Professional Documents
Culture Documents
1
Sekole se lekile ka bojotlhe go rarabolola kgang e mme Semakaleng o a ganetse. Go
lebega Semakaleng a rata madi thata fela jaaka mmaagwe ka jalo rre yo o dira dikeletso
tsa gagwe.
Mmaagwe Semakaleng o laletsa Rre Maseka (monna yo a ratanang nae) go tla mo
gagwe ka a ne a ithaya a re Rraagwe Semakaleng ga a na go boa.
Rra Semakaleng o boa bosigo mme o fitlhela baesekele ya ga Rre Maseka fa lwapeng la
bone,ke gone jaanong a gakologewang mafoko a tsala ya gagwe.
O feta a bofelela baesekele ka lethale mme go sa lemotshege.
Fa a kokota, Mmaagwe Semakaleng morago ga go lemoga e ke ene o leka maretshwa a
gore Rre Maseka o tla tswa jang mo ntlong.
Ka bomadi-mabe, rraagwe Semakaleng o tshwara Rre Maseka morago ga gore baesekele
e mo dige, o mmetsa mo go botlhoko.
Baagisanye batla go thusa seemo mme ba mo kopa go emisa ntwa.
Fa ba setse ba leka go robala, rraagwe Semakaleng o lemoga fa Rre Maseka le mosadi
wa gagwe ba tlhakanetse dikobo ka go bona sekausu.
Fa a botsa mosadi, o mo tlhokela maitseo mme se se gakatsa rra Semakaleng, o betwa
ke pelo a bo a betsa mma Semakaleng.
Mma Semakaleng o leka go itwela mme ga go thuse sepe ka rra Semakaleng a mo
fekeetsa. Batho ba tla go thusa.
Mma Semakaleng a boela gae ka dikgobalo tseo tse di masisi.
Monnamogolo Semane e leng rraagwe Mmanthoi o utlwile botlhoko e bile a supa fa a ne
a sa rate lenyalo la teng. Ba isa mmaagwe Semakaleng bookelong.
Kgwebo ya ga Rre Seaparo e godile ebile ba simolola go aga lebentlele la Ntletsetletse.
Mma Semakaleng o tsamaela ruri ga a sa tlhole a boela kwa lwapeng la gagwe. Rra
Semakaleng le ene ga a mo tlhole le gone go a go mo tsaya ga a go dire.
Mma Semakaleng o tswelela ka go ratana.
O bolawa ke koloi a na le rre mongwe wa molaodi.
Semakeleng o gola jalo ka go rata madi jaaka mmaagwe.
O eletsa go ka nyalwa ke moruti ka o utlwile bana ba sekole ba re moruti ke mongwe wa
batho ba ba humileng, ka o tsaya koleko yotlhe e e dirwang mo kerekeng.
Mokgothu o eletsa go nyala Mosamarea.
Lebotana la lebentlele la Ntletsetletse le eme ka dinao.
Mmaagwe Mosamarea o tsenwa ke bolwetse jwa kgotlholo e tona mme o a tlhokafala.
O tlhokafala jaana a tlogela lenyalo la ga Mosamarea le baakanyediwa ka jalo go raya
gore monnamogolo o tla le baakanyetsa a le nosi.
Se se dira gore a gakologelwe mafoko a ga Mma Seaparo a gore o ne a sa kgore monna
yo o neng a tla nyalang Mosamarea e leng Mokgothu.
O ne a tlhalosa fa Mokgothu a lebega a na le bofereferenyana kgotsa bosula bongwe.
Mosadimogolo o tlhokafetsa jaana a kopile rra Mosamarea go tlhokomela Ketshabile
(Masilo) le Mosamarea.
Semakaleng a kopana le Rre Nthebolang fa Boatle a ya Lobatse.
Rre Nthebolang ke moruti mme o kopa lerato mo go Semakaleng.
Semakaleng o dumalana le rre Nthebolang. O dumalana le ene a ipolelela gore baruti ba
humile.
2
Lebentlele la Ntletsetletse le a fela mme go dirwa moletlo wa go le ipelela.
Mokgothu le Mosamarea ba a nyalana, ba nyadisiwa ke Moruti Nthebolang.
Moruti Nthebolang le ene a felela a nyala Semakaleng.
Boora Moruti Nthebolang le boora Mokgothu ke malwapa a a itsaneng.
Mokgothu le Mosamarea ba segofadiwa ka bana ba le babedi e leng Tshiamiso le
Utlwanang.
Moruti Nthebolang le Semakaleng ba segofadiwa ka morwa a le mongwe e leng
Tshokolo.
Lelwapa la ga Mosamarea le a tia ka lorato le boitumelo.
Mosamarea ke ene a tsogang phakela go baakanyetsa ba lelwapa la gagwe pele a ka isa
bana sekolong.
O nna le kotsi a thulana le teraka mme bana ba tlhokafala botlhe. Ene a golafala thata a
bo a nna mo maibing dibeke tse pedi.
Tiragalo ya kotsi e ama rraagwe Mosamarea thata mo le ene a felelang a tlhokafala.
Rraagwe Mosamarea le bana ba ga Mosamarea ba a fitlhiwa mme Mosamarea ene a
robadiwa mo bookelong dikgwedi di le supa.
Moruti Nthebolang o tshela ka go kgothatsa Mosamarea le Mokgothu.
Mosamarea o ne a sule mhama mme se se raya gore o ka se tlhole a dira sepe mo
lwapeng le gone go ka tshela le Mokgothu a kopana le ene jaaka monna le mosadi.
Moruti Nthebolang le mosadi ba tshela ka go tlhola ba bereka go omanyetsa
morwaabone Tshokolo ka go tlhoka go bereka le gone a sa iphe nako ya go ya go batla
tiro.
Tshokolo, Mabe le Mokgethisi ke ditsala mme ba buisana ka go ya go thuba banka gore
ba utswe madi, (Banka ya Standard).
Ba buisana ka gotlhe mo ba tla go tlhokang le gore ba tsaya dilo tseo.
Ba dumalana go tsaya koloi ya ga Mabe mme Mabe gape a re o tla bona gore o tla ka
ditlhobolo.
Tshokolo ene a re o tla bolelela batsadi fa a tla ba raya a re o ya go batla tiro.
Ba dumalana go kopanela kwa ga Mabe ka Matlhatso.
Ba a kgaogana mme fa Tshokolo a tsena kwa lwapeng pele fa Moruti Nthebolang a ka
omana,o mmolelela gore o ya go batla tiro kwa Gaborone.
Moruti Nthebolang ka kgakgamalo o mmotsa gore o ya go nna le mang, o supa fa a tla
bo a ya go nna le mmangwaneagwe.
Tshokolo o bua le rraagwe jaana mmaagwe a seo a santse a ile go tlhola Mosamarea.
Mabe o tsena mo madirelong a ga Panesar bosigo mme o utswa ditlhobolo di le pedi le
marumo.
Moruti Nthebolang o fokotsa go tlhola Mosamarea mme Semakaleng o tswelela ka go
nna a mo tlhola.
Go tlhola Mosamarea ga ga Semakaleng go dira gore Semakaleng a nne le dikgatlhego
mo go Mokgothu, gape o gabile dikhumo tsa ga Mokgothu le Mosamarea.
Mabe, Tshokolo le Mokgethisi ba diragatsa leano la bone la go thuba banka.
Ba bolaya modisa dikago Rre Selosešwa ba bo ba sia ka madi. Ba mmolaya jaana go
lebaga e ne e se tumalano ya gore ba tla molaya.
3
Rre Selosešwa e ne e le monnamogolo yo o dingwaga di masome a mane le botlhano.
Rre Selosešwa o ne a fitlhwa ke moruti Nthebolang kwa kerekeng ya Wesele ntswa a ne
a sa e tsene, mme e le ka gore e rile a tlhokafala, a bo a bitsa Wesele fa a sena go
lemoga gore mongwe wa makolwane ke ngwana wa moruti wa kereke ya Wesele.
Batho bane ba dumela gore Rre Seloseswa fa a bua ka Wesele o ne a raya gore a fitlhwe
teng.
Ba sepodisi ba leka go batlisisa ka bogodu jo jwa go thubiwa ga banka mme ga ba bone
motlhala.
Ba leka go ya le kwa mafelong a a bapileng le kwa tiragalo e diragaletseng teng mme
botlhe ke ba ba supang fa ba ne ba iphitlhile ba sa bona sepe.
Semakaleng le Mokgothu ba simolola go ratana mme se se dira gore Mokgothu a seka a
fa Mosamarea lerato le tlhokomelo jaaka pele.
Semakaleng ka a rata madi o lemogile gore Mokgothu o na le madi ka jalo o itse gore fa
Mosamarea a ka tlhokafala o tlile go a ja le Mokgothu.
Mosamarea o lemoga gore Semakaleng ga a mo tlhole fela, ke ka gore o ratana le
Mokgothu.
Mosamarea o lemoga le gore o kgona go laela a re o a tsamaya mme morago a boele mo
ntlong ya bone go bo go kopanelwa mo ntlwaneng e nngwe.
Mosamarea ga a lemotshe boo-babedi gore o itse tomagano ya bone .
Bo Tshokolo bone ba nna kwa logageng mme ga go ise nne le motlhala ope .
Rre Samson Setilo ke ene a tshwereng kgang e ya bogodu jwa banka .
Morago a bona emo tsenya dingalo, o e neela Masilo go batlisisa ka kgang ya teng .
Mosamarea o utlwa puisano ya ga Semakaleng le Mokgothu ya go loga leano la go
mmolaya .
Masilo o leka go ya kwa mafelong a Mokgethisi, Tshokolo le Mabe ba bonweng teng,
mme go supa go na le tomagano mo bathong ba ka boraro le go nyelela ga bone go
tshwana.
Masilo le fa a ile go batlisisa kwa oteleng go supa gore koloi e e dirisitsweng e ne e
tsamaelana le ya ga Mokgethisi; gatwe e ne e duma jaaka ya mmadisefe .
Kwa logageng, Mokgethisi o nna le monagano wa go ka bolaya Tshokolo le Mabe gore a
sale ka madi otlhe.
Mabe o lemoga sengwe gore Mokgethisi okare o na le kakanyo nngwe. Mabe o ntsha
lerumo mo tlhobolong ya ga Mokgethisi mme o dira jaana a raya Mokgethisi a re ga a
batle diphoso. O ne a lemoga sengwe ka Mokgethisi. Bobedi jwa bone ga go yo ntshang
mosi ka sekhurumelo .
Mokgethisi o dumela fa a ka kgona go bolaya Mabe mme pelo yaa gana ka a lebile gore o
tswa kgakala le ene.
Dijo di a fela tsa bo Mokgethisi kwa logageng. Ba ya go bapa le logaga go tlhola gore a ba
ka bona sengwe sa go jewa.
Tshokolo o longwa ke noga mme ba kgona go mo thusa ka go ntsha botlhole.
4
Mabe o pokelwa ke monnamogolo Rre Seloseswa mme fa a tsoga mo maibing a ditoro,
ba mmotsa gore go rileng, ga a ba bolelele.
Semakaleng le Mokgothu ba dumalane gore ba tla bolaya Mosamarea ka tsela e e
ntseng jang.
Mosamarea o kwala lekwalo a kwalela kgaitsadie e leng Masilo ka fa a tlileng go swa ka
teng a bolawa ke Mokgothu le Semakaleng.
O le neela Kgomotso yo e leng mothusi wa mo lwapeng, a bo a mo kopa go ya go le fitlha
kwa lebentleleng la Ntletsetletse le jaanong le tsamaisiwang ke Mokgothu.
O kopa Kgomotso gore a seka a bua sepe ka lekwalo go fitlha a tlhokafala mme e bile a le
neele Masilo eseng ope gape.
Semakaleng o kopana le Rre Thuso Mothobi yo e leng ramelao yo o itsegeng ka bokgoni
jwa gagwe kwa moletlong wa tsala ya ga Semakaleng.
E re ntswa Mothobi a ne a na le dikgatlhego, a thijwa ke gore Semakaleng o ne a
nyetswe.
Go na pula mme Mokgothu o lemoga fa Kgomotso a ka se kgone go tla lwapeng.
O dirisa tshono e go dira maikaelelo a gagwe a go bolaya Mosamare.
O itewa ke letswalo le le mmontshang gore se a batlang go se dira ga se a siama mme o
gatelela pelo go dira jalo.
Mosamarea o lwala thata o tswa madi ka legano.
O utlwa gore o tla tlhokafala mme o utlwa gore mongwe o tsamaya gaufi mo ntlong
mme se se mo nametsang pelo ke gore go tla nna le yo o mo phuthang fa a didimala
Mokgothu o tla a dirile tee a tsentse dipilisi tsa ga Mosamarea ka bontsi. O fitlhela
Mosamareaa nyemakana mme Mokgothu ga a lemoge sepe.
O mo pateletsa go nwa tee eo, a bo a mo feleletsa ka mosamo a mo kgama ka one.
Mosamarea o a tlhokafala
Masilo o tla mo lwapeng la ga Mokgothu mme go na le dilo dingwe tse o kareng di
belaetsa jaaka gore lebotlolo la dipilisi tsa ga Mosamarea di ile jang kwa ntlong ya
boapelo.
O botsa Mokgothu gore ke eng go ntse jalo, mme Mokgothu o a o a tenega. Le ntswa
Masilo a na le dipelaelo o a itidimalela.
Mokgothu o bolelela Semakaleng mme ba dumalana go ikela tlhoko.
Mosamarea o a fitlhwa mme Kgomotso ga a kgone go bolelela Masilo ka lekwalo.
Morago ga phitlho Mokgothu o ntsha babereki botlhe a re o ba file malatsi a boikhutso,
mme Kgomotso o ya gae a sa neela Masilo lekwalo.
Masilo o tswelela a thusana le Rre Tlotse go batlisisa ka go thubiwa ga banka.
Ka Masilo a ne a kile a ya kwa ga moruti Nthebolang ka kgang e, o boela teng gape .
Semakaleng o setse a supa mo go Mokgothu gore o batla bontlha bongwe jwa madi.
O tsaya tshwetso ya go tlhala moruti Nthebolang.
O buelelwa ke ramelao Mothobi mme o bolelela Mothobi se e seng boammaaruri jaaka
gore moruti o ganne ba tshola bana ba bararo gape a re moruti ga a nne mo lwapeng .
5
Go itsa gore moruti a seka a go ipuelela, o tsenya molao wa gore moruti a seka a kopana
nae.
Masilo o fitlhela go le leswe mo lwapeng, moruti le ene a thunyeditswe. Go a bonala
gore ga a tsoga mo moweng. O tshologela Masilo ka ga tlhalo e Semakaleng a e batlang .
Masilo o palelwa ke go dira se a se tletseng ka Tshokolo.
Morago ga go gomotsa moruti , o ya go feta kwa lebentleleng la Ntletsetletse le jaanong
le neng le setse le Mokgothu.
O fitlhela badiri ba bagologolo ba sa tlhole ba le teng mme go tsentswe ba baša.
O ya go feta kwa ga kgaitsadie eleng Mosamarea go tlhola Mokgothu. O fitlhela
Semakaleng mme selo se sa mo gakgamatsa.
O ipotsa dipotso tsa gore a Mokgothu o tlhadisitse moruti.
Morago ga go buisana a botsa Semakaleng kwa Tshokolo a leng teng mme o araba ga go
latlhelela.
O ba tlogela foo tlhaloganyo e sa iketla mme le bone ba ipotsa dipotso tsa gore a o itse
sengwe kgotsa nnyaa.
Semakaleng a fudugela kwa Ramotswa go nna kwa mmangwaneaagwe.
Tshokolo o fodile malomo a noga mme bo Mokgethisi ba batla go ya ko toropong go
utswa dijo. Ba kopa Tshokolo go sala mme a gana go sala a re o siame.
Ba tla jaana ba sesole le mapodisi ba simolotse go tlala le toropo go lwantsha
borukhutlhi jo bo neng bo tseneletse banni ba Lobatse le metse e e mabapi.
Ba tsena mo lebentleleng la Ntletsetletse, fa ba santse ba utswa masole a a ba bona ba
bo ba ba kganela. Mokgethisi le Mabe ba leka go itwela ka go thuntsha masole mme
masole a ne a le mantsi a ba feeketsa a ba bolaya.
Tshokolo ene go utlwa se a tla a tsholeditse matsogo a kopa gore ba seka ba thuntsha.
Lekwalo le Mosamarea a ne a le kwalela Masilo le a bonala fa gare ga dithini tsa dijo
morago ga gore bo Mabe ba di dige ba sena go thuntshiwa .
Masilo o bala lekwalo mme o le fitisetsa kwa mogolwaneng wa masole a amegile.
Masilo jaanong ke gone a bonang boammaaruri ka leso la ga kgaitsadie.
Ba sepodisi ba tsaya Tshokolo go ya go tlhatlhelwa fa baswi (Mabe le Mokgethisi) ba
isiwa setsidifatsing.
Masilo o tsamaya a patilwe go ya kwa ga Mokgothu. Fa a tsena teng a re o leba
Mokgothu, a betwa ke pelo a bo a palelwa ke go itshwara, a sena go mmontsha lekwalo.
O betsa Mokgothu mme ba mo lesa a ikgotsofatsa pele ba ka mo tlhatlhela .
Semakaleng o latelwa kwa Ramotswa mme ba mo fitlhela a na le ramelao Mothobi ba
letse mmogo ka mmangwaneagwe a ne a seo mo lwapeng.
Semakaleng o leka go ikgakgamatsa fa Mothobi a mmotsa ka mafoko a gore o balaile
motho. Semakaleng o a tlhatlhelwa.
Lebentlele la Ntletsetletse le a rekisiwa.
Semakaleng le Mokgothu ba a seka; Semakaleng o atlholelwa dingwaga di le lesome mo
kgolegelong fa Mokgothu ene a atlholelwa leso.
Tshokolo le ene o a seka a bo a atlholelwa dingwaga dile masome mabedi.
6
Tshokolo o sokologile o itse Modimo e bile o ruta magolegwa a mangwe ka Modimo.
Masilo a leboga tiro a bo a baya madi mo polokelong.
Masilo o aga lebentle le leša kwa Molapowabojang.
Mokgothu o a kalediwa.
Masilo o nyala kgaitsadie Setilo yo o neng a itsege ka leina Matšhine