You are on page 1of 12

TLHALOSA KA BOTLALO MOLAETSA WA MOTSHAMEKO WA

MOTSWASELE II
Molaetsa wa konokono wa Motswasele II ke gore ditiro tse di maswe di tsenya mong wa
tsone mo mathateng. Molaetsa o o senolwa ke motshameki mogolo ebong Motswasele.
Motswasele o ne a dira ditiro tse di maswe mo morafeng wa gagwe.Tiro ya ntlha e e bosula e
a e dirileng ke ya go ikgatholosa dikgakololo tse di molemo tsa ba bogosi a bo a ikanya tse di
bosula tsa malope a gagwe. Sejo o ne a gakolola Kgosi Motswasele go busa sentle ka
kutlwano le kagiso ka nako e a neng a re go bolawe boora Ramodi, o ne a mmontsha gore go
bolaya ga go a siama ke go ipiletsa mathata.Mme malope one(Molotlhanyi, Diratsagae le
Leapeetswe) ba ne ba mo raya ba re Kgosi e tshwanetse go tshabega, a buse ka tshaka a
bolaye masika. Motswasele a sala mafoko a a bosula a morago a gana go tsaya a a molemo a
ga Sejo; a laola gore ban aba ga Ramodi ba bolawe.Se ke tiro e e maswe ka Kgosi e
tshwanetse go busa ka kutlwano le kagiso, e bile e itse gore ntwa kgolo ke ya molomo
Motswasele o dira bosula gape fa a gapela batho dikgomo.Mo motshamekong, Moruakgomo
fa a bua le Molotlhanyi o bua gore Motswasele o jela batho leruo. Mo motshamekong gape
go supilwe fa a ne a romile barongwa go ya go gapa dikgomo tsa ga Mogatsa Moilwe.
Barongwa ba diragatsa thomo e mme ba ya go gapa dikgomo tsa ga mogatsa
Moilwe.Batlhanka ba ga Motswasele gape ba ne ba gapa dikgomo tsa boora Ramodi ka nako
ya tlhaselo.Mo ke tiro e e maswe; boemong jwa go rotloetsa batho ba gagwe go rua ke ene a
ba jelang leruonyana la bone!
Tiro e nngwe e e bosula e e dirilweng ke Motswasele ke ya go laola dipolao tsa batho ba se
na molato.Motswasele o laotse polao ya ga Mogatsa Moilwe, Moruakgomo le Maleke. Batho
ba botlhe ke batho ba ba botlhokwa mo bogosing, e bile ba ne ba se na melato e pe e ba e
dirileng.Kwa ga mogatsa Moilwe go ne go romilwe barongwa, taolo e le go gapa dikgomo le
go bolaya mma Moilwe fa a ka gana ka dikgomo. Ga diragala fela jalo ya re barongwa ba re
ba gapa dikgomo mogatsa Moilwe a re o a di thiba mme barongwa ba mmolaya. Barongwa
ba rongwa gape go bolaya Moruakgomo mme ba se ka ba diragatsa thomo e ba thanogela
Kgosi.Maleke ene o bolaelwa kamano ya gagwe le Moruakgomo le kgang ya go dira
lekoko.Ene o ne a romelelwa ntsa ya ga Diratsagae e e loilweng gore e mmolae.Go bolaya
batho mo ga go a siama ka Motswasele ke Kgosi ya morafe, tsholofelo ke go mmona a
sireletsa morafe mo babeng e eseng go nna mmaba wa batho.
Motswasele o tswelela ka bosula jo ja gagwe.O laola gore batho ba kgwathisiwe ba se na
molato.Motswasele o ne a laola gore Moruakgomo le Sejo ba kgwathisiwe, fela ka gore o ne
a bona ba se mo lekokong la gagwe e bile ba na le gone go mmontsha bosula jo a bo dirang;
jaaka nako ya fa ba mmolelela gore ga a tshwanela go bolaya batho nako ya polao ya boora
Ramodi.O ne a dumalana le malope a gagwe gore go bitswe phuthego kwa kgotleng malope a
buise Sejo le Moruakgomo jaaka ba batla gore e tle e re ba araba ba ba bone molato mme ba
ba kgwathise. Ga diragala fela jalo Moruakgomo a kgwatha mme Sejo ene a siya.Tiro e e
maswe e e dirilweng ke kgosi ka kgosi e tshwanetse go sireletsa morafe e seng go o
kgokgontsha.
Fa motshameko o ntse o tsweletse re bona Motswasele a dira bosula fa a dirisa maemo a
gagwe a bogosi bosula(abuse of power) a itse gore ga go na ope yo o ka mo ganetsang.O
dirisa barongwa ditiro tse di bosula, tsa go bolaya batho; jaaka ba ne ba romilwe kwa ga
mogatsa Moilwe; o ba roma jaana a itse gore ga ba ka ke ba gana.Tota tiro ya barongwa ke go
rongwa ka Kgosi dilo tse di agang morafe tse di molemo, ene o gataka maemo a a itse ba tla
diragatsa fela go se na dipotso dipe ka kgosi e sa ganediwe.Ke tiro e e maswe go dirwa ke
motho a le mo maemong a matona jaana.
Tiro e nngwe e e bosula e e dirilweng ke Motswasele ke ya go sa reetsa dingongorego tsa
morafe. Kwa letsholong pele ga ntwa,lekoko la ga Moruakgomo le ne le romile Segokotlo go
ya go kopa kagiso le go isa dingongorego tsa bone, gore ba batla kgosi e ba neela ditshwanelo
tsa bone.Mme Motswasele a gana go ba reetsa a re ba tla kopana kwa ntweng.Se ke tiro e e
maswe ka tota Kgosi e tshwanetse go tlhopha kagiso go na le ntwa(tshololo ya madi).

Ditiro tse tsotlhe tsa ga Motswasele tse di bosula di ne tsa mo tsenya mo mathateng.
Re bona Motswasele a tsena mo mathateng fa barongwa ba mo thanogela. Yo motona o mo
thanogetse ka nako ya fa ba romilwe go gapa dikgomo tsa ga Mogatsa Moilwe; o ne a ya kwa
lekokong la bo Moruakgomo.Ba bangwe ba thanogetse Kgosi fa a ba roma go bolaya
Moruakgomo. Ba ne ba se ka ba diragatsa thomo e mme ba ya kwa lekokong la
boMoruakgomo e bile ba bolela fa ba tla dira sepe se se tlhokafalang.Mo ke mathata ka
jaanong o thanogelwa ke one mabogo a a ntseng a mo direla tsotlhe.Jaanong ga a na yo a mo
romang masula a gagwe otlhe a.
Mathata a mangwe a re mmonang a le mo go one ke a go tlhoiwa/tlhobogiwa ke
morafe.Morafe wa gagwe o a mo tlhoboga ka jaanong ba bona a sa ba tshedise sentle.
Bangongoregi ba ba dira lekoko la go lwela kgololesego. Bangwe ba batho ba ke Maleke,
Moruakgomo, Sejo, Senese ,Segokotlo le bone barongwa tota.Mo ke mathata ka jaanong
Motswasele o latlhegelwa ke batho ba ba botlhokwa ba a ka bong a ba dirisa mo bogosing. O
nna ka letshogo ka a itse fa lekoko le le ka nna la mo thankgola mo pusong.Ga go felele foo,
re bona le motshepiwa wa gagwe yo motona e bong Molotlhanyi a mo phuaganya a ya kwa
lekokong la ga Moruakgomo e bile a bua bo gore Motswasele a itwele ka ke ene a tlisitseng
ntwa!O fitlha a ntsha diphiri tsa ntwa tsa ga Motswasele.Tota mo ke mathata, go tlhobogwa
ke morafe! Seriti le sone se a tsamaya.Akanya fela eseng mang e bong Sebolai a re
Motswasele ke sematla sa bofelo. Se tota se supa gore seriti ga se yo gotlhelele.
Mathata a ga Motswasele a gana go fela ka kwa ntweng re bona mephato ya gagwe yotlhe e
fenngwa ke ya ga Moruakgomo.Diratsagae le Leapeetswe ba bolailwe kwa ntweng, mephato
ya bone e ganyaotswe. Go ne ga nna bonolo go fenya Motswasele ka batho ba gagwe ba ba
neng ba ikanne go mo sireletsa ba sule, yo mongwe o siile.Ke mathata ka jaanong ga go na
ope yo o tla mo sireletsang, o tshwanelwa ke go lebagana le Moruakgomo a le nosi.
Kwa bofelong re bona Motswasele a otlhaiwa ka loso. O felelwa ke botshelo, puso ya gagwe
e a fela. O swetse gone kwa ntweng e a e biditseng, a tlhabiwa ke Moruakgomo ka
lerumo.Mo ke mathata ka jaanong botshelo ja gagwe bo fedile le bogosi jo a ntseng a re o a
bo ngaparela bo mo dule diatleng.
Dintha tse tsotlhe dia supa gore ke nnete ditiro tse di maswe di tsenya mong wa tsone mo
mathateng.

A MOKWADI O KGONNE GO SUPA PHETOGO YA BOTHO JWA GA


MOTSWASELE?

Mo motshamekong wa Motswasele 11, mokwadi ga a kgona go supa phetogo ya botho jwa


ga Motswasele. Mokwadi o re file motshameki a sena kwelotlase le kgolo mme a na le
itharabologelo hela. Motshameki o tlhagisitswe a sena botho jo bo siameng/ bo le
makgaphila/ jo bo sa eletsegeng/ jo bo sa amogelesegeng go tswa fela kwa tshimologong
mme a bo a dira gore a itharabologelwe.
Re simolola re bona mokwadi a re fa motshameki a na le botho jo bo sa eletsegeng ka a mo
dira gore a nne setlhogo. O setlhogo ka jaana a ile a laola gore mogatsa Moilwe a bolawe fa a
ka gana ka dikgomo tsa gagwe. Ga nna fela jalo mogatsa Moilwe a bolawa ka jaana a ne a
gana ka dikgomo.Re tswelela re bona bosetlhogo jo gape fa a laola gore bana ba ga Ramodi
ba bolawe ntswa go sena molato ope o ba o dirileng. Bana ba ga Ramodi ba tlhaselwa fela
mme ba seka ba bolawa.
Mokwadi o tswelela ka go mo fa botho jo bo makgaphila fa a mo dira gore a nne lenyatso. O
lenyatso ka jaana o ne a dumela fa ele ene fela yo o itseng go busa. O ne a nyatsa
borangwaneago le bagakolodi ba bogosi a ikanya go reetsa batlhanka. Lenyatso la gagwe le
tswelela fa re mmona a batla go kgwathisa Sejo le Moruakgomo. O ne a nyatsa bana ba ga
Ramodi a re ba bolawe, ka ba nyatsa puso ya gagwe mme e se nnete a ba iphetlhela fela.
Botho jwa ga Motswasele jo bo sa amogelesegeng re bo bona gape fa mokwadi a mo dira
sematla. O sematla ka jaana o ne a reetsa dikgakololo tse eseng tsa boammaaruri tsa batho
fela ba ba sa itseng sepe ka bogosi /batlhanka ebong bo Leapeetswe, Diratsagae le
Molotlhanyi fa ba mo gakolola gore a rukutlhe bo rangwanaagwe, abo a tlhokotse lenaka la
bogosi etc. Bomatla jwa gagwe bo bonala gape fa a dira batho fela ba ba sa itseng ntwa
baeteledipele ba mephato ya gagwe. Re bone a tlhoma Diratsagae, Molotlhanyi le
Leapeetswe baeteledipele ba mephato ya gagwe mme ba sa itse ntwa/ boeteledipele.
Re bona gape mokwadi a mo dira gore a nne tlhogoethata, o mo dira sengangatlela fa a dira
gorea ipolelele fa a itse bogosi abo a gana dikgakololo. Mo motshamekong Sejo o ne a mo
kopa gore a seka a bolaya batho mme ene a ithiba ditsebe a tswelela hela abo a kopa mowa o
o bosula gore o mo tsene, madi a gagwe a reme amo thibe go bona tshiamo. Botlhogoethata
bo tswelela gape fa re mmona a pateletsa barongwa go bolaya Moruakgomo ntswa go sena
lebaka lepe ele hela gore o itshoga gore Moruakgomo o ratiwa ke morafe go nale ene.
Mokwadi o mo tlhokisa ponelopele fa a dira gore a bitse ntwa e a felelang a sa bona bofelelo
jwa yone.Motswasele o bitsa ntwa e e felelang e mmolaile mmogo le batlhabani ba gagwe. O
biditse ntwa e e neng e sa tlhokafale fa gare ga gagwe le Moruakgomo. O ganne go reetsa
dingongorego tsa bone a re o tlaa di utlwa kwa tlhabanong. Tlhabano e a sa e bonang e felela.
O tlhokile go bonela dilo kwa pele jaaka a ne a dira Molotlhanyi moeteledipele wa mephato
mme mang le mang a itse fa Molotlhanyi ele legatlapa, o feletse a tshabela ntwa kwa
mophatong wa ga Moruakgomo abo a felela a mmitsa motlotlegi.
Motswasele o filwe botho jo bo sa eletsegeng ka a dirwa legodu. Mokwadi o mo dirile
legodu ka a dira gore a utswele batho ba morafe wa gagwe. Mo motshamekong re bone a
utswela mogatsa Moilwe dikgomogo sena molato ope o a o dirileng. Bogodu jwa gagwe bo
tswelela fa a tseela bana ba ga Ramodi leruo ba sa mo senyetsa sepe.
Kwa bofelong re bona Motswasele a itharabologelwa fa a le kwa ntweng a rakana le
Moruakgomo. Moruakgomo o mo phunya lebete ka lerumo a bo a re ijoo somola ke a rapela,
ke baa ke gopola mafoko a ga Sejo a Monametsi. Ke gone fa re bonang itharabologelo teng.
Mokwadi ga a mo fa sebaka sa kgolo, o ile a mo kgaupetsa ka loso. Mokwadi ga mo fa
kwelotlase ka a re mo neetse fela ka botho jo bo sa kgatlheng.

SUPA PAKA LE LEFELO TSA MOTSHAMEKO O. A DITIRO TSA


BATSHAMEKI DI TSAMAELANA LE PAKA LE LEFELO TSE BA
BEILWENG MO GO TSONE?

Ditiragalo tsa motshameko o di diragala mo pakeng ya segologolo mo Motseng wa Setswana.


Ditiro tsa batshameki di tsamaelana le paka le lefelo tse ba beilweng mo go tsone.
Mo pakeng ya segologolo e bile e le mo motseng wa Setswana, bogosi bone bo tsalelwa. Ga
go makatse go bona Motswasele e nna Kgosi ya Bakwena morago ga leso la ga rraagwe
Legwale. Ga go makatse gape fa Moruakgomo a gana go amoga Motswasele bogosi a
tlhalosa fa bo mo lebagane. Fa baanelwa ba ba dira jaana, go maleba ka gp nyalana le paka ya
segologolo le motse wa Setswana.
E ntse e le mo pakeng ya segologolo mo Motseng wa Setswana, Kgosi e ne e sa ganediwe, se
Kgosi e laolang gore se dirwe se ne se dirwa le fa se ka tswa se le bokete jang. Yo o
ganetsang Kgosi o ne a atlholwa. Ga go gakgamatse go bona Kgosi Motswasele a tshameka
ka maikutlo a basadi a re o a ba nyala mme e re fa a sa tlhole a ba batla, a ba kobe a re ke
diaka le baloi. Go ne go sena yo o ka mo ganetsanang ka gore gatwe le Kgosi e aka go a twe
esee Morena, mo godimo ga moo, yo o ganetsang Kgosi o ne a atlholwa. Fa Kgosi
Motswasele a dira jaana, go nyalana le paka ya segologolo le motse wa Setswana.

Mo pakeng ya segologolo e bile e le mo Motseng wa Setswana, go ne go dumelwa thata mo


bongakeng jwa setso go fenya mathata. Ga go thona go bona Kgosi Motswasele a dirisa
ditlhare tsa setso go rarabolola mathata a gagwe. O ne a bona fa Maleke a sa mo ema sentle
ka a ne a sa rate ka fa a busang ka teng e bile a phutha mephato go mo lwantsha, ka jalo a
roma Diratsagae go ya go bolaya Maleke ka ntsa ya gagwe e khunou e e neng e dirilwe ka
ditlhare tsa setso gore e mmolaye. Fa kgosi Motswasele a dira jaana, go nyanalana le motse
wa Setswana le paka ya segologolo.
Gape mo pakeng ya segologolo e bile motse e le wa Setswana, fa dilo dingwe tse di sa
tlwaelesegang di diragala, go dumelwa fa di supa botlhodi, ke gore di kaya fa go tla nna le
kutlo botlhoko ya tshoganyetso. Ga go gakgamatse go bona Senese a tshositswe ke gore
dinku di letse di lelela dikonyana bosigo jotlhe, ditlhare di tsebeetsega le lerubisi le lela mme
a bo a supa fa ditiragalo tse di supa botlhodi. Go ne ga nna fela jalo ka tiragalo e e botlhoko e
ne ya diragala ka Kgosi Motswasele a ne a laetse gore bana boo Ramodi ba bolawe ka basa sa
rate gogosi jwa gagwe jo bo patikang. Ka lesego, ba falola leso mme ba betswa fela thata,
batshubelwa matlo ba bo ba kobiwa mo motseng. Fa Senese a dira jaana, go nyalana le paka
ya segologolo le motse wa Setswana.
E ntse e le mo pakeng ya segologolo mo Motseng wa Setswana, botshelo bo ne bo ikaegile ka
leruo. Ga go thona go bona Mogatsa Moilwe a gana dikgomo tsa gagwe di gapiwa ka e le
tsone tse a itshetsang ka tsone a ba a supa fa a tla a swela mo go tsone. Ga re gakgamale gape
fa Moruakgomo a le kgatlhanong le go gapiwa ga dikgomo tsa ga Mogatsa Moilwe ka a ne a
ipotsa gore fa a gapelwa jaana o ya go tshela jang.

TSALANO YA MOTSWASELE
Molotlhanyi o simolola ka go lotlhanya Motswasele le Moruakgomo.O raya Moruakgomo a
re bogosi bo a mo tshwanela morago o raya Motswasele a re Moruakgomo o batla go mo
tseela bogosi. Dikgang tse di dira gore Motswasele a tlale tshakgalo, bogolo thata o sakgalela
ba ntlo ya bogosi mo e reng le Sejo a re o a mo gakolola a bo a sa reetse.
Tshakgalo e e tsala tlhaselo ya ban aba ga Ramodi le Mogatsa Moilwe. Motswasele o ne a
roma malope(Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe) go ya go bolaya ban aba ga Ramodi; ba
fetile ba ab keteka, ba ba tshubela matlo b abo b aba leleka mo Motseng. Mogatsa Moilwe
ene o bolailwe a bolaelwa dikgomo tsa gagwe.Motswasele o ne a romile barongwa go ya go
gapa dikgomo mme a ba laela go mmolaya fa a gana ka tsone. Ga diragala fela jalo.
Go tlhasela mo go baka gore morafe o ngongorege bogolo jang ba bogosi jaaka Maleke le
Moruakgomo. Ba ngongoregela kgokgontsho e e dirwang ke Kgosi. Moruakgomo o ne a bua
le bo Segokotlo le Senese ba bua ka kgokgontsho e morago ga tlhaselo ya ban aba ga Ramodi
le polao ya ga Mogatsa Moilwe.
Go ngongorega mo ka ba bogosi go tsala gore Maleke a simolole mephato ya balwela
kgololesego a bo a kopa Moruakgomo ge etelela go golola Bakwena mo pusong ya bokgoba
e, selo se Motswasele a felelang a itse ka sone.
Kitso ya ga Motswasele ya gore Maleke o kgathanong le puso ya gagwe e baka gore a
tswelela ka go tshwenya morafe. O bitsa phuthego kwa a laolang gore Sejo le Moruakgomo
ba otlhaiwe ka go kgwathisiwa.Ba kgwatha fela ba se na molato o ba o dirilenge e le maipato
fela a ga Motswaselele malope a gagwe. Sejo o ne a iphalotsa ka go sia fa Moruakgomo a
beditswe dithupa di le dintsi.
Go kgwatha mo a se na molato go utlwisa Moruakgomo go utlwisa Moruakgomo botlhoko
thata mo a felelang a dumalana le Maleke go etelela mephato jaaka Maleke a ne mo kopile.
Motswasele o felela itse ka tumalano/kamano e.
Go itse ka kamano/tumalano e go baka polao ya ga Maleke. Motswasele o ne a tshoga thata a
akanya gore kamano e ga e eme puso ya gagwe ka fa mosing mme a roma Diratsagae go ya
go bolaya Maleke ka ntsa ya gagwe e khunou e berekilwe ka ditlhare tsa setso ke ngaka ya
gagwe ene Motswasele.
Loso lwa ga Malekele baka gore mephato ya kgololesego e bolotse ntwa kgathanong le ya ga
Motswasele. Kwa letsholong go rongwa Segokotlo gore a ye go kopa kagiso e seng jalo ba a
tlhasela. Motswasele a se ka a reetsa mme ntwa ya lara.
Ntwa e e baka loso lwa ga Motswasele. Motswasale o swa jaana ka mephato ya ga
Moruakgomo e e ne ya fenya ya ga Motswasele yotlhe mme ga nna motlhofo go fenya
Motswasele. Moruakgomo o ne a mmolaya ka segai kwa ntweng.

Mokwadi o ikutlwa jang ka baeteledipele ba ba kgokgontshang /


ba ba gatakang ditshwanelo tsa setho?
Mokwadi o kgala / ga a bee sebete baeteledipele ba ba kgokgontshang jaaka Motswasele.
O dirisitse tsela ya teo ya leina, botho, puo ya batshameki ba bangwe, kobiso le maduo a
kotlhao go supa fa a kgala.
Mokwadi o dirisitse teo ya leina. O file Motswasele leina le le maswe le le kgalang, le le
fang bokao jwa motho yo o tswang go sele ka jalo a sa tshwane le batho ba bangwe ba a
tshelang le bone ka ntlha ya go tswa go sele moo ga gagwe.Le raya learogi, mo go rayang
gore leina leo le ya mareelelong. Kgosi Motswasele o farologana thata le ba masika a gagwe
a segosi ba tshwana le Sejo , Moruakgomo, Maleke le ba bangwe. Batho ba ke ba ba ratelang
morafe wa Bakwena botsogo le thitibalo fa Motswasele ene a sa sisimoge e bile a sa tlotle
morafe o, a o busa ka tshaka a o kgokgontsha. Fela fa re simolola motshameko re kopana le
Moruakgomo a tlhalosa fa morafe wa Bakwena o ngongoregela puso ya ga Motswasele ba
re ke modipa yo o tlhokang yo o ka mo phunyang dimpa ka lerumo, e le gore go buiwa fa a
tseela batho dikgomo le basadi mme a sa ganediwe. BoSejo, Moruakgomo , Maleke le ba
bangwe ka fa letlhakoreng le lengwe ba ne ba tshela ba ngongoregela le go swabisiwa ke
masula a a neng a diragala jaaka Sejo le Moruakgomo ba ne ba ngongoregela thata tse go
neng ikaelelwa go dirwa bana ba ga Ramodi.
Mokwadi o tswelela a dirisa tsela ya botho go kgala mokgwa wa bokgokgontshi jwa
baeteledipele .O dira gore Motswasele a nne setlhogo. Bosetlhogo jo bo supega fa a bolaya
batho ba ba seng molato ka gope. O ne a laola polao ya ga Mogatsa Moilwe morago a laola
ya ga Maleke. Go ntse go le foo, Motswasele o ne a laola gore Moruakgomo a kgwatlhisiwe
le ntswa a ne a sena molato o a o dirileng. Bosetlhogo jo bo itshupa gape ka fa Diratsagae a
dirileng bana ba ga Ramodi ka teng ; a ba fiseditse matlo , a ba ruthile ka meotwana a bo a
nna a ba koba mo motseng mme tse tsotlhe di sa kgotsofatse Motswasele , ene a le mo go
reng ba ka bo ba bolailwe. Fa godimo ga bosetlhogo , mokwadi o supa Motswasele a le
tlhogoethata. Botlhogoethata jo jwa gagwe bo bonala mo go ganeng dikgakololo ga gagwe.
O ne a ganana le mogopolo wa go tsenelelela dipuisano tsa kagiso pele ga ntwa tse di neng di
eteletswe ke Segokotlo pele. O ne gape a ganana le kgakololo ya ga Sejo ya gore a sekaseke
mogopolo wa go ya go bolaya bana ba ga Ramodi mme a o tsweledisa fela. Motswasele gape
o ne a le sematla. Bomatla jo jwa gagwe bo bonala fa a itikaganyetsa ka bagakolodi ba ba
maswe ba ba mo gakololang go dira bosula mo morafeng jaaka Molotlhanyi mme a ila
lebaibai batho ba ba mo gakololang go dira tshiamo jaaka Sejo le Moruakgomo , a sa lemoge
fa go dira jalo go tlaa mo digela ka lemena.
Mokwadi o tswelela a dirisa tsela ya puo ya batshameki ba bangwe go kgala
bokgokgontshi. Batshameki ba ba farologaneng ba mo dirisetsa mafoko a akgalang fa ba
bua ka ene le ditiro tsa gagwe tse di maswe. Bangwe mo go bone ba a mo tlhobosa jaaka
Senese yo o belaelang gore Motswasele o ka tswa a se na segakolodi , a lebeletse ka fa a
dirang dilo tse di mpe ka teng.Mogatsa Moilwe ene o mo tlhalosa e le kgosi e e sefatlha thata,
ka a eletsa sengwe le sengwe e le sa gagwe. Morongwa 2 a re Motswasele o itirile
segagapa,o thibelela batho ditsela. Sebolai le ene jaaka ba bangwe o tlhobosa Motswasele ka
a mmitsa sematla sa nnete.
Tsela e nngwe e mokwadi a e dirisitseng go supa fa a kgala baeteledipele ba ba
kgokgontshang ke ya kobiso . Mokwadi o dira gore Motswasele yole yo o neng a ikgantsha
a bua fa mmu le ditlhare gammogo le batho e le tsa gagwe a ipone e se sepe pele ga a
lebagana le Moruakgomo kwa ntweng. O ikobela lefatshe le mo e bileng a bona fa a ka
falotswa mo pogisegong ya mowa e a leng mo go yone ke loso le phupu. Kobiso e e bonala
gape mo go reng Motswasele yole yo o neng a bifela Sejo fela thata fa a leka go mo tsibosa
ka bodiphatsa jwa go tlhasela bana ba ga Ramodi e nne ene gape e reng fa a utlwa
botlhokotlhoko jwa lerumo le le mmolaileng a bo a gopola mafoko a a botlhokwatlhokwa ao
a ga Sejo.
Kwa bofelong mokwadi o kgala kgokgontsho ya baeteledipele ka go dirisa tsela ya maduo a
kotlhao. O otlhaya Motswasele ka ditsela tse di farologanyeng. Re bona mokwadi a dira gore
Motswasele a thanogelwe ke barongwa botlhe ba gagwe ba bararo ba tlhobogile bomolemo
mo go ene ba bo ba ya go nna batho ba ga Moruakgomo yo e leng moganetsi wa ga
Motswasele. Ga ba felele foo, ba swabisa Motswasele mo maikaelelong a gagwe a go bolaya
Moruakgomo ka ba mmolelela ka maikaelelo a a Kgosi. O tswelela a dira gore le Molotlhanyi
tota yo e neng e le bobaatlhogo jwa ga Motswasele a mo thanogele ; mme le ene fela jaaka
barongwa bale , a fetoge molatedi wa ga Moruakgomo. Mokwadi o tsweledisa dikotlhao tsa
gagwe mo go Motswasele fa a dira gore bontsintsi jwa batho ba gagwe ka tlhotlheletso ya ga
Maleke bai pope mephato ya ntwa mme ba lwele go folosa Motswasele mo setilong sa bogosi
mo go neng ga diragala. Kotlhao ya bofelofelo go ralatswa Motswasele ke mokwadi ke ya go
swa ga gagwe fa a bolawa kwa ntweng ke Moruakgomo morago ga gore mephatophato ele e
itire mophato o mongwefela o mogolo mme one mophato oo o lebagane le wa ga
Motswasele.

MAIKUTLO A MOKWADI KE AFE KA BATHO BA BA RAELANG /BA BA SENANG


BOAMMARURI
Mokwadi o kgala batho ba ba tshwanang le Molotlhanyi/ ba ba raelang ba se na
boammaruri.Mokwadi o dirissitse ditsela tsa teo leina,botho,puo ya baanelwa ba
bangwe,kobiso le kotlhao.
Mokwadi o dirisitse tsela ya teo leina go supa fa a kgala batho b aba raelang.Mokwadi o file
Molotlhanyi leina le le maswe/ la tshotlo/motho yo o tsenang batho ka bogare a senya
kagiso.leina le ile mareelelong ka gore Molotlhanyi o ne a losa Kgosi le morafe abaka
kgotlhang fa gare ga bone.O aroganya morafe segolo jang ba ntlo ya segosi le Kgosi
Motswasele ka maaka le ditshebo,jaaka a ne a raya Moruakgomo a re bogosi bo mo
tshwanetse mme go tswa foo a bo a ya go raya Kgosi Motswasele a re Moruakgomo o batla
go mo tseela mo tseela bogosi,selo se se shakgatsang Motswasele.Molotlhanyi ke ene a
dirileng gore Motswasele a laole polao ya bana ba ga Ramodi ka gore ene Molotlhanyi o ne a
re ba o a monyatsa ka bare o a ba patika.

Mokwadi dirisitse tsela ya tshenolo ya botho go senola maikutlo a go kgala.Mokwadi o fa


Molotlhanyi botho jo bo maswe,jo bo makgaphila O mo supa a le maaka.Maaka a,a supafala
fa a bolelela Maleke le Segokotlo ka ntwa ya Sefikile a re o ne a bolaya motho mme go sa
nna jalo,motho a bolailwe ke Thulari,e bile gotwe o ne a itshega mo mpeng go re go tle gotwe
o tlhabilwe mme go itlhabile ene .Mokwadi gape o mo supa a le leferefere.Boferefere jo bo
supagala fa a tshabela Motswasele fa a bona gore ntwa e a simologa a se na go solofetsa ene
le ditsala tsa gagwe fa bat la tlhabanna Motswasele a bo a ya ntlha ya ga Moruakgomo.
Mokwadi o tswelela a kgala batho b a ba raelang jaaka Molotlhanyi ka go dirisa tsela ya puo
ka baanelwa ba bangwe. Baanelwa ba fa ba bua ka Molotlhanyi ba a mo tlhobosa, ba mo
sotla fa ba bangwe ba mo hutsa. Sejo o hutsa go tsalwa ga ga Molotlhanyi nako ya fa ba
biditswe gotwe ba tlhakatlhakanya motse. Moruakgomo le sejo ba ne bam o sotla nako ya fa
a tshabetse mephato ya ga Motswasele, Moruakgomo o mmitsa senokwane fa sejo ene a
mmitsa sebatana.Segokotlo ene o ne a mmitsa ntsa o ne a bogola,fa Senese ene a mo tlhobosa
ka go mo supa a fa a sena nnete,ka “aparaletse molapo jaaka mokalobe,wa ga ga bo ke yo o
tla remang pele”
Mokwadi o tswelela a kgala ka go dirisa tsela ya kobiso.O dirisa kobiso go ikgatlha ka
Molotlhanyi.O dira gore Molotlhanyi yole yo o neng go utlwiwa ka ene nako ya fa go
kgwathiswa Moruakgomo, a ye ko tlase/a ikokobetsa thata fa a tla go ikopela go nna wa
lekoko la ga Moruakgomo mo a neng a ineela go bofelelwa mo setlhareng.
Mokwadi o tswelela a kgala ka go dirisa tsela ya maduo.O mo file maduo a
kotlhao.Mokwadi o mo otlhaya ka go dira gore bo Moruakgomo ba mo dire setshwarwa nako
e a ne a tshabetse Motswasele ka nako ya ntwa ya morafe.

TLHALOSA SEABE SA GA MOTSWASELE MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO/ KA FA MOTSWASELE

A ROTLOEDITSENG DITIRAGALO KA TENG

Motswasele o na le seabe mo go tlhanogelweng ke barongwa ba gagwe ka jaana o ne a laola


gore batho ba bolawe. O ne a roma barongwa go ya go gapela Mogatsa Moilwe dikgomo
mme fa a gana ka tsone a bolawe mme Morongwa 1 o ne a se ka a diragatsa thomo ya ga
Kgosi ka a ne a bona e sa siama. O ne a tlhanogela Motswasele mme a tsena mo letlhakoreng
la ga Moruakgomo. Morongwa wa bobedi le wa boraro le bone ba tlhanogela Kgosi
Motswasele morago ga gore a fe taolo ya go bolaya Moruakgomo. Ba ne ba supa fa ba
lapisitswe ke go dirisiwa go bolaya batho ba se na molato,ba bua gore fa ngwedi e ka nnela
go metsa dinaledi lefatshe le ka sala le le lefifi le legolo.Ba ne ba se ka ba diragatsa thomo e
ya ga Kgosi mme ba tsena mo letlhakoreng la ga Moruakgomo. Ka jalo go bo barongwa ba
tlhanogetse Motswasele ke ka ntlha ya gagwe.
Dintsho tsa bangwe ba lesika la bogosi re di pega mo magetleng a ga .O bakile se ka jaana ke
ene a neng a ntsha taolo ya gore ba bolawe. O ne a roma barongwa go ya go gapa dikgomo
tsa ga Mogatsa Moilwe mme fa a gana ka tsone ba mmolae.Go ne ga nna ga nna
jalo,Morongwa 2 le 3 ba felela ba bolaile Mogatsa Moilwe. O ne gape a dumalana le Ngaka
gore Maleke a bolawe ka a ne a tshogela gore o tla ruta boMoruakgomo matlhale a tsabano.
O dumalana le taolo ya ngaka gore a bolawe ka ntsa e khunou ya ga Diratsagae. Ka jalo,go bo
bangwe ba lesika la bogosi ba tlhokafetse,ke fa go
gatang Motswasele.
Motswasele o rotloeditse ntwa e e neng ya nna teng mo morafeng wa Bakwena ka jaana o ne
a gana go reetsa Segokotlo fa a mo kopa gore boMoruakgomo ba re a lese go ba busa ka
kgokgontsho. Segokotlo o ne a isitse dingongorego tsa bone gore Motswasele a lese go busa
ka lentswe la tladi mme Motswasele o ne gana go ba reetsa, a bua ka maikgantsho gore ba tla
kopanela kwa tlhabanong mme ka boammaaruri ga nna le ntwa fa gare ga makgamu a mabedi
a. Ka jalo,go bo go nnile le ntwa ke ka ntlha ya ga Motswasele.
Motswasele o bakile leso la ga DIratsagae ka jaana o ne a mo dira moeteledipele wa mophato
wa ntwa ntswa Diratsagae a sa itse sepe ka tlhabano. Re utlwa mo pading Diratsagae a bua le
Sebolai gore tota ene ga a ise a tlhabane le ope gope, a re go lebagana le motho ka matlho ke
namane e tona ya tiro mo go ene. O ne a bua gore o tshubile matlo a bana ba ga Ramodi ba
seyo a bo a bolaya Maleke ka ntsa a sa mmone, a robetse. Mo ntweng, Segokotlo o felela a
bolaya Diratsagae e bile tlhogo ya gagwe ya dirwa sekgele sa mophato wa ga Segokotlo.Ka
jalo go bo Diratsagae a sule ke fa go gatang Motswasele.
Motswasele o tswelela a nna le seabe mo go reng batlhanka ba gagwe ba tswelele ka go mo
tlisetsa dikgang tsa maaka ka jaana o ne a ba reetsa, a dumela se ba se buang a bo a diragatsa
se ba se batlang. Molotlhanyi le Leapetswe ba mo raya ba re a rukutlhe bomonnawe le
borangwaneagwe ka ke babolai ba gagwe.Motswasele o dumalana le bone go bolaya bana ba
ga Ramodi ka a dumela fa bas a mo ema sentle. Batlhanka ba gagwe ba natefelelwa ke go mo
tlisetsa dikgang tse di kgaoganyang morafe jaaka Molotlhanyi a ne a bua gape gore Maleke o
ne a bua gore Kgosi ga e mo rerise e bile o ne a ngongorega jaaka motho a batla go tlhabana
le Kgosi. Ka jalo go bo batlhanka ba Kgosi ba natefelelwa ke go tlisa dikgang tse di
kgaoganyang morafe ke ka ntlha ya ga Motswasele.
Motswasele gape o ipaketse leso. O bakile se ka jaana o ne a gana go agisana le
boMoruakgomo nako e go neng go romilwe Segokotlo go isa dingongorego tsa bone. Morago
ga go kgokgontsha batho ka go tseela bana ba ga Ramodi le Mogatsa Moilwe dikgomo , go
bolaya bangwe ba bogosi e bong Mogatsa Moilwe le Maleke le go kgwathisa Moruakgomo,
Moruakgomo o ne a bopa mephato ya ntwa go lwela kgololesego ya Bakwena mme pele ga
tlhabano, go ne ga romiwa Segokotlo go ya kopa kagiso. Motswasele o ne a gana kagisano, a
araba Segokotlo ka maikgantsho a re ba tla kopanela kwa tlhabanong. Ka nako eo go ne go
setse go bopilwe mephato ya tlhabano mme go ne ga nna le ntwa kwa Moruakgomo a neng a
mo tlhaba ka lerumo mme a felela a tlhokafetse. Ka jalo Motswasele o ipaketse leso.
Motswasele o dirile gore morafe o tshelele mo letshogong kgotsa mo poifong. O bakile se ka
ntlha ya gore o ne a sa buse sentle, a tshedisetsa morafe wa gagwe mo kgokgontshong ka
jaana mo motshamekong Moruakgomo o supa gore o ne a tseela batho dikgomo le basadi
mme e bile go se na yo o ka mo ganetsang ka ba tshaba go atlholwa. Poifo e re e bona fa e re
Moruakgomo a romeletswe morongwa go tla go mmitsa, a bo a tlala ka letshogo a ipotsa gore
a morongwa ga a mo utlwa. Poifo le go tshelela mo letshogong ga batho go supagala gape fa
e re Moruakgomo,Senese,Bakai le Segokotlo ba kopane ba bua ka bosetlhogo jo bo dirilweng
mo baneng ba ga Ramodi jwa go ketekwa ka dithobane,go tshubelwa matlo le go gapelwa
dikgomo, Bakai a bo a kopa gore ba tsamae,go itsa go sekisiwa ka jaana gongwe bangwe ba
ba lebile. Ka jalo go bo morafe o ne o sa tshele ka phuthologo ke ka ntlha ya ga Motswasele.
Motswasele gape o nnile le seabe mo go kgaoganeng ga morafe go nna makgamu a mabedi.
O bakile se ka ntlha ya go busa morafe ka kgokgontsho le go gana dikgakololo tse di
molemo. Kgosi Motswasele o ne a bogisa batho ba morafe wa gagwe ka jaana o ne a laola
gore bana ba ga Ramodi ba bolawe morago ga go utlwa gore ba ngongoregela puso ya
gagwe. O ntsha taolo e a bo a ikgatholosa dikgakololo tsa ga Sejo le Moruakgomo tsa gore
batho ga se diphologolo gape o lesika le bana ba ga Ramodi. O boa a gapela Mogatsa Moilwe
dikgomo a bo a mmolaa, a ntsha taolo ya gore Moruakgomo a bolawe a bo a kgwathisetsa
Moruakgomo lesidi.Tsotlhe tse di bosula tse di kgaoganya morafe gabedi ka go ne ga nna le
ba letlhakore la ga Moruakgomo, le le batlang puso e e lolameng le la gagwe la puso e e
patikang. Ka jalo go bo morafe o kgaogane ka makgamu ke ka ntlha ya gagwe.

TLHALOSA KA BOTLALO SEABE SA GA MOLOTLHANYI MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO TSA

MOTSWASELE II

Motshameki Molotlhanyi o na le seabe se setona mo tsweledisong ya ditiragalo tsa


motshameko wa Motswasele II.Molotlhanyi o na le seabe mo go tlhaselweng ga bana ba ga
Ramodi mo motseng. O bakile se ka go ya go bolelela Kgosi Motswasele a na le batlhanka ba
bangwe ba e leng Diratsagae le Leapeetswegore bana ba ga Ramodi ba re Motswasele ga se
Kgosi e e tlhomameng. Mo boemong ja gore a gakolole Kgosi gore e bitse batho ba go tle go
buisanwe, ene o raya Kgosi a re o tshwanetse go busa ka ntswe la tladi gore e tshabege; o
raela Kgosi gore e bolaye morafe wa yone. Ke ka ntlha ya se, fa Kgosi e roma batlhanka
(Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe) go ya go bolaya bana ba ga Ramodi. Ka lesego,
batlhanka ga ba a ka ba ba bolaya mme ba ne ba ba keteka, ba tshuba mantlo a bone le go ba
alola mo magaeng a bone.

Gore Mogatsa Moilwe a felele a gapetswe dikgomo le gone go bolawa ke ka ntlha ya ga


Molotlhanyi. O dirile se, ka go raela Kgosi ka dikgakololo tse di bosula tsa gore Kgosi e buse
morafe ka lentswe la tladi. Ka nnete Motswasele o ne a roma barongwa go ya go gapa
dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe le go mmolaya fa a ka gana ka tsone. Ka go tlhoka lesego,
mogatsa Moilwe o feletse a bolawa ke barongwa ka a ne a leka go gana ka dikgomo tsa
gagwe mme ba di tsaya ba di isa kwa go Motswasele yo o neng a ntse a di tswela pelo.
Kilo ya ga Motswasele mo go Moruakgomo re e batlela mo tlhogong ya ga Molotlhanyi.
Molotlhanyi ke ene a neng a bua mafoko a gore Moruakgomo o ila Motswasele le gore o
dirile lekoko le le sa rateng Motswasele . Ke sone se se dirileng Motswasele a ile
Moruakgomo, mo a bileng a neng a roma barongwa gore ba ye go mmolaya ka a ne a ntse a
fufegela gore o botlhale le gore o ratwa ke batho. Mme barongwa ga ba a ka ba diragatsa
thomo, ba ne ba tlhagisa Moruakgomo ka thomo ya Kgosi ba bo ba tshaba.
Ga go felele foo. Re bona Motswasele a laola go kgwathisiwa ga ga Moruakgomo le Sejo le
fa Sejo a feletsa a siile mme ga kgwathisiwa Moruakgomo fela. Tiragalo e le yone e bakilwe
ke Molotlhanyi. E ntse e le ka one maaka a a neng a bolelela Kgosi a gore Moruakgomo o
batla go mo tseela bogosi. Motswasele o ne a bitsa phutego, mme a dumalana le
boMolotlhanyi gore boMoruakgomo ba bodiwe dipotso mme e re ba re ba ikarabela ba bo ba
kgwathisiwa.mme go ne ga diragala jalo Moruakgomo a felela a kgwathisitswe.
Motshameko fa o ntse o tsweletse re bona go nna makgamu a le mabedi; la ga Motswasele le
la boMaleke le boMoruakgomole le lwelang kagiso. Go kgaogana mo ga morafe go bakilwe
ke ene Molotlhanyi. Molotlhanyi o ne a tsaya batho dinopolo a bo a isa kwa kgosing, a isa e
le maaka. Fa a na le boMaleke o bua Motswasele bosula. Gape o ne a raela Kgosi gore e
kgokgontshe morafe gore e tle a tshabege. Se sa felela se dira gore morafe o kokonelwe le
Maleke a bopa mephato ya ntwa e e neng e le kgathanong le puso ya ga Motswasele.
Molotlhanyi gape re ka re ke ene a rotloeditseng polao ya ga Maleke. O dirirle se ka go
bolelela Kgosi gore Maleke o dirile lekoko e bile o tsenya diphuthego bosigo. Ka jalo
Motswasele a bo a felela a buisantse le Diratsagae le ngaka ya setso gore ba bolaye Maleke
ka ditlhare tsa setso. Ngaka e ne ya dira ntsa e khunou mme Diratsagae a tsamaya le yone
kwa ntlong ya ga Maleke go ya go mmolaa.
Go feletse go nna le ntwa mo motseng fa gare ga mephato ya ga Motswasele le ya ga
Moruakgomo, mme ntwa e e rotloeditswe ke Molotlhanyi le boDiratsagae ka maaka a ba
neng ba nna ba a bolelela Kgosi. Le go raela Kgosi go e kgokgontshe morafe. Le fa
boMoruakgomo ba ne ba roma Segokotlo kwa kgosing go isa dingongorego le go kopa
kagiso, bo Molotlhanyi ba ne ba gakatsa Kgosi gore ntwa e bolole.
Gore mephato ya ga Motswasele e fenngwe yotlhe kwa ntheng ke ka lebaka la ga
Molotlhanyi. O dirile se ka go phuaganya Motswasele a ba a siela kwa lekokong la
Moruakgomo mo godimo ga moo a bo a fitlha a bolelela boMoruakgomo diphiri tsotlhe tsa
ntwa tsa ga Motswasele. Ka jalo ga nna motlhofo go fenya ya ga Motswasele.
Loso lwa ga Motswasele re le batlela mo tlhogong ya ga Molotlhanyi. Molotlhanyi o
lotlhantse Kgosi le morafe ka maaka a gagwe, le dikgakololo tse di bosula tsa gore Kgosi e
buse ka kgokgontsho gore e tshabege. Motswasele le ene a rwala ditsebe a dumalana le
Molotlhanyi ga iwa ntweng, kwa a fetileng a mo phuaganya. Motswasele a felela a swetse
gone kwa ntweng eo a bolawa ke Moruakgomo ka lerumo.
Dintlha tse tsotlhe di supa gore Molotlhanyi o nnile le seabe se setona mo tsweledisong
ya ditiragalo tsa motshameko o.
Seabe sa ga Moruakgomo mo tsweledisong ya ditiragalo tsa
motswasele II

Moruakgomo ke ene a bakileng gore Motswasele a thobogiwe ke morafe. Boitshwaro


jwa gagwe jo bontle bo dira gore bakwena ba batle e nna ene Kgosi go na le Motswasele. Re
bona mo pading Molotlhanyi a mo rotloetsa go tsaya bogosi mo go Motswasele a mo raya are
le ene mogosi bo mo tshwanetse. Maleke le ene o batla Moruakgomo e nna ene moeteledipele
wa mophato wa balwela-kgololesego. Barongwa ga ba Motswasele le bone ba feletse na tsena
mo letlhakoreng la gagwe

O na le seabe mo ntweng e e nnileng teng mo Mokwena. Moruakgomo o dirile se ka go


bolotsa ntwa kgathanong le Motswasele go bosulosa loso lwa ga Maleke ka e bile
Motswasele a ne a gana go reetsa dilelo tsa lekgamu la gagwe fa ba ne ba romile Segokotlo
go kopa Motswasele go emisa go busa morafe ka kgokgontsho.
Moruakgomo o na le seabe mo losong la ga Motswasele. O bakile loso la ga Motswasele
ka ene ya re kwa motsubong wa ntwa a kopana le Motswasele mme ya nna ene a mo thabang
ka segai mme a swa.
O na le seabe mo losong la ga Maleke. O rotloeditse leso le ka go dumela go etelela
mophato wa balwela kgololesego o o neng o thamilwe ke Maleke. Go tsaya tshwetso e ga ga
Moruakgomo go feletse go dira gore Motswasele a nne le letshogo la gore lekgamu le la ga
Maleke le ka felela le mo folositse mo setilong sa bogosi ka jalo a ntsha taolo ya gore Maleke
a bolawe ka a ne a mmona e le setlhabetsi mo pusong ya gagwe. Ga nna fela jalo, Maleke a
bolawa ka ntsa ya ga Diratsagae e e neng e dirilwe ka ditlhare tsa setso e ele taolo ya ga
Kgosi Motswasele.
O na le seabe mo go tlhokeng go iketla gaga motswasele. Setho sa gagwe se se se ntle,
lorato la gagwe mo morafeng wa Bakwena le lorato la batho mo go ene ga mmogo le botlhale
jwa gagwe ke tsone di dirileng gore motswasele a tshele ka letshogo la gore o tla latlhegelwa
ke bogosi. Re utlwa mo motshamekong motswasele a bua gore o boifa motho a le mongwe
fela mo ga Mokwena e leng Moruakgomo, a re bobelontle jwa gagwe bo bogolo thata mo
morafeng ebile morafe otlhe o a bo itse. O supa fa Moruakgomo a le botlhale fela thata ka
jalo ene e le Motswasele a mmoifa. Poifo e ya ga Motswasele, e supa tota fa a ne a sa tshele
sentle mo a ileng a laela barongwa ba gagwe go bolaya Moruakgomo ka jaana go bo a le mo
botshelong go ne go mo tseela kagiso.

You might also like