You are on page 1of 3

THULAGANYO YA DITIRAGALO- LEAPEETSWE

 Loeto o kgatlhegela Tshotlego.


 Loeto o bolelela tsala ya gagwe ebong Mompati ka fa a ratang Tshotlego ka teng,
Mompati a mo rotloetsa go ya go bua le ene.
 Loeto o bolelela Tshotlego maikutlo a gagwe, mme Tshotlego ga a amogele maikutlo a
gagwe.
 Mmaagwe Tshotlego ebong Kedibonye o bolelela Tshotlego gore o batla a nyalwa mme
Tshotlego ga a dumalane, ka a bua fa ene a santse a tsena sekolo.
 Gaolebale le Dikgang(batsadi ba ga loeto) ba bua gore mosadi o tlhoka mothusi mo
lwapeng ka jalo Dikgang o tshwanetse go kgothatsa Loeto gore a batle mosadi a nyale.
 Loeto o bolelela Gaolebale gore o bone mosadi ebong Tshotlego le gore o batla go mo
nyala.
 Gaolebale le Dikgang ba buisana ka go rulaganya lenyalo la ga Loeto le Tshotlego.
 Tshotlego o bolelela tsala ya gagwe ebong Ikgomotseng ka Loeto gape a bua le gore o a
mo rata o ne a mo sokodisa fela.
 Dikgang o bitsa Motlhokomedi, Moseki le Baagisi go ba itsise fa Loeto a batla go nyala
Tshotlego.
 Motlhokomedi, Moseki le Baagisi ba isa mafoko a ga Loeto ko botsading jwa Tshotlego le
gore ba kopa phetolo.
 Oteng le Kedibonye ba tsaya tshwetso ya go kwalela Tshotlego lekwalo go mo itsese fa
Loeto a batla go mo nyala.
 Loeto o bolelela Molete, Lefufa le Lemena gore o rata Tshotlego le gore o batla go mo
nyala mme ga ba itumela.
 Tshotlego o amogetse lokwalo mme o tshwenyegile thata ka toro e ne a nnileng yone, ya
bo-mme ba bararo ba leka go mo latlhela mo lehuting, ba ko bofelong jwa buka go
supegang e le Lefufa, Lemena le Molete.
 Lemena, Lefufa le Molete ba kgothatsa Motlhanka go kgaoganya Loeto le Tshotlego gore
ba seka ba nyalana.
 Tshotlego o dumela go nyala Loeto mme mo maitsebong ao ko ba ne ba kopanetse teng,
Tshotlego a setse a boetse kwa lwapeng, Loeto a tlhokafala a thabilwe ka thipa gabedi
ke Motlhanka ba sena go tikana ka mafoko.
 Moseki o latola loso la ga Loeto kwa ga bo Oteng le Kedibonye, Tshotlego o utlwa
botlhoko a sena go utlwa.
 Morago ga dikgwedi tse tharo Kedibonye o rotloetsa Tshotlego go apola tukwi ya
botlholagadi gore a kgone go bona nyalo gape.
 Motlhanka o bolelela Tshotlego maikutlo a gagwe a gore o a mo rata le gore o batla go
mo nyala mme Tshotlego a mo itsese fa a santse a le mo maibing a loso la ga Loeto, ka
jalo a se mo seemong sa go ka ratana le ope.
 Morago Motlhanka o amogela lokwalo lo tswa ko Tshotlego a mo itsise fa a mo rata le
ene, e bile a amogela lorato lwa gagwe.
 Dithulaganyo o bitsa Kago, Mmamontsho, Botsalano le Seanokeng go ba itsese fa
Motlhanka a batla go nyala Tshotlego, se sa ba itumedisa thata. Ba a mo laya.

1
 Kedibonye le Oteng ba amogela lokwalo lo tswa ko go boora-Dithulaganyago go ba
itsese fa Motlhanka a batla go nyala Tshotlego.
 Lefufa le Lemena ba bolelela Motlhanka fa ba itse e le ene yo o bolaileng Loeto, e bile
bas a itumelela se ka le bone ba ne ba batla Loeto a nyala mongwe wa bone.
 Motlhanka o ya go robala le Tshotlego ko ntlwaneng ya ga Tshotlego, a tlelwa ke toro ya
monna a ya ko go ene mo lefifing.
 Tshotlego le Motlhanka ba a nyalana, ba ikana ko ga Molaodi mme Lefufa, Lemena le
Molete ga ba itumelela lenyalo le.
 Lemena le Lefufa ba berekisa Tshotlego ditiro tsotlhe tsa mo lapeng, ba mo sotla ntse a
imile. O bolelela Motlhanka se se mo diragalelang mme go sa nne le pharologanyo epe
fa a bua le bo-kgaitsadie.
 Lemena le Lefufa ba itsese Motlhanka fa ba batla go ntsha Tshotlego mo botshelong jwa
gagwe ka go bolaya ngwana wa gagwe a ise a tsholwe.
 Lemena le Lefufa ba tsenya botlhole mo dijong tsa ga Tshotlego.
 Motlhanka o tlogela Tshotlego a le nosi ko lapeng go sena yo mo tlhokomelang mme a
lwala, a ya kwa go Molete yo a neng a ratana nae.
 Tshotlego o roma Bashi go ya go bitsa Oteng le Kedibonye gore ba bone seemo se a leng
mo go sone.
 Kedibonye le Oteng ba fitlhela Tshotlego a le bokoa, ba mmiletsa ngaka ebong
Mazaruba. Ngaka a ba itsese fa Lemena le Lefufa e le bone ba ba lekang go bolaya
Tshotlego.
 Kedibonye le Oteng ba dumalana gore Kedibonye a sale a tlhokometse Tshotlego gore a
nne botoka le gore o nwa molomo o a o filweng ke ngaka sentle.
 Lemena le Lefufa ba fitlhela Tshotlego a le botoka, mmaagwe le ene gaa ba lemotshe fa
a itse sepe ka leano la bone, ba tla ka le lengwe la go tsenya sejeso mo pitseng ya
molemo.
 Tshotlego o lwala gape mme Kedibonye le Oteng ba tsaya tshwetso ya go tsaya
Tshotlego ba ya lapeng le ene, ba laela Kago go itsese Dithulaganyo ka se se diragalang.
 Mmamontsho o kukega maikutlo a fitlhela Tshotlego a tserwe ba sa itse.
 Batsadi ba ga Motlhanka, bokgaitsadie le ene ba ya ko gabo Tshotlego. Motlhanka,
Lemena le Lefufa ba logile leano la go feleletsa go bolaya Tshotlego.
 Mazaruba o itsese Kedibonye le Oteng gore Lemena le Lefufa ba ya go bolaya Tshotlego
mme a tlelwa ka mogopolo wa go tsenya molemo o o bolayang motho yo tsenyetsang
Tshotlego botlhole mo molemong.
 Motlhanka o tsena mo ntlwaneng ya Tshotlego a nale Dithulaganyo, Mmamontsho,
Kedibonye le Oteng, mme Motlhanka ba tsenya botlhole mo molemong wa ga
Tshotlego. Fa a lemoga gore Tshotlego o belege ngwana wa gagwe, a re o emisa
Tshotlego go nwa molemo a fitlhela a setse a nole, a ikotlhaya.
 Pele ga Tshotlego a tlhokafala a laela Kedibonye gore a fe Oneile ngwana wa gagwe a
mo tlhokomele.
 Morago ga dikgwedi Tshotlego a tlhokafetse, molemo wa Mazaruba o simolola go
bereka mo go Motlhanka mme bo kgaitsadie ba gana go mo thusa ka tse a sa dikgoneng,
ba mmolelela fa e le ene a ipolaetseng mosadi.

2
 Motlhanka a ineela a simolola go bua tsotlhe tse di maswe tse a di dirileng batho ba
motse ba reeditse, a bo a Motlhanka a tlhokafala.

You might also like