You are on page 1of 12

SETSWANA

STANDARD 5

END OF TERM 1 2020


Bala polelo e e latelang morago o arabe dipotso

Bolwetse jwa ga rre Tshetlha

Tshetla e ne e le mosimane wa motsana wa Sikwane kwa Mochudi. O ne a le dingwaga di le lesome, a le


mo mophatong wa bone mo sekolong se se botlana sa Sikwane. Mmaagwe Tshetla o ne a sa le a
tlhokafetse Tshetlha a le dingwaga di le tharo. O ne a sa gakologelwe sentlentle ka go bo a ne a ise a
tlhalefe fa a tlhokafala. O ile a godisiwa ke rraagwe le rakgadiagwe ebong Mosidi.
Mosidi o ne a siame thata, a tlhokomela Tshetlha jaaka o ka re ke ngwana wa gagwe, bogolo jang ka gore
ene o ne a se na bana. Rraagwe Tshetlha e bong Moshe e ne e le mokgweetsi wa dikoloi tsa megobagoba.
O ne a tsamaela kgakala jaaka kwa Aferika borwa, Namibia, Zambia, Zimbabwe le Mozambique tota.
Nako e ntsi o ne a e tsaya a seo mo gae a ile tiriping. Botshelo bo ne bo le monate ka jaana rraagwe
Tshetlha o ne a tlisa madi a mantsi mo gae, e re le fa a seo, Tshetlha le rakgadiagwe ba bo ba sa tlhoke
sepe.
Moshe e bong rraagwe Tshetlha, o ne a simologelwa ke bolwetse Tshetlha a le mo mophatong wa bone. O
ne a leka go ikgoga mme morago ga dikgwedi di se kae ga lemogwa fa a nale bolwetse jwa kgotholo e
tona (TB). O ne a kgaolwa mo tirong ka a ne a setse a supa dikai tsa go latlhegelwa ke nama. O ne a ka
se tlhole a kgona go tsamaya mesepele e meleele le gone go kgweetsa megobagoba ya dikoloi. Moshe a
simola go nna mo gae a tshwanelwa ke go tsaya dipilisi kwa kokelwaneng moso le moso. Botshelo jwa
simologa go fetoga mo ga abo Tshetlha. Madi a ne a sa tlhole a tsena mo lwapeng. Tshetlha a hutsafala go
bona rraagwe yo o neng a le senatla a fetogile molwetse yo o sa itireleng sepe.
Mosidi o ne a leka go nametsa Tshetlha ka dinako tsotlhe , ka go mmolelela fa rraagwe a tla a fola a bo a
boela kwa tirong. Sebe sa phiri e le gore Moshe ga a tsee kalafi ya gagwe sentle. Nako le nako fa a neelwa
dipilisi go re a di nwe o itira yoo a di noleng mme a di beile ka fa tlase ga loleme. Morago a di kgwe a di
latlhele kgakala. Se se ne sa dira gore bolwetse botsee phekelo e sele.
Motswedi Mahube 4 Buka ya dipolelo ka Amina Makkhwa le Carol Ntshabele
1. Tshetlha o ne a tswa kwa motsaneng ofe?
A. Rasesa
B.Mochudi
C. Sikwane
D. Morwa

2. Tshetlha o godisitswe ke bomang?


A. Rraagwe le rakgadiagwe
B. Mogolowe le rraagwe
C. Mmaagwe le rraagwe
D. Malomaagwe le rakgadiagwe

3. Rraagwe Tshetlha one a lwala bolwetse bofe?


A. Dikodu
B. Sebete
C. Tlhogo
D. Kgotholo e tona
4. Tlhalosa go re lefoko tlhokofala le raya eng
A go tsamaya
B. go swa
C. go tlhamalala
D. go tlhalefa

5. Mo temaneng ya boraro fa go twe “go latlhegelwa ke nama “go tewa jang


A. nama e wa mo tseleng
B. go bopama
C. go latlha nama ya batho
D. go latlhela nama mo pitseng

6. Go ya ka polelo ke eng se se dirileng gore bolwetse ja ga Moshe bot see phekelo e sele?
A. Moshe o ne a nwela dipilisi mo tlaleng
B. Moshe o ne a mona dipilisi
C. Moshe o ne a phura dipilisi
D. Moshe o ne a kgwa dipilisi a di latlhela kgakala

7. Tlhopha thulaganyo ya dieele e e agang temana e lomaganang sentle

i. Mosidi o tlhokomela Tshetlha jaaka o ka re ke ngwana wa gagwe


ii. Rraagwe Tshetlha ga a tsee kalafi ya gagwe sentle mme bolwetse jwa tsaya phekelo e sele
iii. Moshe o simologelwa ke bolwetse fa Tshetlha a le mo mophatong wa bone
iv. Tshetlha o tlhokafalelwa ke mmaagwe a sa ntse a le monnye
A .iv, i, iii, ii
B. ii, iv, i, iii
C. iii, i, iv, ii
D. ii, iii, i, iv
TLHOPHA SEELE SE SE MO PAKENG EE FILWENG POTSO 8-9

8. Paka e e tlang

A Mosetsana o thanya lo le tsebeng


B mosetsana o tla a thanya lo le tsebeng
C Mosetsana o thantse lo le tsebeng
D Mosetsana o ne a thanya lo le tsebeng

9. Paka jaanong
A. Basadi ba tla a dila malwapa
B. Basadi ba ne ba dila malwapa
C. Basadi ba didile malwapa
D. Basadi ba dila malwapa
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MOKWALO O O AMOGELESEGANG
POTSO 10-12
10. A. Basimane ba ne hakgamala fa ba re bona.
B. Basimane ba ne ba fakgamala fa ba re bona.
C. Basimane ba ne ba gakgamala fa ba re bona.
D. Basimane ba ne ba gakgamala ha ba re bona.

11. A. Ke ikutlwa ke tlhoafaletse kwa gae.


B. Ke ikutlwa ke tlhwaagaletse kwa gae.
C. Ke ikutlwa ke tlhwaahaletse kwa gae.
D. ke ikutlwa ke tlhwaafaletse kwa gae.

12. A. Ntlo e a sha.


B. Ntlo e a Ša.
C. Nto e a sha
D. Nto e a Ša

TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITWENG MATSHWAO A MOKWALO SENTLE


POTSO 13-15
13. A. Rre o lema makatane, mabele, magapu, le ditloo.
B. Rre o lema makatane , mabele, magapu le ditloo.
C. Rre o lema makatane, mabele, magapu le ditloo,
D. Rre o lema makatane? Mabele, magapu le ditloo.

14. A. Dikgomo di bolola leng?


B. Dikgomo di bolola leng,
C. Dikgomo di bolola leng:
D. Dikgomo di bolola leng.

15. A. O mpoditse gore a ke tla a mo thusa?


B. O mpoditse gore a ke tla a mo thusa,
C. O mpoditse gore a ke tla a mo thusa.
D. O mpoditse gore a ke tla a mo thusa!
RANOLELA DIELE TSE DI LATELANG KWA SETSWANENG POTSO 16-18
16. Katlego went to the cattlepost yesterday.

A. Maabane Katlego o ile morakeng.


B. Katlego o tla a ya morakeng ka moso.
C. Katlego one a ya morakeng maabane
D. Katlego o ile morakeng maabane.
17. When are you writing your final examinations?
A. O kwala ditlhatlhobo tsa gago leng?
B. O kwala ditlhatlhobo leng?
C. O tla kwala ditlhatlhobo leng?
D. Ditlhatlhobo tsa gago di kwalwa leng?
18. They have visited their friends.
A. Ba etetse ditsala.
B. Ba etetse ditsala tsa bone.
C. Ditsala tsa bone di ba etetse.
D. Ba ile kwa ditsaleng tsa bone.

TLHOPHA DIELE TSE MO GO TSONE GO DIRISITSWENG DITLHAKAKGOLO SENTLE POTSO


19- 21
19. A. Rre Mogapi ke mokwadi wa buka ya tshipidi.
B. Rremogapi ke mokwadi wa buka ya tshipidi.
C. Rre motlotlegi ke mokwadi wa buka ya Tshipidi
D. Rre Motlotlegi ke mokwadi wa buka ya Tshipidi.

20. A. thato o letse a bolaile Kgaka.


B. Thato o letse a bolaile Kgaka.
C. Thato o letse a bolaile kgaka.
D. Thato o letse a Bolaile kgaka.

21. A. Dikgomo tsa Batswapong di timetse.


B. Dikgomo tsa batswapong di timetse.
C. dikgomo tsa batswapong Di timetse.
D. Dikgomo tsa Batswapong di Timetse.
BOLELELA KAROLO YA PUO E E SEGETSWENG TSELANA MO DIELENG TSE DI LATELANG
MO POTSO 22-24
22. Megatla ya tsone e meleele.

A. Lediri
B. Leemedi
C. Letlhalosi
D. Lerui

23. Mosimane o kgweetsa koloi ya mabono.

A. Lerui
B. Leina
C. Lediri
D. Lesupi
24. O ile Motlhabaneng.

A. Letlhalosi
B. Lediri
C. Leruo
D. Leina
TLHOPHA KARABO E E SUPANG KA FA BA LELWAPA BA TSAMAELANANG KA TENG
POTSO 25-28
25. Kgaitsadie mme ke mmitsa _____________

A. Rangwane
B. Malome
C. Ntatemogolo
D. Rremogolo
26. Mogolowe rre wa mosadi ke mmitsa ___________

A. Nkuku
B. Mmangwane
C. Mmemogolo
D. Rakgadi
27. Ngwana wa ga molome ke mmitsa ___________

A. Ntsalake
B. Kgaitsadiake
C. Nkgonne
D. Nnake
28. Mmaagwe ntate ke mmitsa ____________
A. Rakgadi
B. Malome
C. Nkuku
D. Mmemogolo
TLHOPHA TLHALOSO E E LENG YONE
Tshela
1 Go tlola noka
2 Go nna le botshelo
3 Go tsenya seeledi mo selwaneng
29. Mme o tshela metsi mo emereng.

A. Tlhaloso 1
B. Tlhaloso 1 le 3
C. Tlhaloso 3
D. Tlaloso 2
30. Basimane ba tshela noka fa baya morakeng.
A Tlhaloso 2 le 3
B Tlhaloso 3
C Tlhaloso 2
D Tlhaloso 1

31. Podi ya rona e santse e tshela.


A Tlhaloso 1
B Tlhaloso 2
C Tlhaloso 1 le 2
D Tlhaloso 3
BALA LEBOKO LE LE LATELANG MORAGO O BO O ARABA DIPOTSO 32-35

Wena! O itsege ka “Attainment Test”


O kwalwa ke bana ba lokwalo la bone
Fa go padile, lokwalo le a boelelwa
Nna gompieno , ke go ikaelatse e le ruri.

Bangwe ba go kwala ba sa go ipaakanyetsa


Mme o ba bontshe dinaledi
Ga go thona go go ipaakanyetsa
Go go ipaakanyetsa nako e le teng.

Ngwaga ono o kopane le nkodiaboga


Tshimane le tshetsana e ipapanne ka marumo
Go go tlhabantsha jaaka dilalome
Re tla dika re go fentse ka tse di tsididi.

A re emeng ka dinao balekane


Re bale, re tlhaloganye,re itse
Tse di palang re thusiwe go tlhaloganya
Gonne phokoje wa morago dintŠa di mmonye.
32. Leboko le le bua ka ga eng?
A Ditlhatlhobo tsa lokwalo la bone
B Ditlhatlhobo tsa lokwalo la bosupa
C Ditlhatlhobo tsa lokwalo la boraro
D Ditlhatlhobo tsa lokwalo la botlhano
33. Go ya leboko le maikutlo a mmoki a ntse jang?

A Šhakgalo
B Boitumelo
C Thotoetso
D Kutlobotlhoko

34. “Mme o ba bontshe dinaledi,” go tewa di ___________

A Ba supegetsa dinaledi
B Ba palelwa
C Fenngwa thata
D Ba tsietsa

35. Ke sefe sekapuo se se dirisitsweng mo seeleng se se reng “go go tlhabantsha jaaka dilalome”

A Mothofatso
B Tshwantshanyo
C Tshwantshiso
D Tengwafatso

DIRISA MAFOKO GO TLATSA DIPHATLHA TSE DI TLOGETSWENG MO TEMANENG E E


LATELANG POTSO 36-40
Kgwedi ya Sedimonthole mo Batswaneng bangwe e ba tlela ka kgoro. Mo kgaolong ya Tswapong ke
nako
e _____36____ e a bong e le ntsi mme e nne boitumelo jo bogolo. Basadi le _____37_____ ba a
bothologa ba ya go thibelela mo sekgweng sa _____38_____ ba bapala phane. Bangwe ba e bapalela go
____39_____ ka yone fa ba bangwe ba e rekisa gore ba bone madi a ba tlaa _____40_____ bana ba
dikole diaparo ka one.

36. A Dinawa
B Mabele
C Morula
D Phane

37. A Banna
B Dipodi
C Leruo
D Diruiwa

38. A Maphane
B Marula
C Matlopi
D Maretlwa

39. A Kgabisa
B Tshameka
C Šaba
D Bina

40. A Rekisang
B Rekelang
C Rekisetsang
D Thusang

TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE MAFOKO A A TSHWARAGANANG LE A A SA


TSHWARAGANENG A DIRISITSWENG SENTLE MO POTSO 41-42
41. A Ba re ntlo yabone e ana.
B Ba re ntlo ya bo ne e ana.
C Bare ntlo ya bone e a na.
D Ba re ntlo ya bone e a na.

42. A Rre wa lelwapa le ke mang?


B Rre walelwapa le ke mang?
C Rre wa lelwapa le kemang?
D Rre wa lelwapa leke mang?
RANOLELA DIELE TSE DI LATELANG KWA SEKGOENG POTSO 43-45
43. Ginger ke ntŠa e e sa utlweng.

A Ginger is a handsome dog.


B Ginger is a cruel dog.
C Ginger is a naughty dog.
D Ginger is a clever dog.

44. Go iphitisa dinotagi go diphatsa.


A Overdose of drug abuse is dangerous.
B Overdose of alcohol is dangerous.
C Overdose is dangerous.
D overdose of alcohol is not dangerous.

45. Bana ba a tshameka.


A The children are playing games.
B The children are not playing.
C The children like to play.
D The children are playing.

DIRISA MMEPE O O LATELANG GO ARABA DIPOTSO 46-50

46. Kwa gaabo Kabo go fa gare ga ____________

A Gootau primary le kokelo ya Gootau.


B Koporase le maemelo a diterena.
C Gootau primary le koporase.
D Junior secondary le difiofisi tsa molemisi.

47. Koporase e ntlha efe ya motse wa Gootau?

A Bokone - botlhaba
B Bokone - bophirima
C Borwa - botlhaba
D Borwa – bophirirma
48. Fa o tswa mo maemelong a diterena o ya Gootau primary school o fapogela ka fa ___________

A Kwa pele
B Morago
C Mojeng
D Molemeng

49. Diofisi tsa molemisi di kwa ________ jwa motse wa Gootau.

A Botlhaba
B Bophirima
C Bokone
D Borwa

50. Ke efe kago e e kwa borwa –bophirima jwa kwa ga bo Kabo?

A Koporase
B Gootau junior school
C Gootau primary secondary
D kokelo ya Gootau

You might also like