You are on page 1of 7
ese Z = BOTSWANA EXAMINATIONS COUNCIL = Botswana General Certificate of Secondary Education SETSWANA 0562/03, Paper 3 Literature October/November 2018 2 hours 30 minutes ‘Additional Materials: Answer Paper READ THESE INSTRUCTIONS FIRST Write your Centre number, candidate number and name on each sheet of answer paper you use. Do not use staples, paper clips, highlighters, glue or correction fluid Section 4 Answer one question from this section. You are advised to spend 40 minutes on this section. Section 2 Answer one question from this section. You are advised to spend 1 hour 10 minutes on this section Section 3 Answer one question, You are advised to spend 40 minutes on this section. ‘Write your answers on the separate answer paper provided. At the end of the examination, fasten all of your work securely together using the string provided. ‘The number of marks is given in brackets [ ] at the end of each question or part question. This document consists of 7 printed pages and 1 blank page. BEC 2018 [Turn over Ela thhoko: (i) Pampiri e, ¢ na le dikarolo di le THARO. Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo karolong nngwe le nngwe. (ii) Araba ka Setswana se se lolameng. (iil) Simololeta kerabo nngwe le nngwe mo tsebeng e ntsha. (iv) Kwala palo ya potso e o e arabang fa gare ga tsela e seng kwa tshimologong ya yone. KAROLO YA NTLHA 0 gakololwa go tsaya metsotso e le masome a mane (40 min) mo karolong e. Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo karolong e. Karabo ya gago e nne mafoko aa fa gare ga 250 le 350. 4 L.D. Raditladi: Motswasele I ‘Sekaseka ditiragalo tsa motshameko 0, 0 bo o supa ka fa di gwetlhanang ka teng. (25) KGOTSA 2 M.P, Banabotihe: Letlapa /e le bolele ‘Sekaseka ditiro tsa ga Tihoriso mme o tIhalose gore a ditiro tsa gagwe di tsamaelana kgotsa ga di tsamaelane le paka ya motshameko. (25) KGOTSA 30. Matlapeng: Phuduhudu ga e tihatlhelwe O itebagantse le ditiragalo tsa botlhokwa tsa padi e, tihalosa kgwetlho, marara a a nnileng teng, setihoa, mafologelo le bokhutlo jwa ditiragalo, [25] KGOTSA 4 A.R.Letlole: Se monate se ingwaelwa Tihalosa thuto e mokwadi ae abelanang le babadi mo khutsweng ya "Modiri o a lebala’. [25] 3: KAROLO YA BOBEDI © gakololwa go tsaya oura le metsotso e le lesome [1 hr 10 min] mo karolong e. Bala palo e e latelang, 0 bo o araba potso e le NNGWE mo go tse mafoko a le 250 go ya go 350 mo karabong ya gago. fi boditsweng. Dirisa Thaelo 0 ne a segofadiwa ka sephonkga sa mosimane. Ga aa tsaya lobaka mo botsetseng, a bo a setse a sasanka ka ngwana. Mogatse one a sa tshwenyege. Ka segabone ka Seintia, go ne go sa re sepe. Le ene one a setse a simolotse go tamuka ngwana. Ngwana wa ga Thaelo le Guipa e bong Kotlhao 0 tlogile fela a goletse ganong. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo tsenya sekole sa bananyana sa sekgoa. E re ntswa a ne a le monnye thata, one a kgona go gana go ya sekoleng gore a felele a neetswe madi, a rapelwa. Fa gongwe e ne e re a paketswe dijo tsa sekole a di gasetse kwa, a batla tsa pelo ya gagwe. Mothusi wa mo lapeng e ne e re go diragala jalo a di olele ka botswerere. Fa a golola kwa tirong bana ba gagwe le ba baagisanyi ba tle ba ikolopile fa ba mmona, ba itse gore 0 pakile menate. KotIhao o godile a tsaya gore batsadi ba gagwe ke bone ba ba dirang madi. Ka marekisetso a bone a ne a boelwa thata, mo go bone madi e ne e le metsi fela e bile go lebega ba ne ba a tihokela tiro. Meletio e ne e sa kgale mo lelapeng loora-Guipa. Ka jalo e ne ya se ka ya nna kgang e e bokete go direla Kotlhao moletlogadi morago ga gore a bifele makgaolakgang a lokwalo Iwa bosupa. Mo moletiong ke fa mogoma a tsositse kgaruru a re o batla mpho ya koloi e batsadi ba neng ba e mo solofeditse. Mmaagwe ke fa a mo rapela jaaka tiwaelo, a mo neela madimadi a bo a mo solofetsa gore koloi e tla rekwa morago. Rraagwe ke fa a hupetse, fela a itshwara. Kotlhao o ne a tloga a bina thata, go itshupa fela gore se ka batiwa se ka bonwa. Morago ga moletlo 0, koloi ya ga Guipa ne e bonwa e kgarakgatshega Molepolole otthe, lofettho lo tshwerwe ke kgwaamasi. Mapodise a ne a mo tshwara kgapetsakgapetsa mme go sa fetole seemo Ba ba neng ba itse ba ne ba re o ne a ba neela pipamolomo. Kana mmaagwe 0 ne a mo tshelela madi. Batho ba Molepolole ba ne ba tshelela mo letshogong la go bolaelwa bana ke koloi e e neng € gaisa setsuatsue ka lobelo. Mesela e ne ya ya go simolola sekole. Thaelo le Guipa ba dumalana go isa ngwana kwa sekoleng se e seng sa puso sa Ditsuatsue kwa Gaborone ka se ne se tsamaelana le maemo a bone. Thaelo one a mo isa moso le moso, maitseboa a bo a ya go mo tsaya. Mokawa wa go gana go ya sekoleng fa a sa fiwa madi a se ka ao latina. Ngwaga morago ga go simolola sekole kwa Ditsuatsue, Kotlhao a simolola go ikisa sekoleng ka koloi, Rraagwe Thaelo a leka go bontsha Thaelo borai jwa go godisa Agwana jaaka ane a dira. A rata go jewa ke motho nko e sa butswa. Monnamogolo wa Modimo a itidimalela, a letela go bona kwa mmu wa sekara o tla welang teng. Guipa a tshikinya tihogo, a lebile mogatse mo go tseneletseng Kwa sekoleng go ne go se na motho yo 0 neng a sa itse Kotlhao. Ka jalo go ne go swabisa go bona Kgakologelo a sa mo tsenye dingalo fa a ipatia mo go ene. Kgarebe e, ene e ithaya e re ga e batle go intsha dijo ganong. Ba ne ba simolola go nna fela ba golagane. Dijo tsa sekole ba di sinalala, ba a ja kwa ntle ga sekole, kwa marekisetsong a dijo a a rileng. Kgakologelo a tIhanogela ditsala tsa nnete, ba mmonela fela mo sebobeng sa legwaragwara le go tweng Kotlhao. LabotIhano mongwe kwa sekoleng sa Ditsuatsue ke fa go leba yo 0 sebete. Bokgwaamagi ba tshotse diboba tsa borraabone, Kotlhao e le mongwe wa bone. A bonwa a olela ditsala tsa gagwe boThotloetso ka koloi, a sa lebala mmenyana Kgakologelo. Ya tswa ka matsobane ya leba gagabo Thotloetso yo batsadi ba gagwe ba neng ba eteise kwa Amerika. Fa bokhudutlou ba seyo bolobeto ba ipha naga. Ga lala go nowa majalwa, go gogwa le metsokwe. Tse dingwe di ka bolelwa go sekwa. 4 Kwa Molepolole batsadi ba leba tsela ba bo ba felela ba leletsa ba sepodise. Ka 0 nako ke fa Kotlhao le mokapelo ba neetswe phapose gore ba itheetse. Ba thantse ka le le latelang. Tihogo ya ga mogoma e ne e ganelela mo mosamong. Kgakologelo o ne a mo tlhodia a batla go isiwa lapeng. Kotlhao a rapedisa tihogo a ba a kgona go tsoga. A laelana le ditsala a bo a tswa le Kgakologelo a mo isa gales! 2 Fa a sena go latIha Kgakologelo a lemoga gore nngwe koloi e mo setse morago e bile € letsa senywerenywere gore a eme. Kotlhao a panyeletsa lehura, a tsaya tsela ya Mogoditshane a bo a nyamela. Mapodise a itlhoboga mme a leletsa ba Mogoditshane. 0 fitlhetse ba dirile sekganedi sa tsela, a itse gore ditshipi di mo leletse. Ba ne ba mo tihatlhela ba bo ba leletsa batsadi. Guipa le Thaelo ba ne ba tswala marekisetso ka diamaramara, ba wela tsela. Fa ba sena go goroga ke fa a bulelwa. Mmaagwe a mo tlamparela. Motho tlhe o ne a rata ngwana wa gagwe! Fa Thaelo a nnetse go keleka ngwana, a re 0 tihola dinta, monna ene ke fa a botsa ka molato wa ngwana. Ga batla go senyega fa Guipa a utlwa gore mosimane o ne a nole matute a morara. E rile a re 0. amo tiolela mapodise a mo tshwara. Thaelo a peperetia, a latola gore ene ngwana wa gagwe 0 ka se nwe bojalwa. Mapodise a leka go mo tihagisa ka ditlamorago tsa go ganelela ngwana, a gana go reetsa mmangwana, ae kakatlela ka fa bogaleng. Guipa a kopa mapodise go mo tIhokomologa a ba a duelela melato ya ngwana. Fa ba tsena kwa lapeng a laola gore Kotlhao a se ka a tihola a neelwa Koloi le madi ka gore ke letagwa. Thaelo a tihabeletsa selelo sa mahutsana Botshelo bo ne jwa imela Kotlhao. Bana ba sekole ba ne ba nna moriti ka Kotlhao le mokapelo wa gagwe. Kana jaanong Kgakologelo o ne a ganelela mo jesing ya selemo. Tiragalo e ya tihobaetsa mmaagwe Kgakologelo mme a ikatametsa morwadie. O kile a re 0 a lela, mmaagwe a mo iketlela go fitihela a a kgwa molalatihageng. Ka le le latelang kwa sekoleng Kgakologelo a itshela mmoko wa talane a re o diragatsa taolo ya ga mmaagwe gore a bolelele mong wa ditiro. Kotlhao 2 mo kgwela botlhoko, a re ga se ene rraagwe ngwana. Fa a sena go ikgotsofatsa a mo tlogela foo a lopaletse. Mmaagwe Kgakologelo 0 ne a bona go se tselapedi. A ya go ikuela kwa sekoleng. Mogokgo a bona go le maleba go biletsa batsadi ba mosimane kwa sekoleng. Ga ya mmaagwe fela, raagwe a tshwaregile. Fa a lebisiwa kgang Thaelo a tlala makgasa, a bolelela mogokgo gore a se ka a tiholela ngwana wa gagwe ka a sa itse sepe ka tihakanelo-dikobo. Fa mogokgo a sa ntse a akabaletse karabo eo, Thaelo a laola gore mogokgo a kwale lokwalo lo lo hudusang ngwana mo sekoleng ka a ne a re go mo pepeneneng gore mogokgo o fufegela ngwana wa gagwe. A tlatsa ka gore o na le madi a go isa ngwana wa gagwe kwa dikoleng tsa tihwatlhwa kwa Aferika Borwa. Ka bofefo mogokgo a obamela taelo ya motsadi. A se ke a lebala go tihalosa lebaka totatota le le hudusang Kotlhao mo Ditsuatsue ga mmogo le boitshwaro jwa gagwe jwa go nwa bojalwa le go goga motsokwe mo sekoleng. Fa a sa ntse a romile mokwaledi wa gagwe go bitsa Kotlhao a tihaba mmaagwe ka lokwalo. Diteng tsa lone tsa dira gore Thaelo a simolole go elela mofufutso. Fa Kotlhao a tsena mogokgo a kopa motsadi go tsaya ngwana ba bo ba mo tswela ka ofisi. Pele Thaelo a araba ga tihabeletsa Kotihao a re “sis! Lo ithaya lo re ke tlle go sotlegal Mama le Papa ba humile!” O ne a bua jalo a ntsha sekgwama se budulugile, a se petleka. Potso ya nna gore madi o a tsere kee. Guipa o utlwile ka podi-ya-tsela gore morwae ga a tihole a tsena sekole. E ne ya re a botsa mosadi ka sekole sa ngwana, a mo leba fela. Guipa a ya go ipoletsa kwa a fetileng a bolelelwa sengwe le sengwe. E rile a tsena kwa gae a leleka mosadi le ngwana a re ba ye go ithuta setho pele ba ka boela mo lapeng la gagwe. Letsatsi morago ga moo ke fa Kotlhao a tsentse mmaagwe letsatsi a batla madi. Fa mmaagwe a a latola a mo gasagasa boboko ka tihobolo. Guipa o ne a utiwisiwa botlhoko thata ke loso lwa ga mogatse, ka fa a ikotlhaela go leseletsa mosadi a senya ngwana. A bona botoka e le go ikgapela botshelo ka go nwa botihole. Kotlhao o ne a tsewa a ya go letela tsheko a le mo diatleng tsa mapodise. Motswedi: E tserwe mo pading ya ga Mogakolodi Boikanyo: Lo ojwa lo sa le metsi. [E fetotswe fale le fale) DIPOTSO 5 Tihalosa ka botlalo seabe sa ga Thaelo mo tsweledisong ya ditiragalo tsa palo e. [25] KGOTSA 6 Tihalosa maikutlo a mokwadi wa palo e mabapi le basadi ba ba sa godiseng bana sentle. [25] 6 KAROLO YA BORARO © gakololwa go tsaya metsotso e le masome a mane (40 min) mo karolong e. ‘Sekaseka leboko le le latelang ka kelotIhoko, 0 bo o araba potso e le nngwe go tswa mo go lone. O gakololwa go dirisa mafoko a a fa gare ga 200 le 300 mo karabong ya gago. BOLO! Boloi tsitsiri bo ka tihora boroko Ga di re thuse sepe dipipimpi Dilo di direlwang mo dikhutlwaneng Dilo di sa tsweleng pepeneneng Dilo di itsiweng ke ene mmampipi Ya re khupamarama a swa nayo Ruri bommampipi re fatela morago Jaaka marago re kwa morago Rona marubisi re pholetha le lefifi Maitapoloso a rona ke lefela la mafela Arona mae a nna a ga seanyane A ga seanyane a gatwa ke ditshimega Moloigadi ke fetileng go rena tsietso Boreaitse ba tshwaphogelwe ke kitso Marara a gane go rarabologa Se ba ganele ka letiere sego Morero 0 ganane le ditaola Tsa pala tsa boloi ditiro Selelo sa Batswana segolo thata selelo Ba itewa ka thupa e le legotlho Botlhoko bo fetogile bogatsu Ba tsene ka lenga la seloko baroka Dipula ga ba di nese baroka E le fa go gatang rona bo masenya-kagiso Ramasedi re lopa lesedi la botshelo Re lopa lesedi la botshelo teleka-lefifi Lefifing ga re bolo go nna dibatana Fa o rata o ka re bontsha fatihego sa gago Wena ka nosi o ka re bontsha tsela ya gago Wena o eletsa re ka rua mmuso wa gago Motswedl: Maboko A Setswana: B. D. Magoleng, S. F. Motlhake. [Le fetotswe fale le fale.) DIPOTSO 7 Tihalosa molaetsa wa leboko le. Nonotsha karabo ya gago ka dikinolo tse dilebaneng. [15] KGOTSA 8 Tihalosa ka botlalo maikutlo a mmoki wa leboko le a bokang a le mo go one. Nonotsha karabo ya gago ka dikinolo tse di lebaneng, 115}

You might also like