You are on page 1of 5

Letlapa le le bolele

Motshameko o o kwadilwe ke Mogomotsi P. Banabotlhe. Bagatisi ba lekwalo le ke Pentagon


Publishers, 2004, Gaborone, Botswana. Kanoko e e latelang e dirilwe ke Sidney K
Berman. (Tlhakole, 2014).
THULAGANYO YA DITIRAGALO

Modiri, monna wa ga Khutsafalo wa lenyalo, o ratana le Tlhoriso. Re kopana le ene a tshedisetsa


Khutsafalo le bana ba gagwe mo kutlobotlhokong e e tlhomolang pelo, maikaelelo e le go “dira
gore Khutsafalo a tlhage motse” (tsebe 6). E re le fa e le ene fela mo lwapeng yo o nang le madi
a go reka dijo le go tshedisa lelwapa, Modiri ga a dire jalo. Mofufutso wa phatla ya gagwe o
felela kwa ga Tlhoriso. Dinakwana tse a leng mo lwapeng lwa ga Khutsafalo, Modiri o nna fela
ka go kgwa lenxa le le kgaolang pelo, go omana le go kgoba mosadi le bana ka dipuo. O bitsa
bana di-tla-di-anywa, dirathane le maribana – “metlapa, tlapa, tlapa, dibodu ka monna a ntsetse!”
(tsebe 4). Godimo ga seo, Tlhoriso ke mosadi yo o pelo e bosula e bile a le bogagapa. O
tshwenya Modiri ka go mo kgoba le go mo omanya, maikaelelo e le go mo pateletsa go koba
Khutsafalo le gore a tsise madi kwa go ene ka bonako. “A monna wa sekopa!” ke mofuta wa
mafoko a a tlwaetseng go tswa ka ditlhaa tsa ga Tlhoriso, mme Modiri a siane lepaapaa go dira
thomo ya ga Tlhoriso (tsebe 30). Modiri o tsena mo dikolotong tse di tsitsibanyang mmele ka
tlha ya go adimela Tlhoriso madi kwa tirong, e le go leka go mo itumedisa. Kwa bofelong,
Modiri o palelwa ke go duela dikoloto tse. E re le fa Modiri a gana go tlhokomela bana ba gagwe
ba lenyalo ka ntlha ya gore ga se ene a ba tsetseng, o felela a tlhokomela bana ba ga Tlhoriso,
ntswa e se ba gagwe. Motshameko o o gogwa ke ditiragalo tse di amanang le bonokwane jwa ga
Modiri le Tlhoriso jwa go leka go bolaya mongwe wa bana ba ga Khutsafalo e bong Mofalotsi.
Tlhotlheletso ya maikaelelo a ke lefufa, gonne Mofalotsi o dirile se Modiri le Tlhoriso ba neng
ba sa se solofela e bile ba sa se batle – o fentse mo dithutong tsa sekolo mme a tswelela ka go
fenya le mo botshelong ka kakaretso. Ba lekile ka dipheko tsa setso, ba leka ka go mo romelela
dirukutlhi, ba tloga ba leka go mo tsenya mo dipharagobeng tsa gore gotwe o utswile teemane.
Otlhe maiteko a a foloditse. Mo boemong jwa go atlega, a felela a tsentse botshelo jwa ga Modiri
le Tlhoriso mo dipharagobeng. Ka phoso, ngwana wa ga Tlhoriso, e bong Ditso, ke ene a
tshwarwang ka teemane eo ya bogodu, mme molato o wa mo isa kgolegelong. Tlhoriso o felela a
ile kgolegelong ka molato wa go thubela Khutsafalo motse. O ne a ka bo a lefisiwa dikgomo tse
di ferang bobedi, mme lehuma la bo le mo apere. Modiri le ene o ya “go disa poo botshelo jotlhe
jwa gagwe” mo kgolegelong ka molato wa go leka go bolaya Mofalotsi. Molato oo o tlhatlagane
le wa gore mongwe wa dirukutlhi tse Modiri a neng a di thapile go bolaya Mofalotsi o ne a raga
kgamelo, mme Modiri a rothegelwa ke madi a kgofa.

MOLAETSA

Molaetsa wa konokono o tswa mo setlhogong sa motshameko o, e bong “Letlapa le le bolele.”


Letlapa le le reledisang le, ke botshelo jwa ga Mofalotsi, ngwana wa ga Khutsafalo. Modiri le
Tlhoriso ba rile ba a le palama go ya kwa setlhoeng sa lone, mme ba relela gantsi go fitlhela ba
wela ruri. Maiteko otlhe a bone a go leka go fedisa botshelo jwa gagwe a iteile sefololetse. Mo
boemong jwa seo, botshelo jwa boo-babedi jwa tobekana mo Tlhoriso a feletseng a botsa a re,
“Modimo o mpeletsang tota?” (tsebe 91) fa Modiri ene a re, “Badimo ba re bifetse” (tsebe 71).
Mofalotsi ka nnete a fetoga mofalotsi wa ga Khutsafalo – a fenya mo botshelong mme a kgona
go inola Khutsafalo mo lehumeng le mo lekgobong. Mmadi o ka ithuta gore go fufegela motho
yo o se nang molato ke go leka go palama letlapa le le bolele. Ga go motlhofo go fitlha kwa
setlhoeng sa lone, e bile ga go busetse molemo.

BAANELWA-BAGOLO

Modiri

Modiri o goga baanelwa kgotsa batshameki botlhe kwa tlhogong. Gongwe le gongwe kwa a
lebisang maoto teng, ke teng kwa mokwadi a lebisang matlho a mmadi teng. Modiri o metsamao
le ditiro tse dintsi le tse di bonako thata fa a tshwantshanngwa le baanelwa ba bangwe. Ke ene a
nnileng le seabe mo thulaganyong ya ditiragalo tsa motshameko go feta baanelwa ba bangwe. Ke
ene modi wa dikgotlhang tsotlhe tsa motshameko – e seng jalo o amega mo go tsone ka tsela e e
papametseng, mme di re ise kwa setlhoeng sa motshameko. O tsisitse kgotlhang jaana: fa gare ga
lelwapa la ga Khutsafalo le la ga Tlhoriso, mme Tlhoriso a eleletsa bana ba ga Khutsafalo bosula
le leso; fa gare ga dirukutlhi ka go palelwa ke go di duela, tsa bo tsa felela di bolaane; fa gare ga
dirukutlhi le molao, tsa bo tsa felela di tshwerwe; fa gare ga ga Tlhoriso le molao, mme a bonwa
molato wa go senyetsa Khutsafalo lenyalo; fa gare ga ngwana wa ga Tlhoriso le molao, a bo a
felela a bonwe molato wa go utswa teemane; fa gare ga gagwe ene Modiri le Khutsafalo, bana ba
ga Khutsafalo, dirukutlhi le badiragatsi ba molao. Kwa bofelong, dikgotlhang tse di felela di mo
digetse ka lemena. Bokhutlo jwa motshameko bo goroswa ke go ya go disa poo ga gagwe.

Tlhoriso

Tlhoriso ke mongwe wa baanelwa bagolo. Ke mokapelo wa ga Modiri. Bobedi jo ke di-ya-


thoteng. Ga ba kgaogane gope mo go fufegeng le mo go logeleng Khutsafalo le bana ba gagwe
segwenegwene. Ka mafoko a tshwana le “Fa o tshaba go nyeletsa lesika la ga Khutsafalo, o
ntswele ka ntlo” (tsebe 54) mmadi o tlaa lemoga gore Tlhoriso, jaaka leina la gagwe le supa, o
lesukuru le tlhotlheletso thata mo go Modiri. Modiri o dira ka fa a dirang ka teng ka ntlha ya ga
Tlhoriso, e bile go lebega gore ntle le Tlhoriso, Modiri o ne a ka se fitlhise motshameko mo
dikgotlhannyeng le setlhoeng tse o gorogileng kwa go tsone. Ke ene a raelang Modiri go ila
Khutsafalo le bana. Mmogo, ba rulaganya ditsela tse di farologaneng tsa go sulafaletsa
Khutsafalo botshelo, go lobela Mofalotsi dintsi le go mo utswisa teemane. Fela jaaka jwa ga
Modiri, go senyegela ruri ga botshelo jwa ga Tlhoriso go wetsa ditiragalo tsa motshameko.

Khutsafalo

Khutsafalo le ene ke mongwe wa baanelwa bagolo. Ke mosadi yo o neng a nyetswe ke Modiri, e


bile ke mmaagwe Mofalotsi. Motshameko o thaetswe mo khutsafalong ya gagwe, mme bokhutlo
jwa one bo goroswa ke go fetoga ga botshelo jwa gagwe go nna jwa boitumelo. Bo sulafaditswe
ke Modiri ka go mo phuaganya ka bana mo lehumeng le ditiro tse di bosula tsa ga Modiri le
Tlhoriso tsa go leka go bolaya ngwana wa gagwe Mofalotsi. Botshelo jwa ga Khutsafalo bo ne
jwa siamisiwa ke go atlega ga ga Mofalotsi mo botshelong le go folotsa ga maiteko a ga Modiri
le Tlhoriso. Ditiragalo tsa motshameko di remeletse mo kamanong ya ga Khutsafalo le Modiri,
Mofalotsi le Tlhoriso. Lenaneo la go senya botshelo jwa ga Khutsafalo le ikaegile ka go bolaya
Mofalotsi. Mofalotsi Mofalotsi ke ngwana wa ga Khutsafalo. Modiri ke rraagwe Mofalotsi ka
gore o nyetse mmaagwe, e seng ka matsalo. Ditiragalo tsa motshameko o di remeletse mo
maikaelelong a ga Modiri le Tlhoriso go senyetsa le go tseela Mofalotsi botshelo, go folotsa ga
maikaelelo ao, le ditlamorago tsa gone.

BAANELWA BA BA BOTLANA

 Moreetsi le Oarabile – mogolowe Mofalotsi le monna wa gagwe


 Ditso – ngwana wa ga Tlhoriso
 Selepe le Semato – dirukutlhi tse di thapilweng ke Modiri
 Ngaka Marumo – moeteledipele wa dirukutlhi tsa ga Modiri
 Kgosi Lesogodi – moatlhodi wa ga Tlhoriso (kgosi ya Palapye)
 Kagiso – moatlhodi kwa kgotla-tshekelong
 Mothusi, Thebe, Katlego – mapodisi/basekisi ba puso
 Kgotla – mmueledi yo o ganneng go thusa Tlhoriso
 Mmakokelo – modiri kwa kokelong ya tlhaloganyo
 Kamogelo – modiri kwa kokelong ya Marina
 Mookamedi – mookamedi wa mesepele ya difofane
 Moeteledipele – kgosi ya batlhotlhomisi ba ga Ditso a sena go tshwarwa ka teemane
 Mogapi – modiri-mmogo le Modiri kwa moepong, e bong mogapi wa dithoto tsa ga Modiri
 Lesego – mosadi wa ga Mofalosi, yo o bolailweng ke botlhole ka letsatsi le a neng a nyalwa ka
loneKota le Khunou – bomalomaagwe Lesego
 Mooki, Ngaka – badiri kwa kokelong e Lesego a tlhokafaletseng tengSeiphetlhi le Mmoni –
malomaagwe le mmamalomaagwe Mofalotsi
 Thuso – moeteledipele wa ga Modiri kwa tirongGotlhometse – ngaka ya setso e e laetsweng go
bolaya Mofalotsi
 Kgololo – tsala ya ga Khutsafalo

SETLHOA

Setlhoa sa motshameko se bonala fa botshelo jwa ga Modiri le Tlhoriso bo tlhakatlhakana ka


ditsela tse di latelang: fa Ditso a tshwarelwa go utswa teemane mo boemong jwa gore go
tshwarwe Mofalotsi; fa dithoto tsa ga Modiri le Tlhoriso di gapiwa ba bo ba sala mo lehumeng,
le; fa Modiri le Tlhoriso ba tshwarwa, ba sekisiwa, ba bo ba atlholelwa kgolegelo. Pelo ya
mmadi e boela mannong fa a lemoga gore Modiri le Tlhoriso ga ba kitla ba tlhokofatsa
Khutsafalo le Mofalotsi ka tsela epe. Le ene Ditso yo o neng a tsweletse sentle mo botshelong –
yo o neng a ka kgona go golola batsadi ba gagwe mo isagong – o ile go disa poo botshelo jwa
gagwe jotlhe. Kana gongwe o ne a ka ba falotsa mme ba dika ba tsweledisitse lefufa la bone. Le
go ka! Maiteko otlhe a go senyetsa Mofalotsi botshelo a felela fa, mme ene o tsweledisa
mogwanto wa gagwe wa go atlega mo botshelong. E ke yone tharabololo e mmadi a ntseng a e
emetse.

LEFELO LE PAKA YA DITIRAGALO

Malwapa a ga Khutsafalo le Tlhoriso a mo Palapye. Mmadi o tlaa bona gore ditiragalo tsa
motshameko o ke tsa motse-setoropo ka dinako tsa fa botshelo jwa Setswana bo simolola go
tlhakana le jwa segompieno. Botshelo ga e sa tlhole e le jwa temo-thuo fela, go na le go tsena
sekolo le go direla mo meepong. Re nopola botshelo jwa segologolo fa re utlwa gotwe Lesego o
kopane le monna wa gagwe kwa nokeng, le gore Mofalotsi o amogetse maduo a sekolo ka
thelekeramo. Malatsing ano ba ka bo ba kopanetse kwa mabenkeleng kgotsa maduo a sekolo a
tla ka maranyane a inthanete? Re bona methale ya setso le ya segompieno ya go senyetsa motho
botshelo jaaka go dirisa dipheko kgotsa metswako ya maranyane e e tsentshang; e bile katlholo
ya ga Tlhoriso e kgona go nna dikgomo kgotsa ya kgolegelo. KGOTLHANGKgotlhang e kgolo
ya motshameko o e fa gare ga motho le motho. Ka ntlha ya go farologana ga dipelo le diemo tsa
matshelo a bone, baanelwa ba kgotletsa kgotlhang e e tlhomaganyang ditiragalo tsa motshameko.
Mathata a simologa fa Modiri a ratana le Tlhoriso, mme lerato la tsala kgotlhang fa gare ga
gagwe le mosadi wa gagwe, Khutsafalo. Kgoberego e ya okediwa ke dipelo tse di bosula tsa
baratani ba fa jaanong ba simolola go fufegela Khutsafalo le bana ba gagwe. Lefufa le le felela le
tsisitse dikgotlhang tse dingwe jaaka e e fa gare ga dirukutlhi le ngaka Marumo e e dirileng gore
Modiri a felele a tshwerwe.

MOKGWA WA GO KWALA

Mokwalo wa motshameko o o dirilwe ka motswako wa maele, diane le manatetshapuo a


Setswana. Sekai: Modiri a re, “E rile fa ke tlhatloga mo pitseng e e belang ka wela mo ‘isong” fa
Seiphetlhi ene a kgothatsa Mmoni ene a re, “O tshwanetse wa itse gore phalana tse pedi ga di na
serobe” (tsebe 34 le 45). Ga se gantsi mmadi a ka fitlhela seele se mokwadi a sa dirisang mofuta
o wa go kwala. Ke mokwalo o o lolameng wa Setswana, e bile o le motlhofo go balega. Le fa go
ntse jalo, gore mmadi a anywe mo go tletseng, o patelesega gore fale le fale a ipoeletse go bala le
go latedisa molaetsa wa polelo gore a tlhaloganye seane, leele kgotsa lenatetshapuo. Monate wa
go dira jalo ke go ikokeletsa kitso le tlhaloganyo ya puo ya Setswana. Mokwadi o lebega a dirile
bojotlhe go dirisa Setswana se se phepa, a sa se tlhakanya le dipuo tse dingwe fa go sa
tlhokafaleng teng. Go monate thata go utlwa mafoko a mantsi a Setswana a a nonneng a a atleng
a emisetswe ka a mangwe go sa tlhokafale. Gompieno, mafoko a tshwana le
“mmamadikwadikwane,” “maitibolo,” “sitwa” le a mangwe mo motshamekong o, a atle a
lebalesege mme a emisediwe ka ditlhaloso tse di lotsatsa jaaka “go dikologa,” “ngwanake wa
ntlha” le “palelwa.” Ntle le gore a tsweledisiwe jaaka motshameko o o dirile, badirisi ba
Setswana ba tloga ba akanya gore mafoko a ke a bogologolo. Mme le gale, go na le mafoko a
mokwadi a patelesegileng go a adima jaaka “kamore,” “lenyoloi,” “lepodisi” le a mangwe.
Motshameko o simolola ka tiragalo ya kwa bokhutlong, mme o tloge o ikgate motlhala ka go
simolola ditiragalo kwa tlhogong. Fa re bula lekwalo re kgatlhantshiwa ke Modiri le dirukutlhi
tsa gagwe ba seka ba bo ba atlholwa kwa kgotleng. Se se ka thusa mmadi go lebela pele
tharabologo ya ditiragalo tse di tswelelang ka go bifela pele tsa motshameko. Ditiragalo tsa one
di tlhomagane ka tsela e e bobebe. Mme fela, mmadi o ka nna a tshwenngwa ke bonako le
bobebe jwa dikganetsano tsa ga Modiri le Tlhoriso. Go lebega mokwadi a khutshwafatsa mafoko
a ga Modiri gore Modiri a tshabelelwe ke go fetoga ka ponyo ya leitlho ntle le tlhaloso fa a re o
ganetsana le Tlhoriso. Mo dikganetsanong tse, mmadi o ka nna a bona go tlhaela mabaka a a
dirang gore Modiri a fetogele mafoko e le a gagwe. Le fa go ntse jalo, go lebega mokwadi a ne a
batla gore ditiragalo di tswelele pele ntle le tiego, gonne ditiragalo tsa motshameko di kgweetswa
ke Modiri le Tlhoriso. Lebelo le la ditiragalo gape le ka dira gore mmadi o ka nna a kgaratlhe go
tlhomamisa dinako le katologano tsa mafelo mangwe a ditiragalo di a amang – kwa ga Tlhoriso,
kwa Marina, kwa ga Ngaka Marumo, kwa bopalamelong jwa difofane, kwa moepong wa
magala, kwa barekising ba teemane, jalo jalo. Le fa go ntse jalo, mokwadi o farologantse
baanelwa ka mekgwa ya bone e e ba tshwanetseng. Kwa lwapeng lwa ga Modiri, Tlhoriso le
bana ba bone ba nna ba gagautlana nako tsotlhe fa Khutsafalo le bana ba gagwe ba buisana ka
bonolo. Mafoko a tshwana le “O leferefere jaaka phokoje” le “Bosilo bo imela tlhogo ya gago”
ke selo-modiro kwa ga Modiri le Tlhoriso (tsebe 25 le 54). Kwa ga Khutsafalo go utlwala
mafoko a kakgolo jaaka, “Mma, ka re o di gatile sentle [dijo]” le “A pako e fiwe Modimo wa
magodimo” (tsebe 88 le 89).

You might also like