinoka tse
di kgadileng. O ne a raletse letsatsi le le goeletsang, a hema phefo e e lerole. Ba ba neng ba kile
ba nna le monyetla wa go mmala dikakanyo ba ne ba labile maretshwa a bosweu, gouta le
marang-rabana a kgakala. Bokgakala e ne ele jwa nako, ka ene a le gaufi le bogologolo jo a neng
a betletswe kwa go jone – bogologolo jwa kgotso, tidimalo le nonofo ya molao. Ke bogologolo
jwa nako e neng dikgwa e neng e sa ntse e le dinaga tsa diphiri, bontle jwa Modimo, monate wa
nnete le tidimalo e e sa kgotlhelesegang. E rile batho ba aga setho gore e nne batho, yo ene ga
lebega a tsweletse ka bonaledi jwa gagwe. E ne e se phologolo, gongwe e ne e ka nna naledi. Ee,
ba ne ba lekile go e utswa ba mebuso e sele, mme melepo ya gagwe ya nna magala, a kgwa mosi,
botsididi ga mmogo le melodi ya dikopelo tsa gagwe. Fa ele gore o kile a nna phologolo, e ne e
le phologolo e e neng e itsi nako le bogosi jo bogolo. O tsaya kae selelo sa mohuta o ? O lelela
eng a le montle jaana? Bona jaaka a tshega, a phatshima! Badimo ba gagwe ke bo mang? A o a
ba itse wena monna ke wena wa ngaka? A e tlare bana ba gago ba go botsa ka ene o ba arabe o
sa hegelwe? Ware morenanyana ole o tlhagile lefaufau fa kae? A oa mo itse? Bona mebala ya
gagwe! A mme gone kwa nageng ele ya gagwe, bogosi jone o a bo tshaba? A o ka buisa ditau? A
o ka busa ditlou, baditshaba, dinare, mangau, mebutla le mewa e e maswe? A o ka kgalema?
Mme gongwe dikarabo di mo matlhong a gagwe le mo kgokgontshong ya monna yo:
Rrapelotshweu.

9
10
MOSIMANE, MONNA
O itsamaela fela, a iteletsa molotsa wa tse a di gopotseng. O ipotsa ko loapi le felelang teng. O
ipotsa fa a ne a na le legae le lengwe. Mo legaeng bana ke ba batho botlhe le ntsa go sa nna jalo
ka gore lefatshe le kgwathisitswe ka letlhoo le lefufa. Ngwana key o o bonweng ke batho fela,
jaaka bana ba bangwe. Ba ne ba tshameka mmogo, ba ja bogobe mmogo. A o kile wa mmona?
Fa motho a ne a kgonne go utlwa lentswe la gagwe le bokao jwa gagwe o ne a tshwanetswe ke
bokgoni jwa go mo itshwantshetsa, fa ele gore o bulegile matlho. Motho o ne a tshwanetse go
nna le segakolodi mabapi le lefelo le mosimane a neng a ka tswa a tlhagile kwa go lone. O ne a
tlhogile meno le marapo a dithaha, a kgokgontshiwa ke keletso e batho ba neng ba hutsitswe ka
yone ke tlholego, mme o ne a dira maiteko otlhe go somarela bonyenyane jo a neng a lemogile a
bo abetswe key one tlholego e le kagiso le go tenwa ke bolwetse jo bo neng bo bodisitse merafe
e a neng a amogana metsi le mmu le yone. O ne a tsholeletsa matlho le lentswe kwa kgakala le
kwa tengteng, a lemoga fa e le monna.

10
11
TSHEPO
A monna yo o ka bua mmaka? A o ka kgetla boikobo jwa rona mme a bo dirise go phunya
matlho a rone gore a dire bogodu? Ke mo kapa ditshwantsho ka matlho ame; ke tla romelela
Modimo dipotso ka ga ene gore nnete etswe. Mebala le monko ga mmogo le metsamao ya gagwe
e tla nkaela tsela ya monna yo le boteng jwa gagwe. A pelo e ka bua maaka? Le ame mafoko, ke
a itse, ga a kitla a tshepbiwa ke mongwe le mongwe, mme tsholofelo yam eke gore e tla re
morago ga nako, nako e mpuelele e supa gore erile ke ipuelela ka bua nnete yame ke sa iphitlhe
ka dipuo tse di kgakala le tlhamalalo ya boammaruri. O ka re moribo wa digongwana tsa tsela o
go ile tlhogong, nka go tshepha jang?
Lona banna go lebega le sale le itsile nnete ka ga nonyane ya Modimo. Le e lwantshetsang? Ba
ga rona b aka le tshepha jang le kile la dira maiteko a go utswela Modimo? A le ka utswa
dinaledi tsa loapi lona? A le ka utswa dikgadima le tidimalo le sa kgotlhele tlholego?
Bopelotshetlha jo bo le roromisang melomo ke boatla le go ikgotlhela ga diphiri di bona tau e ja
ditshwanelo tsa yone tse di nontshitsweng ke selemo le lesedi. Leba mo seiponeng se se mo
sefatlhegog sa pelo ya gago, a le ka tshephiwa le lwantsha le bone borraalona?

11
12
LEFATSHE
Ngwaga wa 1998, gole Sedimonthole, peo ya motho e ne ya runyetsa ka fat lase ga setlhare se
segolo. Setlhare se ne se tla ikaya ka matlhare a sone, se gole, se tshole bana, e re se swa mowa
wa sone e nne moribo wa tshimo ya tidimalo. Se tla ikaya ka tidimalo. “Leina la ngwana ke
mang?” mokwadisi wa matsalo wa puso ya Botswana o ne a tla botsa mosadi ka Sedimonthole sa
1999. Mmangwana, dipotso le dikarabo di phatshima mo matlhong a gagwe, o ne a tla fetola a
re: “Ke ene Lame, Lame Botsheloeng.” La gagwe e ne e le eng? Lesego? Lorato kgotsa leano? A
Lame o ne a tla itumelela lefatshe le a neng a tsholetswe mo go lone? A lefatshe leo le ne le tla
tlotla loratonyana le tidimalo ya ngwana?
O dule a re o ya go tshameka. O ne a tshameka kwa bojanyeng, a ithuta dikhukhwane,
ditlhatshana, mebitlwa, dithunya le go dikgologa ga lefatshe. O ne a tswa a ya go binela naledi ya
masa le dikokomane tse dingwe, ba opela, ba reetsa mainane, ba ithuta ka tsa bogologolo mme
ba lale mmogo gore kamoso ba kgaogane tlhogwana ya ntsi le ditlhapa.
O dule a setse mmaagwe morago, go iwa kwa ntlong ya sefapaano, kwa go neng go itewa
moropa wa letlalo la kgomo, go opelwa ebile go bulwa buka. O ne a bona basimanyana ba
bangwe – bana ba morafe, masika le meribo e e farologaneng ya lefatshe.
O dule a ya sekolong, a ya utlwa dikgang tsa lefatshe. O ne a ithuta dinomoro le go kgabisa
dipampiri, go betswa le go lwantshiwa, a angwa lefatshe.
Lefatshe le ne le dikaganyeditswe ke ditlhaba tsa borwa le botlhaba. Go ne go na le melapo,
dithothobolo.mothaba, mesu le lowapi le le botala jwa lowatle le ntswa lefatshe leo e ne e setse e
le sekaka. Ngwana o ne a reetse phefo ya motsana, e le lone lefatshe le a thaetsweng mo go lone,
le ntswa a ne a na le lefatshe la gagwe, mo pelong ya gagwe.

12
13
MONNA YO
Ka sethunya ke a se itse ebile ke se kaile thata mo metsamaong yame, ke eng ke sa bue ka
monareng? Bongwaneng, kitso e ne e ntse e le teng, mme go kaya go ne go emesitswe ke
pudologo ya matlho kgotsa go gola. Go supegile fa re ka se tshabele gope madi a a mo go rona,
le gore re diphologo ebile Genesis ya re re ne re na le dikonyana tse dingwe ko Eden. Gongwe re
ne re le dikonyana pele re ja direto, re itirela melao le maungo a masha a mehuta, re bolaana, re
tshola letshogo le bana ba ba kgakala le Modimo.
Rre ene o meditse tsela le naga marapo ame a ise a nonofe. O ne a itlhophela go nna monna wa
tsela, a tshaba ntwa le lorato le lengwe jaana. A monna yo o ne a tshaba lefifi kgotsa lesedi? Go
tlhogeng maoto a a neng a gata ka tlala, dipotso le go bulegeng ga matlho a a bonelang gaufi le
kgakala-kgakala, ke ne ka golega pelo yame go lwela bonna le bongwanake ba eleng morafe o
tlang, tshika e! Bogatlapa e ne e se jwame. Ke ne ikana, ka ema mo seraleng go bua ka monna
yo, ka mmitsa ka molodi. Lefatshe o ne a le itse, gongwe le lone le ne le mo itse. Ditlhare o di
godisitse, dipina o di binne, bana o ba tshotse. Melato ya gagwe e a sha, go dikeledi, madi,
bohatlha, boatla, botlhale le mebala ya gagwe. A dikeledi le melelo ya metsamao ya gagwe di
didimatswe ke bontle jo le pelo e ke e lemogileng mo go nna. Ke tlholego, lentswe! Ha e le gore
o rumulanye, ke tla romela boikobo, nnete le lorato. Ke tla re: “Ke bonye ntate, e bile nna banna
ke bina nare ya Kongo, sereto same ke lefatshe.”

13
14
BOGODU
Ga ke ise ke ipone ka letsatsi lepe ke tlhagela lesakana, ke batla mashi a loruo le ke iseng ke le
rue. Eseng gore ke tshaba makgotla a lefatshe le masole a ona, nnyaa! Ke tshaba nnete e e
kgabisitseng boteng jwa pelo yame. Fa ke ka ikgagolaka, ke sala tshenyo le bohatlha morago, le
tla atlholwa ke pelo yame. Letsatsi le ne le ka fifala, Modimo a lemoga gore ngwana wa gagwe
ga se ngwana wa gagwe, o rekisitse gouta e e mo pelong ya gagwe, a bina dipina tsa boaka le
bodipa jwa go gana kelelelo. Mme fa go tlhokega, ke nna bodipa jaaka pitse e e sa batleng
bokgoba jwa go rwala monna le dibe tsa gagwe, go mo isa toropong e engwe gore a ye go
tshwelediste maleo a gagwe. Motse wame ke a o itse ka gore ke wame. Motse o o ne wa ikaga,
wa boa, wa agiwa ka nnetele lesedi, go sena bogodu! Lesaka lame ke le aga ka matsogo ame le
ka pelo yame le bosetlha jwame. Ga ke legodu. Ga ke lelata, mm eke direla tsa gaetsho ke sena
sepe le melawana ya boferefere le mebala ya masaka a a farologanyeng a lefatshe le dinaka tsa
lone. Mo ga se selelo, ke molaetsa wa lokwalo le le kgabileng le pelo e tshweu. Pelo ya
mosimanyana ke e e lemogileng gore fa ne Modimo a le kgakala thata le bontle jwa gagwe, o ka
bo a se montle gotlhelele. Fa ne Modimo a le kgakala that le ene (ga mmogo le Badimo botlhe ba
nnete) nkabo e le legodu, a se kgosi. Nkabo a le mo kgolegelong e mo go yone go
kgokgontshiwang ba masaka a lefifi.
Fa ne ke sa itse maina ame le bontle jwa maru a masweu le a lefifi nkabo k eke nna mo
magageng, ke lwela maungo le dinoga, ke lgokgontshiwa ke digagabi le bojalwa jo bo botlhoko!
Mme jaanong ke ikanne ka boammaruri gore nna ga ke is eke nne dinalanyana. Lefufa ga ke le
itse, ke itse gone go le galefelela fela. Ke tswala mabati a tidimalo yame gore Modimo a seka a
tlhapadiwa. Ke ne ka rutwa ke pelo gore Modimo ga a tlhapadiwe, ga a utswiwe ka gore fa a ne
utswega Kgosi Leopold wa Belgium o ka ne a rekisitse ngwedi, a thubile Giza ko Egepeto, rwele
ditlhako tsa Modimo. Sesupo se teng sa gore dipeo kgotsa dijalo dingwe tsa leswe ga di kitla di
tlhoga gape ka gore mmu ke wa rona. Kgolegelo key a lona, dinonyane tsa go goelela ngwana
wa batho! Ken a le leokwane, eseng le le gopilweng ka bogodu. Ke a phatshima, ke naledi ya
maitseboa, ke opela ka molotsana o borethe. Ke molelo, ke tsididi ke tla swela kwa bosweung,
kwa setlhareng sa kagiso. Go ne go tla tshologa melodi ya phenyo, baratwa ke Modimo ba bua,
batlhalefi ba kwala gore go seka ga kwalololwa. Mafoko a makwalo ke a ka se tlholeng a
utswiwa. Ke melaetsa e e ka se phamolweng kgotsa go phimolwa mo tlahologanyong kgotsa mo
pelong ka gore Modimo ga a utswiwe. Nako e tla tswelela e supa gore ka boammaruri, magodu a
tla tswelela a sha menwana ya matsogo, a tshwerwe ke lenyora ka ba kgoberile metsi. Nna,
motho wa botengteng le godimodimo, ke tla nwa ame fela metsi, a ba sele a ka ntshenya letlalo
ka gore bogodu ga se jwa rona.

14
15
LEFEELO
Kante jaanong dilo tse tsone di tswa kae? Dipelo ke eng di letleletse bakgweetsi ba ditlhaloganyo
go di hupetsa ka leswe? A bana ba tla tswelela ba kgwathisetswa masula a tshika ya borraabone?
Bona difatlhego tsa bana! Ba a itsofalela; bohutsana jwa teng bo futsafatsa le bone ba ba iseng ba
tsholwe. Ntwanyana ya teng e baakanyetsa ban aba teng kutsafalo le bosetlha jo bo botlhoko,
Chibuku e ntsi le go lwela ting. Gatwe mang o bolaile mang ka segai? Gatwe mang o ne a tshuba
ntlo ya mang? Gatwe mang o jele dikgomo tsa boswa? Gatwe go lwelwa eng hale? Ke eng se se
roromisang mesiha ya morafe ole? Melomo e fisitswe ke dikgang tse di molelo, leswe!
Yole ene go lebega a rata go tswala kgoro ka megala le ditshipi. Sefatlhego sa gagwe ga se
tshege le ntswa a tshega ka pelo le mowa. Go tshegaga rona le lona ka pelo le makgwafo go ne
go kaya tidimalo ya dikakanyo, eseng gore re a le tshepha. Go supa lorato la rona ga go ree gore
ga re lemoge letlhoo la lona le lentsho la go tlhabelwa dikgomo tse dintsho, akere go raya gore
ke ngwao ya lona. Ke eng ba batla go pateletsa Modimo borukutlhi? Monna yole ene ke lefeelo;
o phatshimisa nnete, a re ene mo baneng ba gagwe ga a batle.

15
16
LORATO
Ke ne ke setse ke fela pelo. Go fela ga nako le go ikuela ga mmele e ne e le gone mo go fedisang
pelo ya monna. Go goa gone ke ne ke kile ka goa. Ke ne ke kile ka palama dithaba ke go aka
setshwantsho sa monyenyo o montle se sene g se ntshetse morago bosigo le motshegare jaaka
mowa o o maswe. Mowa wame o ne o le montle, ka jalo ka tlhaloganya gore le nna ke
tshwanetswe ke bontle jwa botsala. Go goa game e ne ele maiteko a go alola nonyane e e neng e
fofela kgakala ebong lorato. Ke ne ke re: “Modimo, nkabela diphufa ke sale dikeletso tsame
morago, ke fofe le Badimo ba bosweu jwa motse wa lorato.” Nnete e e neng e supa botlhokwa
jwa yone bogolo go nnete tse dingwe e ne e le ditshika tse di mo matsogong ame. Mmele wame
o ne o patilwe ke sefefo se se tsididi sa boiketlo le bothitho jwa monyenyo wame. Ke ne ka
lemoga fa tseo e le tsone bokao jwa lorato, ka bula pelo go amogela maungo a tshimo e ke neng
ke le mo go yone. Mo tshimong ya Modimo, ke ne ke itse gore ke tshwanetse go tsamaya ke
butse matlho le ditsebe ka gore lone lorato leo le ne le ka metsa tlhaloganyo le boiketlo jwa
monna jaaka bohatlha bo meditse dikgosi tsa bokone. Ke ne ka itse fa ke tshwanetse go ela
tlhoko maungo, go ikemisitsa go seka go ja le dinoga kgotsa go kwala diatelo tsa tsone ka gore
lesedi e ne e le mpho e tona ya lorato le kgotso. Ke ne ke ntse ke le labile lefatshe: banna ba ne
ba ntse ba setse morago go kgotsofatsa matute a mebele ya bone; basadi ba itse se ba se batlang.
Banna ba bangwe ba ne ba setse ba ithatela bangwe ba bong ba bone, le basadi fela jalo, ka gore
gongwe lorato le le isang ntlong ya boroko (lenyalo) e ne ele motse wa Badimo ka mebala ya one
e e farologanyeng. Ditsela tse dintsi tsa sesha le tsa segologolo di ne di raya gore gongwe
mongwe le mongwe o ka itlhophela tsela ya gagwe, Modimo a rebotse le a sa rebola. Lefatshe le
ne le setse le ipusa le sa iphitlhe ka monwana.
Gongwe tidimalo yame e ne e tloga e mpolaya. Tota tidimalo yane e ne e setse e kile ya rata go
nkgobodisa lefifi. Ka dipaka dingwe tidimalo eo e ne e na le bokgoni jwa go tshola mosumo
mme go nne modumo wa teng ga tlhaloganyo, boboko, pelo le bokagotlhe. Ke ne ke lebogela
gore ka nako ya pula, sekaka se nna sentle, ke ne ka belegelwa kagiso le bontle jwa letlalo le
maikutlo. Dingwaga di ne di setse di tlhapolotse mosepele, ngwaga e ne e sa tlhole e le wa 2016;
ke ne ke tlhogile ditedu, ke na le lentswe le le dumang jaaka la ga rre. Ke ne ke tshwenngwa ke
mmele wa setho le tlhaloganyo ya lefatshe, mowa one o iketlile ka lorato le kitso ya lorato le le
neng le file borremogolo bana ba bantsi ba bantsho, Africa a gole. Ke ne ka gopola motho
mongwe, ka itlama go mmulela pelo bosigo le motshegare, gongwe a nthura go tshela le go aga,
le go tshola bana – masole a kamoso; maungo. Go ipateletsa tse ke di batlang e ne e tla nna
maiteko a a rebotsweng ke melawana ya tlholego. Go ne go ntse go na le dintwa tse di lowing
kgatlhanong le tshiamo le lorato le ke solofelang gore ga le na go mpolaya jaaka le bolaile
bomalome, Lumumba le Keresete.

16

You might also like