You are on page 1of 11

D: SETSWANA

GLOSSARY (TLHALOSO YA MAFOKO)

A
Active Setlhatsana mo molemong se se thibelang lego alafa bolwetsi.
pharmaceutical
ingredient (API)
Adenovirus Sethopa sa megare se se fitlhelwang fagare ga lemorago la dinko le kgokgotso kgotsa
mometso wa motho, fela megare eno ga e kotsi mo bathong. Ka dinako dingwe
baitseanape ba dirisa megare ya mofuta ono go tlhabela mmele wa motho moento.
Administer Go neela mmele molemo. Moento o dirisiwa ke modiredipholo kago rothisa marothodi a
moento mo leganong la molwetsi.
Adverse effects Seelo sa ditlamorago tse di golaganeng lego tsaya setlhare kgotsa moento.
Anaphylaxis / Go baba go go tseneletseng ka ntlha ya botlhole, dijo kgotsa melemo. Seo e ka nna
Anaphylactic shock matshosetsi mo botshelong jwa motho. Go baba ga letlalo goka baka letshogo mo
mmeleng, mme matshwao a ka akaretsa diso mo letlalong, go feroga dibete, go kgwa, go
ketefalelwa kego hema le letshogo.
Antibodies Mmele o tlhagisa dikotla tse di dirilweng mo mading go lwantsha malwetsi jaaka
COVID-19. Fa mmele wa gago o nale masole a mmele, dikotla ke dibetsa tse di
kgethegileng tse di dirisiwang ke mmele go lwantsha megare le malwetsi. Go tlhokega
dikotla tse di farologaneng go tlhasela megare e farologaneng. Goka tsaya malatsi a le
mmalwa gore mmele wa gago o nne le kotla e maleba.
Asymptomatic Tshwaetso kwa ntle ga matshwao a bolwetsi.
infection
B
Bacteria Megare e sa bonweng ka matlho ka ntlha ya bonnye jwa yona. Megare e gotlhe, kafa
gare le kafa ntle ga mmele wa gago. Megare e kgona go nna mo ditikologong tse di
farologaneng jaaka metsi a bolelo le serame. Mengwe ya megare e go siametse fa e
mengwe e kago lwatsa.
Bureaucratic Mokgwa wa tsamaiso ka puso ko gone batlhankela ba pusong ba tsayang ditshweetso tse
di botlhokwa go nale baemedi ba ba tlhopilweng. Mokgwa wa tsamaiso ya mofuta ono o
akaretsa tiro ka ditlankana dile mmalwa le tsamaiso.
C
Candidate vaccine Monyento yo o mo ditekong – yo o iseng o fitlhelele katlanegiso goka dirisiwa mo bathong
go nne diteko di santse di tsweletse.
Clinical trial Diteko kaga molemo mo bathong tse di lekang tshiamo le pabalesego ya melemo, meento
kgotsa didiriswa tsa pholo kago ela tlhoko ditlamorago tsa tsona mo ditlhopeng tsa batho.
Go magato a le mmalwa a diteko, mme magato a le mmalwa a bofelo a akaretsa diteko tsa
melemo mo bathong. Dipholo tsa diteko tseno di lekolwa/ tlholwa ke baitseanape ba ba
ikemetseng.
Communicable Bolwetsi jobo tshelanwang ka batho kgotsa diphologolo. Megare mengwe e ka tlhola
malwetsi a tshelanwang. Malwetsi a mangwe a sa anameng ka batho jaaka sukiri a kaiwa
jaaka a sa tshelanweng.
Comorbidity Seno kefa malwetsi a farologaneng a fitlhelwa mo mothong. Mo ntlheng ya COVID-19 e
kaya go nna teng ga malwetsi a pakatelele jaaka malwetsi a pelo, sukiri kgotsa kgatelelo ya
madi, go bua ka a le mmalwa- se seka baya batho mo matshosetsing a go tlhakatlhakana fa
a tshwaeditswe ke coronavirus.
Congregate settings Seno ke tikologo e batho ba nnang mogo yona, ba kopanang kgotsa go kgobokana mogo
yona kafa tlase ga nako e rileng.

12-SE COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021
Contagious Bolwetsi jobo tshelanwang ka batho. Malwetsi a tshelanwang a farologana. Sekai, bolwetsi
jobo ntshang diso tse di khibidu mo letlalong[Measles] jwa tshelanwa- Motho a le osi yo o
tshwaeditsweng ke bolwetsi jwa go opa ga molala [Mumps] o kabo fetisetsa mo bathong
bale 18. Malwetsi a mangwe ga a tshelanwe gole kalo [Contagious].
Contract Go tshwarwa ke bolwetsi. O ka tshwarwa ke COVID-19 , sekai kago hema marothodi a
motho yo o tshwaeditsweng ke mogare.
Contra-indications Goya ka seelo sa matshosetsi go totilwe motho ka nosi, malwetsi a mo mothong kgotsa
melemo e nowang, lefoko leno le kaya seemo ka sona molemo, tsamaiso kgotsa karo e sa
tshwanelwang kego dirwa gonne goka nna kotsi mo mothong. Motho o ka laelwa gose
nwe melemo e rileng fa a nale bothata jwa madi jaaka go rema ga ona.
Control group Mo dipatlisisong kgotsa diteko, borasiense ba tshwantsha se se diragalelang setlhopa se se
reboletsweng molemo o dirang go nale se se reboletsweng yo o sa direng. Setlhopa se se
reboletsweng molemo yo o sa direng se bidiwa setlhopa-taolo. Setlhopa-taolo mo dipatlisisong
se dirisiwa jaaka tshwantshiso kgatlhanong le dipholo. Tshwantshanyo magareng ga setlhopa-
taolo le setlhopa se se amogetseng kalafi e supa fa molemo kgotsa moento o dira.
Covax Seno ke lenaneo la puso go fitlhelela moento kgatlhanong le coronavirus lefatshe ka bophara.
COVAX ke tirisano ya mebuso lefatshe ka bophara go itlhaganedisa tlhabololo, tlhagiso le
thebolo e lekanang ya meento e mesha ka boeteledipele jwa mokgatlho wa lefatshe wa pholo.
Covid-19 E itsege gape jaaka mogare wa corona kgotsa SARS-COV-2. Mogare o tshelanwa kago
atumela motho yo o tshwaetsegileng kgotsa tikologo e nang le mogare. Matshwao a
akaretsa go sitwa lego gotela ka nako e le osi, go gotlhola, go felelwa ke mowa lego
retelelwa kego dira ga dirwe tsa mmele.
D
Data Dintlha, bopaki le dipalopalo.
Diagnosis / Diagnose Go lemoga bolwetsi ka matshwao a jona. Fa diteko di supa gore o nale COVID-19, seo se
raya gore o tshwaeditswe ke mogare.
DNA Motswako o monnye thata wa dikhemikhale yo o laolang sebopego le mosola wa sele nngwe
le nngwe mo mmeleng lego tshola tshedimosetso kaga setshwano le maitsholo a motho.
Dose Seelo sa molemo, moento kgotsa seritibatsi se se tsewang ka nako e rileng. Meento
mengwe kgatlhanong le coronavirus e tlhoka go tsewa gabedi ka katologano ya dibeke
go kgontsha mmele go itshireletsa kgatlhanong le mogare. Batho kago farologana le
ditshwaetsego ba tlhoka seelo se se farologaneng sa melemo.
Drug resistance Bokgoni jwa mogare go ikemelela kgatlhanong le seritibatsi se sene se kgona go o bolaya
kgotsa go o fenya mo malobeng. Fa megare e ntsifala mo mmeleng e tia kgatlhanong le
melemo, mme fa paka yago nwa melemo e sa konosediwe megare mengwe e setseng mo
mmeleng e kgona go phologa lego tia kgatlhanong le seritibatsi mo isagong.
E
Effective Katlego go latela dipholo tse di solofetsweng. Seno se kaya thibelo ya malwetsi lego tlhola
tshireletso kgatlhanong le mogare.
Efficacy Bokgoni jwa moento go tlhagisa dipholo tse di solofetsweng. Seno se kaya thibelo ya
malwetsi lego tlhola tshireletso kgatlhanong le mogare.
Enrol Taletso le ikwadiso ya baithaopi go nna karolo ya diteko. Ka gale go tsaya dikgwedi dile
mmalwa kgotsa dingwaga go fitlhelela batho ba ba maleba go nna le seabe mo ditekong
tsa moento.
Evidence Dintlha kgotsa tshedimosetso e tlhalosang fa kakanyo kgotsa tumelo e le boammaruri.
Experiment Tsamaiso ka baitseanape go fitlhelela kgotsa go batlisisa se se sa itsiweng.
Exposed/exposure Kopano le mogare lekgetlho la ntlha. Badiri ba pholo ba kopana le malwetsi a tshelanwang
letsatsi le letsatsi mo tirong. Fa o kile wa kopana le bolwetsi jobo tshelanwang, bo kago
tshwaetsa mme o lwale goya ka sekgala le mofuta wa kopano.

COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021 13-SE
F
Flattening the curve Taolo morago ga kanamo ya mogare ka maitlhomo a go fokotsa kgatelelo mo lephateng la
pholo le mafaratlhatlha a lona. Go atolosa paka ya balwetsi ba ba lwalang, mo tsamaong ya
nako balwetsi ba kgona go fitlhelela kalafi e maleba go nne maokelo a tlabo a se kafa tlase
ga kgatelelo. Go sala morago dintlhakelo jaaka sekgala magareng, go rwala dithibedi lego
tlhapa diatla reka isa tlase seelo sa ditshwaetsego tsa mogare.
First wave Lekhubu la ntlha la ditshwaetsego tsa COVID-19. Setheo sa malwetsi a tshelanwang se
phofoletsa gore lekhubu la ntlha mo Afrika Borwa le diragetse magareng ga 5-11 Phukwi
2020, mo gone batho bale 13 000 bane ba tshwaediwa ke mogare ka letsatsi. Palo ya
dikgetsi tsa ditshwaetsego le dintsho e tlhatloga ka paka ya lekhubu la mogare.
H
Herd immunity E itsege gape jaaka tshireletso ya batho kgatlhanong le mogare. Se ke tshireletso e sa
tlhamalalang kgatlhanong le bolwetsi jobo tshelanwang, mme e diragala fa batho bale
bantsi ba sireletsegile kgatlhanong le bolwetsi, e ka nna ka moento kgotsa bolwetsi jobo
fetileng. Fa palo e kwa godimo ya batho e sireletsegile kokoanatlhoko ga e kgone go
tsamaya ka batho, mme le bolwetsi bo kgona go laolwa.
I
Immune memory Bokgoni jwa masole a mmele go lemoga mogare yo o kileng wa itelekela ka mmele lego
simolola go o lwantsha ka maitlhomo a go sireletsa mmele.
Immune response Mokgwa o mmele o lemogang megare le malwetsi ka ona, mme o itshireletse kgatlhanong
nao.
Immune system Kopano ya ditshidi, dirwe le dikotla tse di sireletsang mmele kgatlhanong lego tshwaediwa
ke megare. Masole a mmele a ela tlhoko kokoanatlhoko lego e fedisa pele e tsena ka
mogare. Ra re masole a mmele a nale kgopolo ya boboko.
Immunisation Mokgwa o motho a sirelediwang kgatlhanong le bolwetsi ka ona kafa tlase ga tsamaiso ya
moento.
Immunity Fa masole a mmele a nale bokgoni jwa go gopola le dikotla tse di maleba go lwantsha
mogare kgotsa tshwaetso.
Immuno- Go nna le masole a koafetseng a mmele. Batho ba masole a bona a mmele a amegileng ba
compromised nale bokgoni jobo kwa tlase go lwa kgatlhanong le ditshwaetsego le malwetsi a mangwe.
Seno seka tlholwa ke malwetsi a sa laolweng sentle jaaka AIDS, kankere, phepelotlase le
makowa a neeletsanwang ka tshika.
Incubate Pele o itemogela matshwao a bolwetsi, kokoanatlhoko kgotsa mogare yo o bo bakang o
ipopa mo mmeleng. Pele o supa matshwao mogare wa gola lego tsharologa le mmele.
Infectious Bokgoni jwa go tshwaediwa ke bolwetsi.
Inoculation Ke lefoko le lengwe la moento. Tsela e mmele o kgonang go itshireletsa kgatlhanong le
bolwetsi jobo tshelanwang.
Interaction Thulano kgotsa kgotlang ya melemo mo mmeleng. Seno seka baka gore modirisi a
itemogele matshwao a rileng kgotsa bokgoni jwa seritibatsi go dira bo fokotsege. Seno se
L raya gore molemo o katswa o tshwana le e mengwe mo mmeleng.
Laboratory Felo la bonetesi [science] le le dirisiwang ke baitseanape go tsweletsa diteko.
M
Mandatory Goya ka molao kgotsa go botlhe.
Microscopic Selo se se sa bonweng ka matlho ka ntlha ya bonnye jwa sona. Se bonwa fela ka tiriso ya
‘’microscope’’. Megare e bonwa fela ka ‘’microscope’’.
Mimic Go etsa kgotsa go tshwana.
mRNA Ke ditaelo tse masole a mmele otlhe a nang natso go tlhola kgotsa go baka dikotla tse di
rileng.MRNA e bosisi thata, mme e nnye. Morago gago romela molaetsa wa ditaelo kwa
ditshiding tsa mmele ya phatlhalala. Ga e nne mo ditshiding tsa mmele lobaka lo lo leele
ebile ga e fetole tshobotsi ya motho, mme e ruta fela ditshidi tsa gago tsa mmele go
tlhama kotla e rileng.

14-SE COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021
Mutations Diphetogo mo popegong ya setshidi kgotsa kokoanatlhoko tse dika bakang diphetogo
mo mokgweng wa tsona wago dira. Megare yotlhe e fetoga nako le nako, e ka nna ka ntlha
ya diphetogo mo tikololgong kgotsa ka ntlha ya gore fa mogare o tlhagisiwa sesha goka
nna le diphoso kgotsa diphetogo mo kagong ya ona. Ka dinako dingwe se se baka gore
mogare o nne bogale, ka dinako dingwe bokowa. Fa re lebelela COVID-19, diphetogo tsa
selebo le kago ya megare di bakile gore e tshelanwe thata. Go nne COVID-19 ya sesheng e
farologane thata, re e bitsa mofuta o mongwe [variant].
Myths Tumelo kgotsa kakanyo e fosagetseng. Go nale ditumelo dile mmalwa tse di itsegeng jaaka
dikgang tsa maaka kaga COVID-19 le meento.
N
NDOH Lefapha la boitekanelo bosechaba (National Department of Health)
Non-pharmaceutical Dikgato tse motho a ka di tsayang, mme a sa dirise molemo go itshireletsa lego laola
interventions kanamo ya ditshwaetso jaaka go tlhapa diatla, go rwala dithibedi lego atisa sekgala
magareng mo mafelong a botlhe.
O
Organism Setshidi. Seno se akaretsa batho le diphologolo mmogo le ditshidi tse di nnye jaaka
megare. Ditshidi dingwe jaaka batho di nale dikete tsa masole, mme re a bitsa masole
magolo. Re sale foo ditshidi dingwe di dirilwe ka lesole le le osi, mme re le bitsa lesole
potlana.
P
Pandemic Leroborobo ke bolwetsi jobo tshelanwang mme bo phasaletse le kgaolo e tona. Sekai,
dikontinente kago farologana kgotsa lefatshe ka bophara lego ama palo e kwa godimo ya
batho.
Pathogens Seno ke twatsi kgotsa kokoanatlhoko e tlholang lego baka bolwetsi.
PCR test Mokgwa yo o tlwaelegileng go dira diteko tsa COVID-19. Teko eno e lemoga fa motho a
nale karolwana e malebana le mogare mo mmeleng. E kgona go lemoga mogare kafa tlase
ga malatsi o sena go tshwaetsa mmele. Teko eno e dirisa setlhola-dinko le magalapa go
fitlhelela lerothodi mo nkong kgotsa kgokgotso. Teko e ka dirwa kwa tliliniking, bookelo,
felo la diteko le dipatlisiso kgotsa mo sejanageng.
Peer review Tsamaiso e ka yona borasiense ba e ne e se karolo ya dipatlisiso kgotsa baitseanape ba
ba ikemetseng ba tlholang dipholo tsa diteko gotswa mo dipatlisisong. Seno ke mokgwa
wago netefatsa fa dipholo tsa diteko di nepagetse kgotsa e le boammaruri.
Person or patient Motho yo o kileng a tlholwa COVID-19 ebile a katswa a amilwe ke mogare kgotsa
under investigation kokoanatlhoko, motho yo tlhokang go dira diteko tsa COVID-19 go totobatsa fa a katswa a
(PUI)
tshwaeditswe ke mogare.
Phase 1 of a clinical Legato la ntlha la diteko le le akaretsang palo e kwa tlase ya batho go leka fa moento
trial o babalesegile ebile o dira. Ke palo e magareng ga 20 goya go 80 ya batho ba ba
itekanetseng lego ithaopa go nna karolo ya dipatlisiso kaga moento mo legatong la ntlha.
Ba abelwa motlhokomedi wa moento mo felong le le babalesegileng jaaka bookelo go
netefatsa fa dingaka di kgona go ba thusa, fa moento o sa tshware mebele ya bona sentle.
Phase 2 of a clinical Fa bopaki go tswa mo legatong la ntlha bo supa gore molemo o babalesegile ebile wa dira,
trial batho bale mmalwa ba akarediwa mo ditekong. Seno re se bitsa legato labobedi la diteko
kgotsa dipatlisiso. Makgolo a batho a ithaopa lego nna le seabe mo dipatlisisong.
Phase 3 of a clinical Mo legatong laboraro dikete tsa batho ba ithaopa kago nna karolo ya dipatlisiso. Seno se
trial lekola fa moento o babalesegile lego dira mo bathong bale bantsi go akaretsa le batho ba
ba farologaneng ka dikgwetlho tsa pholo.
Phase 4 of a clinical Morago ga gore molemo o atlanegisiwe ke baitseanape lego simolola go dirisiwa go ralala
trial lefatshe, setheo se se o tlhagisang se tshwanelwa kego ela tlhoko fa gole ditlamorago tse
disa siamang ka ntlha ya ona lego tsweletsa dipatlisiso. Seno se kaiwa gapa jaaka PHASE 4.

COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021 15-SE
Placebo Mo dipatlisisong go leka moento; batho bangwe ba rebolelwa moento o dirang fa ba
bangwe ba rebolelwa sephepafatsi sa dinko le magalapa seo se senang moento kafa gare.
Ka gale setlhopa-taolo se rebolelwa metsi a tswakantsweng le letswai le mororo a lebega
jaaka moento. Borasiense ba tshwantsha se se diragalelang batho ba ba amogetseng
moento yo dirang le yo o sa direng. Banna le seabe mo dipatlisisong ga ba itse kaga
pharologano ya meento. Dipatlisiso di fitlheletse gore banna le seabe ba basa rebolelwang
moento wa nnete ba tshwaeditswe ke COVID-19 bonolo go nale ba ba amogetseng wa
nnete.
Population immunity E itsege gape jaaka setlhopa sa batho se se sireletsegileng kgatlhanong le bolwetsi/
mogare. Seno ke tshireletso e sa tlhamalalang kgatlhanong le bolwetsi jobo tshelanwang,
mme seno se diragala fa setlhopa se sekwa godimo sa batho se sireletsegile kgatlhanong
le mogare, e ka nna ka moento kgotsa tshwaetso e fetileng. Fa batho bale bantsi ba
sireletsegile kgatlhanong le bolwetsi, mogare ga o kgone go tsamaya ka batho mme
leroborobo le kgona go laolwa.Fa bontsi jwa batho ba sireletsegile kgatlhanong le
bolwetsi, dichono tsago anama ga mogare lego tshwaetsa yo o sa sireletsegang dikwa
tlase.
PPE Sediriswa sago itshireletsa kgatlhanong le malwetsi a tshelanwang. Dithibedi ke karolo ya
didiriswa tseno.
Protein Karolo e nnye ya kokoanotlhoko kgotsa twatsi. Dikotla di a tlhokega go aga, go dira lego
laola ditshidi mo mmeleng le dirwe. Kotla nngwe le nngwe e nale tiro ya yona. Dikotla ke
karolo e botlhokwaya mesifa, letlalo, marapo le mmele ka kakaretso.
Public health Bonetetsi jwa go tokafatsa pholo ya batho le metse ya bona. Tiro eno e fitlhelelwa kago
rotloetsa mokgwa yo o itekanetseng wa botshelo, go batlisisa bolwetsi, tshireletso ya
dikgobalo, go bo lemoga lego tsibogela malwetsi a tshelanwang. Seno se kaya gape
Q tshireletso ya batho botlhe go totilwe pholo.
Quarantine Go itlhaola go go gagametseng ka maitlhomo a go tila phasalatso ya bolwetsi.
R
Replicate Go phasalala ga mogare mo mmeleng. Tsalo sesha ya kokoanatlhoko go ralala ditshidi tsa
mmele.
Reproductive Ke lefoko la dipalopalo le le tlhalosang kaga bolwetsi jobo tshelanwang. Sekai, fa
number (R0) bolwetsi bo nale R0 YA 18, motho yo o tshwaeditsweng ke bolwetsi o kabo phasalatsa
lego tshwaetsa batho bale 18. Batho bao baka tshwaetsa ba bangwe bale 18, mme seno
se tswelele. Kanamo ya bolwetsi etla tswelela fa gose ope yo o tlhabetsweng moento
kgatlhanong le bona kgotsa a sireletsegile mo tikologong ya gaabo.
Rolling review Ke se sengwe sa didiriswa tse di dirisiwang ke bothati jwa tlhagiso ya melemo mo Afrika
Borwa go itlhaganedisa tshekatsheko ya boleng jwa molemo yo tshepisang ka nako e
pholo ya setshaba e leng mo matshosetsing.Bopaki gotswa mo magatong a fetang le le esi
la dipatlisiso boka sekegelwa tsebe gape fa dipatlisiso di tsweletse.
S
SAHPRA Bothati jwa ditlhagiswa tsa pholo jwa Afrika Borwa.
Saline Motswako wa letswai mo metsing.
Screening Dipotso dile mmalwa go lemoga fa motho a le mo matshosetsing a go tshwaediwa
ke bolwetsi. Go tlholwa ga mogare ono go akaretsa tekolo ya mogote, dipotso kaga
matshwao a itemogetsweng, maeto mo dibekeng tse di fetileng lego kopana le
batswasetlhabelo ba covid-19.
Second wave Lekhubu le lesha la ditshwaetsego le le atologang le malatsi, morago fela ga bokhutlo jwa
lekhubu la ntlha. Mo Afrika Borwa seno se itemogetswe ka letlha 10 DECEMBER 2020 fa
palogotlhe ya dikgetsi e ne e le 6 079. Palo eno e neya tlhatlogela go 17 710 ka letlha 30
DECEMBER 2020. Ka paka ya lekhubu la leroborobo palo ya dikgetsi le dintsho ya tlhatloga.
Self-Isolation Go itlhaola ka maitlhomo a go tila go tshwaetsa batho ba bangwe bolwetsi fa o dumela
gore o motswasetlhabelo.

16-SE COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021
Social distancing Katologano e farologaneng go nale ya tlwaelo e leng sekgala sa 1,5meters kgotsa go feta
mo bathong. Go tila kopano e tlhamaletseng le batho kgotsa didiriswa mo mafelong a
botlhe ka paka ya leroborobo la bolwetsi jobo tshelanwang.
Susceptible Matshosetsi a go tshwaediwa ke bolwetsi ka ntlha ya seemo sa pholo. O nna mo
matshosetsing fa o kopane le motho yo o tshwaeditsweng ke mogare kgotsa o lemo
tikologong e aparetsweng ke mogare.
Symptoms Matshwao a itshupang a bolwetsi. Matshwao a tlwaelegileng a akaretsa go sitwa lego
gotela ka nako e le osi, sehuba lego lapa. A sa tlwaelegang a akaretsa go latlhegelwa ke
tatso ya dijo le monkgo, go opiwa ke tlhogo, mometso o botlhoko, matlho a mahimidu le
diso mo letlalong.
T
Transmission Go fetisa kgotsa go phasalatsa bolwetsi.
Transmit Go baka sengwe se se fetisang motho goya mothong kgotsa lefelo goya o mongwe. Sekai
ke Covid-19.
Trial Teko kgotsa patlisiso e dirwang kafa tlase ga maemo a rileng.
V
Vaccine Moento ke mofuta wa molemo kgotsa setlhare se se dirisitsweng go sireletsa kgatlhanong
le bolwetsi jobo tlholwang ke mogare jaaka tlholang diso tse dikhibidu mo letlalong
[measles], go fufula lego opelwa ke molala [mumps], kankere ya sebete, kankere ya popelo
le covid-19. Malwetsi ano a kgona go phasalala ka batho. Meento e thusa go sireletsa
kanamo ya malwetsi ano. Moento e ka nna marothodi a metswang kgotsa lemao mo
mesifeng ya mmele. Go mefuta e farologaneng ya meento, fela e dira kago tshwana mo
mebeleng ya batho go sireletsa kgatlhanong le malwetsi a rileng.
Vaccine hesitancy E kaya tiego kgotsa go gana go amogela moento le mororo o le teng mo ditirelong tsa
meento.
Variant Mofuta wa sengwe se se farologaneng le mefuta ya dilo tse di tshwanang natso, mofuta o
mosha wa mogare. Mofuta yo o lemogilweng wa covid-19 mo Afrika Borwa o bidiwa 501Y.
Ventilation Mowa o phepa yo fitlhelwang mo phaposing kgotsa kago. Tikologo e nang le kelelo e
siameng ya mowa e nna le mowa o phepa.
Virus Kokoanatlhoko ke setshidi se se nnye ebile se tshwaetsa lego agega bonolo mo ditshiding
jaaka diphologolo, batho, dimela kgotsa twatsi.
Volunteer Motho yo tlhopang go ithaopela sengwe jaaka dipatlisiso kaga molemo. Gago ope yo
patelediwang go tsaya karolo mo dipatlisisong kaga molemo. Kago tshwana batho ba
tshwanelwa kego ithaopa go amogela moento- gago ope yo o ka go pateletsang go o
amogela kgotsa a go otlhaye fa o le kgatlhanong.
Vulnerable Motho yo tlhokang tlhokomelo e kgethegileng, tshegetso kgotsa tshireletso ka ntlha ya
dingwaga, boleng, bokowa, matshosetsi a lesotlo kgotsa go ikgatolosiwa.
W WHO Mokgatlho wa lefatshe wa pholo.

COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021 17-SE
MMELE O TSIBOGELA
COVID-19 JANG
1. Ditshidikakaretso tse di 2. E bontsha masole a mmele
sireletsang mmele di lemoga selebo sa mogare. Mmele
mogare, di o tlhafune lego o o simolola go tlhola
ripitla kgotsa go o bolaya. Seno dikotla tse di sireletsang
se diragala ka gangwe fela, mm kgatlhanong le malwetsi.
eke megare e bolawang ka iketlo.
Spike Protein
(Antigen)

Antibody

3. Dikotla tse di kgatlhanong 4. Dikotla di kgona go tsiboga


le Covid-19 di a tlholwa. fela go tsaya nako jaaka
Di thibela dikotla tse di malatsi goya go dibeke go
gakatsang bogale jwa tlhola dikotla tse di maleba
mogare lego baka gore kgatlhanong le Covid-19.
mogare o
naparele
ditshidi mo
mmeleng.

COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021 85-ST
MEENTO E DIRA JANG?
MEENTO E KATISA MMELE GO LEMOGA LEGO
LWANTSHA COVID-19 PELE TSHWAETSO E DIRAGALA

1. Moento o nale molaetsa 2. Dikotla di kgontsha


wago tlhola dikotla mmele go tlhola
tse dika tsibogang masole.
kgatlhanong le mogare.
Antibody

Spike Protein

Antigen

3. Fa mogare wa covid-19 o tsena 4. Ditshidi


mo mmeleng o fitlhela masole kgopolo
a mmele a le malalaotswe go di kgona
sireletsa mmele kgatlhanong le
go boloka
mogare.
tshedimosetso
kaga mogare
ka maitlhomo
DIES
ANTIBO a go ripitla
covid-19 fa e
itelekela ka
mmele.

86-ST
86 COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021
DITHOTO TSE DI KAFA
TLASE GA TAOLO
INTELLECTUAL PROPERTY
• Se kefa motho a tlhama sengwe se sesha, mme se kgona go
kwadisiwa ka leina la gagwe.

PATENTS
• Se ke karolo ya dithoto tse di kwadisitsweng ka leina la
motho kgotsa setheo mo gone puso e rebolelang motlhami
tetla/ tshwanelo yago thibela ba bangwe go dirisa kgotsa
go rekisa sengwe se se tlhamilweng ke bona.
• Mo Afrika Borwa pakaya tsona ke dingwaga dile 20.

TRIPS
• Se ke tumalano ya molao bodichaba magareng ga
maloko a mokgatlho kgwebisano wa lefatshe.
• E busa melao e laolang dithoto ka paka ya
kgwebisano magareng ga dinaga.

KE GORENG MELAO ENO E SA SIAMELA PHOLO


• Tshwanelo yago thibela tiriso kgotsa thekiso ka motlhami e neela
ditlamo tsa tlhagiso ya diriti-batsi tetla yago itirela fela ka tlhagiso
ya melemo lego laola ditlhwatlhwa.
• Ditumalano tsa semolao bodichaba kaga dithoto dika iletsa dinaga
go tlhama didiriswa tse di bo-lokang matshelo.
• Tshwanelo ya semolao mo sedirisweng se se lekang Covid-19 e ama
Afrika Borwa.

COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021 93-ST
MATSAPA A TSEWANG KE
LEFATSHE GO NETEFATSA
PHITLHELELO YA MEENTO–
COVAX AND C-TAP
COVID-19 VACCINES COVID-19 TECHNOLOGY
GLOBAL ACCESS (COVAX) ACCESS POOL (C-TAP)
• Leano lago reka gape kgotsa • Boithaopo jwa go arogana
go boloka moento. tshedimosetso le mafaratlhatlha
• Dinaga tse disa itsholelang di a pholo kaga Covid-19.
amogela moento mahala. • Ditsholofelo tsago
• Dinaga tse maemo a tsona itlhaganedisa phitlhelelo ya
a ikonomi a tokafetseng meento, melemo letse dingwe.
di fitlhelela moento ka
tlhwatlhwa ya mmaraka.

BUT
• Fela e seng dikarolwana tse • Fela e tshegediwa ke dinaga tse
di lekaneng [ diporesente dikwa tlase lefa gare dile 34 ka
dile 20 tsa baagi fela] mokgwa wago dira lotseno.
• Ga di gwetlhe molao e laolang • Gago tshegetso kwa
dithoto/ bogwenegwene jwa United Kingdom le USA.
ditlhwatlhwa le lotseno. • Lego fitlha gompieno gago
setheo sa tlhagiso ya melemo
se se neelaneng ka tshegetso.

94-ST COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021
TLHOPO E SELE
COVID-19 TRIPS WAIVER
• AFRIKA BORWA LE INDIA DI TSITSINTSE IP WAIVER GO TOTILWE
MAFARATLHATLHA OTLHE A GOLAGANENG LE COVID-19.
› Paka ya leroborobo
› Go fitlha moento o fitlhelelwa ke sechaba sotlhe kgotsa
› Palo e kwa godimo ya batho b aba sireletsegileng kgatlhanong le
bolwetsi lefatshe ka bophara
• BOBOROGI- Tshwaragano go Kenya le eSwatini, ka tshegetso ya
mekgatlho LLC, MIC, VATICAN, WHO le UNAIDS.
• Kemokgatlhanong ka US, EU, JAPAN letse dingwe.

LETSHOLO LA MOENTO WA BATHO


Covid19 People’s Coalition SA
@CovidCoalition

Boikuelo jwa gore go dirwe ka tshegetso ya mekgatlho


e feta 500 le batho ka nosi. Go dira kago ruta kgotsa go
rupelela sechaba lego rotloetsa puso le ditheo tse ditona
tsa tlhagiso ya melemo go netefatsa fa phitlhelelo ya
moento e sa tseye letlhakore.

https://c19peoplescoalition.org.za/towards-a-peoples-vaccine-campaign-a-call-to-action/

RE TSHWANELWA KEGO RULAGANYA LEGO


KGOBOKANYA TSIBOGO GO COVID-19, GO AKARETSA LE
PHITLHELELO E SA TSEYENG LETLHAKORE YA MEENTO.

COVID-19 VACCINE LITERACY: TRAIN THE TRAINER MANUAL – MAY 2021 95-ST

You might also like