You are on page 1of 18

KAROLO A-THUTAPUO

YUNITI 1: LEINA LE LEEMEDI

KA: MME SHUPING


DIPOELOTHUTO:
• KWA BOKHUTLONG JWA YUNITI ENO, GO SOLOFELWA GORE MOITHUTI
A BE A ITSE TSE DILATELANG;
 Go thadiso ka ga dipopi tsa maina le tsa maemedi,
 Go arologanya maina ka ditlhopha tsa ona,
 Go supa nyenyefatso ya maina o dirisa megatlana –nyana le –ana.

• Go dirisa maina le maemedi mo dipolelong ka ditsela tse di farologaneng.


MATSENO;
• Leina ke karolopuo e e kayang batho le dilo mme mo thutong e, e tla sekasekwa e le ‘maina’ ka ntlha ya
bontsi jwa mefuta ya lona.

• Leemedi lona ke karolopuo e ka kakaretso e emelang leina mo dipolelong. Dikarolopuo tse, di tlaa
tlhagisiwa go lebilwe:

• Bokao,

• Popego le

• Tiriso.
MAINA/LEINA
• Leina ke lefoko le kayang maina a batho le a dilo, e ka nna maina kgopolo
kgotsa maina kgongwa.
Leina le bopilwe ka tlhogo, kutu le mogatlana
• Tlhogo+ Kutu Bongwe/Bontsi
• Mo/Ba + nna Monna/Banna
MEFUTA YA MAINA (buisa pg 2-3 ya kaedi/ studyguide)

MEFUTA YA MAINA
Maina a tlholego le Mainamatswa
• MAINA A TLHOLEGO
Mainakgongwa a akaretsa maina a sengwe le sengwe e leng mainagotlhe le
mainaina kgotsa mainatota a e leng maina a batho le a mafelo a a simololang ka
ditlhakakgolo ka metlha
Dikao :Setlhare, Moseme, Mosadi, Malebo, Thuso, Tshwane, le Ditsobotla jj
Mainakgopolo ke maina a dilo tse di gopolwang mme di ka se kgonwe go
tshwarwa ka seatla
Dikao: lorato, tlala, loso, bodutu, botlhale jj
MEFUTA YA MAINA cont (pg 3 ya kaedi)

Mainagoboka/Mainakgoboka ke maina a tlholego a a supang bontsintsi jwa dilo


tsa mofuta o le mongwe
Dikao: segopa sa dinonyane, losaisai lwa dinta, motshitshi wa dinotshi.
• MAINAMATSWA= Ke maina a a tswang maineng a mangwe kgotsa mo
dikarolopuong tse dingwe.
Mainamatswamaineng: Mosadi= bosadi, tshadi,
Mainamatswadikutung tsa madiri: thuto, pono, seopedi, go opela
Mainamatswamatlhaoding: bogolo, bokhutshwane, botala, bobedi
Mainamatswamaemeding: boena, botsona, bonna
Mainamatswa matlhalosing: bogodimo, letlase, mateng
Mainatswako (pg 3 ya kaedi)

• MAINATSWAKO= Maina a a golagantsweng ka dikarolopo tse pedi

Leina le leina: lentswetshipi ( lentswe + tshipi)


leina le letlhaodi: mosadimogolo (mosadi + mogolo)
leina le lerui: mmaagwe ( mme + wa gagwe), mmabana (mme +bana)
lediri le letlhalosi: sewagodimo ( sewa+godimo)
lediri le leina: mmusakgotla (mmusa+kgotla)
Maadingwa/ Mathopiwa

• Maina a, ga a tlholege mo puong ya Setswana.

• Maadingwa ke maina a adimilweng go tswa mo dipuong tse dingwe

DIKAO : Kuranta (Kurant ka Seaforikanse)


Phensele (Pencil ka Seesimane )
Phaephe ( Pipe ka Seesimane)
lebenkele ( Wenkel ka Seaforikanse)
# Dirisa kaedi (tsebe 3)
MAEMEDI
Leemedi ke lefoko le le emelang leina mo polelong

Leemedi le bopilwe ka kutu – ona e e golegelelwang mo thuayiphaineng go


ikaegilwe ka ditlhophaina

Ditlhopha + tlhuanyitlhophaina + kutu bongwe/bontsi


Mo/Ba o/ba ona ena/bona

MEFUTA YA MAEMEDI
Maemeditho= Maemedi a emelang motlho/batho
Maemeditota= MAEMEDI A EMELAG DILO
Popego ya maina le ya maemedi

• Maina go ya ka popego, a bopiwa ka tlhogo + kutu + mogatlana. A re boneng thulaganyo e e latelang:


1.1.1 Dipopi tsa maina:
Tlhogo + kutu bongwe bontsi
mo-/ba - + -nna monna banna
mo-/me- + -goma mogoma megoma
le-/ma- + -godu legodu magodu
se-/di- + -lepe selepe dilepe
n(e-/din- + -ku nku dinku
lo-/di- + -bone lobone dipone
go-/- + bua go bua -
Dipopi tsa maemedi

• Maemedi a botšwa ka kutu –ona e e golegelelwang mo thuanyitlhophaineng go ikaegilwe ka


ditlhophaina tse di leng teng.

Ditlhophaina Thuanyitlhophaina + kutu Bongwe/Bontsi


1.mo-/ba- o/ba -ona Ena/bona
2.mo-/me- o/e -ona ona/yona
3.le-/ma- Le/a -ona lona/ona
4.se-/di- Se/di -ona sona/tsona
5. n-/din e/di -ona yona/tsona
6.Lo-/di- Lo/di -ona lona/tsona
TSWELELO…

Leemeditho Bongwe Bontsi


Mmui nna rona
Mmuisiwa wena lona
Mmuiwa ena bona
NYENYEFATSO
•Maina gape a santse a ka nyenyefadiwa ka mogatlana -nyana kgotsa mogatlana -ana.
Mogatlana -nyana ga o tlise phetogo epe mo maineng mme mogatlana -ana ona o tlisa
diphetogomodumo tse di rileng.

phefo > phefonyana phešwana


molapo > molaponyana molatswana
moriri > moririnyana moritshana

• Maina a ka nyenyefadiwa ka mogatlana –nyana kgotsa mogatlana -ana

• Dikao: Mosadi = Mosadinyana/Mosatswana

Moriri = Moririnyana/Moritshwana
Tiriso ya leina le leemedi mo dipolelong
Leina le leemedi jaaka sediri
• Modise o rata lenao

• Ena o rata lenao

Jaaka sedirwa
• Morutabana o ruta bana

• Morutabana o ruta bona


Jaaka thui
• Ditlhatlhobo tsa bana di simolola gompieno

Ditlhatlhobo tsa bona di simolola gompieno


Jaaka tlhalosi ya lekopanyi
Malome le bontsale ba lema masimo
Malome le bona ba lema masimo

# Dirisa kaedi (tsebe 3-6 )


TSWELELO…
1. A ka dirisiwa e le didiri kgotsa didirwa tsa dipolelo.
• Dikao: Batho ba bitsa bana (sediri)
• Bona ba bitsa bana

•Mosimane o bitsa batho (sedirwa

•) Mosimane o bitsa bona.


1. A ka dirisiwa e le matiro a dipolelo:


• Dikao: Ke batho.

• Ke bona. Lo batho. Lo bona.


1.1.1 A ka nna ditlhalosi tsa didiriso tsa dipolelo:
Dikao: Ke tlaa bua ka batho e seng masele.
Ke tlaa bua ka bona e seng ka masele.
Bokhutlo

You might also like