You are on page 1of 9

Yunibesithi ya Bokone-Bophirima

Lefapha la Dithuto
Sekolo sa Baithuti ba Dikirii ya Ntlha

MOKWALO/GO KWALA KA SEATLA

1. Kgolo ya go kwala ka seatla:

Bona :Ina Joubert et al: Literacy in the Foundation Phase, p. 160-191. E fetoletswe le go khutsafadiwa ke
Ellen Nkwe wa Yunibesithi ya Bokone Bophirima-Khampase ya Mafikeng)

a) Go botlhokwa go itse pharologanyo gareng ga lereo la “go kwala” le la “mokwalo”.


b) Go kwala go raya fa motho a tlhama ditlhaka le dipalo ka mokwalo-kgatiso kgotsa mokwalo-
tshwaragano.
c) Mokwalo ke mofuta wa tlhaeletsano.
d) Se se botlhokwa ke bokgoni jo ngwana a tshwanetseng go bo bona go itse dithekiniki tsa go kwala.
e) Totatota mogopolo o tlhongwa mo go tlhameng dialefabete tse di amogelesegang, le bogolo,
sekgala (spacing), go balega le lobelo lo lo siameng lwa go kwala.
f) Go kwala go akaretsa go tlhama ditlhaka.
g) Dintlha tse dingwe tsa botlhokwa ke go nna sentle, gore o kwala o ntse jang, le go itse go dirisa
pene.
h) Maikaelelo a go kwala ka seatla ke go dirisetsa mokwalo maikaelelo.
i) Fa kitso eno e ntšhwa ya go kwala e gokaganngwa le e ngwana a nang le yone , go kwala go nna le
bokao.
j) Go kwala go rutiwa mmogo le go buisa gore ngwana a bone e le selo sa botshelo jotlhe (lifelong).
k) Go kwala ka seatla go raya go tlhama ditlhaka tse dikgolo le tse dinnye le dipalo. Seno se akaretsa:

 Go bona tlhaka le palo ka matlho.


 Go tsenya tlhaka kgotsa palo eo mo tlhaloganyong/maitlhomong.
 Go gakologelwa le go kwala maitlhomo ano.

l) Bana ba tshwanetse go rutiwa go kwala le mokwalo go tswa kwa bonnyeng.


m) Bana ba bannye ba tshwanetse go rotloediwa go kwala ka mokgwa mongwe le mongwe jk. go
kgwarinya (scribble), kgotsa go kopa (copy) ditlhaka kwa ntle ga gore morutabana a ba tshwaye
diposo gangwe le gape.
n) Bana ba tshwanetse go fitlha mo kgatong eo ba kgonang go dirisa bokgoni jwa seatla le matlho go
kwala.
o) Bana ba siametse go ithuta go kwala fa ban a le bokgoni jo bo amanang le kgolo ya mesifa
(muscles).
p) Bokgoni jono ba akaretsa tiriso ya mesifa e mennye, go golaganya leitlho le seatla (eye-hand
coordination), le go kgona go bopa dipopego tsa tshimologo tsa go kwala(basic writing characters).
q) Go botlhokwa gore bana ba ithuta metheo eno le go e dirisa ka phuthulogo, bogolothata mo
mophatong wa R (Grade R)
Ditekanyetsothuto (Assessment standards) tse di golaganeng le go kwala tsa Kemo ya
Kharikulamo tsa Ditlhopa R-3 ke tse di latelang:

1. Ba simolole go lekeletsa go kwala:


a) Ba thala ditshwantsho le go di dirisa go gorosa molaetsa, e bile jaaka tshimologo ya go
kwala.
b) Ba bopa ditlhaka ka mekgwa e mentsi (Ka go dirisa mebele ya bone go supa ditlhaka le
go kwala mo mošaweng le mo phefong).
c) Ba tlhaloganye gore go kwala le go thala di a farologana.
d) Ngwana a “kwale” mme a botse ba bangwe gore o kwadile eng.
e) A bue ka ditshwantsho le “mokwalo” wa gagwe.
MOPHATO R f) Ba etsise “go kwala” ka maikaelelo a a rileng.
g) Ba kgone go dirisa ditlhaka le dipalo tse ba di itseng go emela puo e e kwadilweng,
bogolothata ditlhaka tsa maina le dingwaga tsa bone.
h) Ngwana a “buise” mokwalo wa gagwe wa ntlha fa a tewa jalo.
i) A supe mo maitekong a gagwe tshimologo ya temogo ya gore mokwalo o ya kae
sekao: go simolola ko molemeng go ya kwamojeng, go tswa kwa godimo go ya ko
tlase.
j) Ba kope maina a dilo tse di mo tikologong ya bone (sk.maina a dilwana tsa ntlo,
dipapatso j.j.)
k) Ba dire maiteko a mokwalo o o tlwaelegileng, ba dirisa ditlhaka (sk. mo manaaneng,
melaetsa kgotsa makwalo).
l) Ba dirisa didirisiwa tsa go kwala jaaka dipene tsa mebala le dipensele.

1.Ba kwala ka mokgwa o go balegang go one go oketsegang


a) Ba dirisa didirisiwa tsa go kwala jaaka dipene tsa mebala le dipensele sentle.
b) Ba nna le bokgoni jwa go bopa ditlhaka le go kwala ka seatla, ba thala ditshwano
(patterns), ba dirisa pampiri e e lotsatsa go tshwantsha le go kopa ditlhaka
c) Ba bopa ditlhaka tsa alefabete ka katlego.
MOPHATO 1 5. Ba kwala ka mokgwa o e leng gore ba bangwe ba ka tlhaloganya, ba dirisa ditsela tsa
ka
gale tsa go kwala.
a) Ba dirisa ditlhaka go bopa mafoko le diplolelo tse di khutshwane.
b) Ba tlogela sebaka fa gare ga mafoko.
c) Ba kwala go tswa kwa molemeng go ya kwa mojeng, go tswa kwa godimo go ya kwa
tlase.
d) Ba simolola go dirisa matshwao a puo jaaka ditlhakakgolo le khutlo.

1. Ba kwala ka mokgwa o go balegang go one go oketsegang:


a) Ba dirisa didirisiwa tsa go kwala sentle.
b) Ba bopa ditlhaka sentle le gone motlhofo.
c) Ba kwala motlhofo le ka bonako thata ka ntlha ya katiso ya ka metlha.
2. Ba kwala ka mokgwa o ba bangwe ba ka tlhaloganyang, ba dirisa thutapuo e
MOPHATO 2
nepagetseng le ditsela tsa go kwala tsa ka gale
a) Ba dirisa matshwao a puo a ntlha jaaka ditlhakakgolo le khutlo.
b) Ba lekeletsa matshwao a puo a mangwe jaaka la tsiboso le la potso.

1. Ba kwala sentle go balega:


a) Ba kwala motlhofo le ka bonako jo bo golang ka ntlha ya katiso ya ka metlha.
b) Ba fetsa tiro ya go kwala mo nakong e e beilweng.
4. Ba boeletsa tiro ya bone:
a) Ba bua ka mokwalo wa bone le wa ba bangwe go utlwa gore go tsamaile jang.
b) Ba tlhopa ditlhokwa mokwalo wa bone (sk. go phimola le go tsenya mafoko, go
MOPHATO 3
rulaganya sešwa dipolelo, go lebalebisisa le go baakanya mopeleto le matshwao a
puo).
c) Ba boeletsa tiro ya bone fa ba fetsa go utlwa gore ba bangwe ba a reng ka yone.
7. Ba dirisa thutapuo e e nepagetseng le ditsela tsa ka gale:
a) Ba simolola go dira ditemana ka dipolelo.
b) Ba dirisa matshwao sentle(ditlhakakgolo, dikhutlo, matshwao a potso, diphegelwana,
dinalana, le matshwao a tsibiso).

2. Ditsela tsa go ruta go kwala:


a. Go kwala go na le lemorago la dingwagangwaga.
b. Alefabete e re e dirisang ga jaana ke e e simolotsweng ke Magerika mme ya tsweletsa pele
ke Maroma.
c. Dialefabete tse 26 tse re di dirisang di bidiwa tsa Seroma.
d. Go na le ditsela di le mmalwa tsa go rura go kwala. Tsone ke:
i. Mokgwa wa Setso/Bogologolo (Traditional Method)
ii. Mokgwa wa D’Nealian (D’Nealian Method)
iii. GKBP (Go ruta go Kwala, go Bala le go Peleta (THRASS)
e. Mokgwa wa Bogologolo: (Bona tsebe 178 mo go Joubert, temana ya 6.8.3.)
i. Mokgwa ono gape o itsiwe jaaka wa “kgolokwe le thupa” (ball and stick) kgotsa
“tshekeletsa le thupa” (circle and stick).
ii. Mokgwa o on ntse o dirisiwa mo Aforika Borwa dingwaga tse di mmalwa tse di
fetileng.
iii. O ruta gore tlhaka ke selo se lo sosi se se agilweng ka dikarolwana tse di bowang di
kopanngwa.
f. Mokgwa wa D’Nealian: (Bona tsebe 185 mo go Joubert, temana ya 6.10)
i. O tlile ka morutabana yo o neng a bidiwa Donald Neal Thurber.
ii. O dirisa ditlhaka tsa mokgwa wa bogologolo mo mokwalong o o tshwaraganeng
(cursive writing), kwa ntle ga ditlhaka tsa f, s, v le z.
iii. Ditlhaka di kwalwa ka mokgwa o o di tshwaraganyang ka go sa kgaotse.
iv. Ditlhaka di bopilwe ka mokgwa o o leng gore di ka lomaganngwa motlhofo go tswa
mo kwalokgatisong (print writing) go ya kwa kwalotshwaraganong (cursive writing)
g. GKBP (THRASS) (Bona tsebe 177 mo go Joubert, temana ya 6.8.2)
i. Jaaka re buile fa godimo, seno se raya “go ruta go kwala, go bala le go peleta”.
ii. Mo mokgweng ono ngwana o dirisa matlho le ditsebe, ka gonne o ithuta popego le
modumo wa tlhaka nngwe le nngwe ka nako e le nngwe.

3. Mabaka a a amang go kwala ka seatla


a. Netefatsa gore dilo tse di sitisang ngwana go kwala sentle di tlositswe.
b. Ngwana o tshwanetse go nna ka boiketlo le ka phuthologo.
c. Barutabana ba tshwanetse go ela tlhoko letsogo le legolo la ngwana, mmele le maemo a go
kwala, mokgwa o a tshwarang pene ka teng, gore buka kgotsa pampiri e dutse jang,
fenitšhara, lesedi, jalo le jalo.
d. Motho mongwe le mongwe o na le karolo e renang/tona/kgolo. (Dominant side).
e. Mo bontsing jwa batho moja ke yona karolo e renang. Mme go na le batho ba le bantsi bao
molema e leng ona karolo e kgolo.
f. Morutabana o tshwanetse go lepa bana fa ba ntse ba tshameka dilo tse di tshwanang le go
raga, go latlhela kgotsa go sega, go bona gore karolo ya bone e e renang ke efe.
g. Dilo tse di ama ntlha ya gore setulo sa ngwana se nne jang le gore pampiri e dule jang.
h. Bana ba ba molema ba nne ka fa molemeng wa ba moja.
i. Ngwana a nne fa pele ga banka (desk), kwa ntle ga go e kgoma thata mme dinao di seka tsa
fapaanngwa.
j. Pene e tshwarwe sentle fa gare ga kgonojwe (thumb) le supabaloi (index) mme monwana
wa fa gare o e ama go senene ka fa tlase.
k. Mokgwa o buka e nnang ka one o a farologana gareng ga bana ba moja le ba molema.
l. Mo go wa moja, buka ela ka kwa mojeng wa mmele wa gagwe. Mo go wa molema, e ela ka
kwa karolong ya molema ya mmele wa gagwe.
m. Fa ngwana wa molema a kwala mokwalo-tshwaragano (cursive) pampiri e sekegele di dikirii
tse 50 kwa mojeng.
n. Mo go wa moja fa a kwala ka go tshwaraganya, e sekegele di dikirii tse20 kwa molemeng.

50 15-20

o. Ngwana o o molema, a tshwarele pene kwa godingwana gore a tle a bone se a se kwalang.
p. Bogodimo jwa banka le jone bo botlhokwa.
q. Lesedi le le lekaneng le a tlhokega.

4. Bokgoni le tiriso ya seatla le leitlho le kgolo ya mesifa ya seatla jaaka tlhokego ya ntlha:

Bokgoni jwa mesifa ya mmele bo botlhokwa thata mo go atlegeng mo go kwaleng. Bokgoni jono bo
akaretsa tiriso ya mesifa e megolo, mesifa e mennye, nyalano gareng ga leitlho le seatla, lepele la pono
le pharologantsho ya lemorago, go gakologelwa se o se boneng ka matlho le kemo ya mmele.
a) Nyalano ya mesifa e megolo: (Gross motor coordination)
i. Fa bana ba tshameka kgwele ya dinao, ba pitikana e bile ba ikakga, mesifa e megolo e a
gola.
ii. Taolo le nyalano ya mesifa e megolo gape di ka gola ka metshameko ya go tantsha,
terama le botaki.
iii. Gape ba ka e godisa ka go thala mo mošaweng le go tshwantsha dipopego ka
dikerayone.

b) Nyalano ya mesifa e mennye: (Fine motor coordination)


i. Seno se akaretsa nyalano ya mesifa e mennye ya seatla, monwana le letlhalela (wrist).
ii. Katiso ya menwana e botlhokwa mo go kwaleng.
iii. Katiso eno e akaretsa go raya ngwana o re a ame menwana yotlhe ya gagwe ka
monwana wa kgonojwe. Ba simolola ka supabaloi. Kgotsa go bula le go tswela
dipheke(pegs) ka go dirisa kgonojwe le menwana e mengwe.

c) Nyalano ya leitlho le seatla: (Eye-hand coordination)


i. Seno ke bokgoni jwa go dira gore seatla gore se sale morago leitlho.
ii. Mo Aforika Borwa, seatla se sala leitlho morago go tswa mo molemeng go ya kwa
mojeng.
iii. Ba ka rutiwa seno ka go etsisa motsamao ono le ka go o dira ba boduletse.

d) Lepele la pono le go farologantsha lemorago: (Visual foreground and background


discrimination)
i. Seno ke bokgoni jwa go bona selo le lemorago la sone le go tlhaola selo se se botlhokwa
mo go se se seng botlhokwa.
ii. Ditshwantsho di ka dirisiwa go rotloetsa bokgoni jono.

e) Go gopola tse o di boneng ka matlho: (Visual memory)


i. Bana ba tshwanetse go rutiwa go gakologelwa dilo tse ba di boneng ka matlho.
ii. Morutabana a ka dira jalo ka go ba bontsha dilo dingwe, mme morago a di khurumetse,
a tswe a ba botsa gore ba di supe.
iii. Bana ba tshwanetse go boloka tshedimosetso e ba e boneng mme ba e gakologelwe.
iv.
f) Kemo ya mmele: (Body orientation)
i. Seno se akaretsa kemo ya mmele, boletlhakore (laterality), go itse ntlha (direction), le
letlhakore le legolo.
ii. Bana ba tshwanetse go itse mebele ya bone.
iii. Morutabana a ka ba ruta ka metshameko ya go dirisa le go lemoga dirwe tsa mebelel ya
bone.
iv. Gape ba ka tlhama ditlhaka ka mebele ya bone.
5. Mokwalokgatiso, mokwalotshwaragano le go kwalwa ga dipalo.

a) Mokgwa wa go kwala ka mokwalokgatiso (print):


i. Mokwalokgatiso o na le dipopego le ditiro.
ii. Go na le dipopego tsa motheo (basic patterns).
iii. Go na le dipopego tsa dithutiso tsa go ipaakanyetsa ditlhaka dingwe le mefuta
mengwe ya tsone.
iv. Go na le dipopego tse di tswakanyeng.
v. Mokgwa o ditlhaka di rutiwang ka one, o ikaegile ka tiriso ya tsone, diponagalo tse di
tshwanang tsa tsone, kgotsa gore dithata jang.
vi. Morutabana a dire gore morutwana a kwale leina la gagwe kgotsa ene a mo le kwalele.
vii. Go siame thata go simolola mokwalo ka ditlhaka tsa leina la ngwana.
viii. Mme e bile go botoka fa go ithuta ditlhaka go golagane le tiriso ya tsone.
ix. Barutwana ba ithute le go farologantsha gareng ga ditlhaka tse dinnye le tse dikgolo.
x. Mokwalokgatiso le mokwalotshwaragano di ithutiwe ka go latelana.
xi. Fa o ruta go kwala, ditlhaka tse di tsamaelanang di nne setlhopa se le sengwe.
xii. Ela tlhoko gore ditlhaka tse di kwadilweng fa tlase di na le kwa motho a simololang
teng le kwa o feleletsang teng fa o di kwala:
xiii. Barutwana ba dirise pampiri e senang metlhala kwa tshimologong.
xiv. Fa ditshika tsa ngwana tsa seatla di sena go tia, go kwala fa gare ga mela go ka simologa.
xv. Fa ba dirisa buka ya mela e mesesane, bana ba ka dirisa mela e meraro.
xvi. Mola o kwa godimo ke “tlhogo”, o fa gare ke “mmele” mme o o kwa tlase ke “maoto”.

b) Mokgwa wa go kwala ka mokwalotshwaragano (cursive):


i. Bontsi jwa dikolo bo simolola go ruta go tshwaraganya mo mophatong wa 2.
ii. Go tshwanetse go nna motlhofo go tswa mo mokwalokgatisong go ya kwa
mokwalotshwaraganong.
iii. Mokwalotshwaragano o na le dipopegotheo (basic writing patterns) fela jaaka
mokwalokgatiso.
iv. Morutabana o tshwanetse go letla bana go ithuta go kwala ka dipopego tseno.
v. Mo thutong eno, morutaban o tshwanetse go gatelelapopo e siameng ya ditlhaka, gore
o simolola e bile o felela kae fa o kwala tlhaka, tomagano, tshekamo (slant), j.j.
vi. Thuto ya go kwala e patiwe le puofatso (verbalization) ya ditlhaka.
vii. Ditlhaka di rutiwe go ya ka bothata jwa tsone.

c)
d)

e) Katoganyo (spacing):
i. Morutabana a rute bana go katologanya ditlhaka tsa lefoko ka tekano, mafoko mo
polelong le polelo mo poleleong e nngwe. Katologano ya dipolelo e nne kana ka bogolo
jwa tlhaka kgotsa bophara jwa monwana.
ii. Fa bana ba kwala mo pampering e lolea, metlhala e katologane ka bogolo jwa mmele wa
ditlhaka.
f) Mokgwa wa go kwala dipalo:
i. Go kwala dipalo go tsaya dikgato tse di tshwanang le tsa go kwala ditlhaka.
ii. Bana ba ka kwala ditlhaka mo letlhareng le le nang le mela kgotsa dimeka (block).
iii. Dipalo di nne tsa bogolo jo bo lekanang le jwa tsa ditlhaka.

6. Go ruta go kwala le Tlhatlhobo ya tiro ya go kwala


a. Go kwala go tshwanetse go tlhatlhobiwa mo maemomg a a nang le bokao (meaningful
context).
b. Dipoelo tse dikgolo tsa go ruta go kwala ke go balega (legibility)le go dirisega
(functionality/utility).
c. Bana ba lemoge gore mokwalo ke mokgwa wa go tlhaeletsana.
d. Bana ba rotloediwe go boloka dikao tsa mokwalo wa bone.
e. Gape ba rutiwe go tlhatlhoba mokwalo wa ba bangwe ka ditlhopa kgotsa ka dipara.
f. Morutabana a amogele mekgwa ya go kwala ya bana botlhe.

Bokhutlo

You might also like