Letlhaodi le na le mefutafuta ya dikutu tsa letlhaodi
tseo di gokelwang mo maineng ka tiriso ya setlhopha sa makgokedi a lona, a a bidiwang magokatlhaodi. Makgokedi a a bopilwe ka lesupi le legokatlhaodi (bobedi ba tsona di kaya leina leo di le tlhalosang kgotsa tlhaolang)+ kutu ya letlhaodi.Dikai tsa dikutu tse dingwe tsa matlhaodi tse di botlhokwa ke: Dikao Palo: -ng(nngwe),-bedi(pedi),-raro(tharo),-ne (nne),-hlano (tlhano);.
Tlhaodi ke karolo ya puo e e dirisiwang go tlhaola selo mo go tse dingwe.
Go na le mefuta e metlhano ya ditlhaodi,e leng:Letlhaodi,Lesoboki,Lerui,Leamanyi le Lebadi. Letlhaodi le ka tlhaola ka: mmala Sekao:Yo montsho o betsa bana. Popego Sekao:E kima ga e lobelo. Palo Sekao:Dinku tse tharo di timetse. LETLHALOSI
Ke karolo ya puo ee dirisiwang go tlhalosa. Go na le
mefuta e le meraro ya letlhalosi a) letlhalosi la felo b) letlhalosi la mokgwa c) letlhalosi la nako LETLHALOSI LA FELO Le tlhalosa gore tiragalo e diragaletse kae. 1. Go na le mabelo a dipitse . 2. Dikotsi tsa ditsela di dintsi. LEEMEDI
Ke lefoko lele emelang kgotsa le le emisetsang leina
mo seeleng. Dikao
Dikao tsa maemedi Ene,bone,sone, tsone,gone,lone 1. Ba ne ba mmeletsa #sone 2. Dipudi tse ke tsa #bone 3. O tsamaile le #ene LEKOPANYI
Lefoko le le kopanyang sengwe,
kgotsa dilo tse pedi Dikai tsa makopanyi
Mme, ntswa, ntekwane, lemororo,ebile
1.Tshepho are oa tlhatswa #ntswa go sena metsi 2. O tshamekela mo serameng #mme o a lwala