You are on page 1of 14

PHUDUHUDU GA E

TLHATLHELWE

Notes edited; 21st September 2022

St Joseph’s College Setswana


Department
Phuduhudu Ga E Tlhatlhelwe
1. Sekaseka thulaganyo ya ditiragalo o itebagantse le kgwetlho, kgotlhang, setlhoa,
mafologelo le phelelo.
Mo pading ya Phuduhudu ga e tlhatlhelwe KGWETLHO ya ditiragalo ke go tlhoka go godisa
Bontle sentle ga ga mmagwe Bontle e bong Mmamorojwa.
Kgotlhang e fitlhelwang mo palong e ke ya motho le tikologo. Kgotlhang e fa gare ga ga Bontle
le tikologo ka a dira ditiro tse di sa amogelesegeng mo tikologong ya gagawe.
Bontle o gotlhana le tikologo fa a tlhokela bagolo maitseo. E ne ya re Bontle a kgalemelwa ke
morutabana Mma Bantenne, a mo kgalemelela paka ya gagwe ya sekolo e khutshwane a fetola
ka go tlhoka maitseo a tsentse lenyatso mo teng a re "morutabana ga a bue sepe, le gore fela fa
paka e le tala e siame". O tswelela a tlhokela morutabana maitseo fa a mmitsa ka leina la tshotlo
a re ke “mistrese”. A boa a tlhokela rragwe e bong Mathubadihala maitseo fa a mo kgalemelela
go tsamaya bosigo. A fetola Mathubadihala ka makgakga a re o mo tsoseditse modumo a bo a
uwa gore ene fa a batla modumo o tla reetsa seromamowa. Se ke kgotlhang ka jaana Bontle ke
ngwana wa sekolo o solofelwa go nna tlotlo mo bagolong ka di nako tsotlhe e seng go ba fetola
fela jaaka a batla.
Bontle o tswelela a gotlhana le tikologo fa a tsamaya bosigo. Bontle le Lebogang ba ne ba
tsamaya masigo, ba ralala lefifi, ba ya kwa maitisong kwa Savage Wonder kwa ba neng ba feta
kopana le bakapelo ba bone e bong Gauza le Scavenger mme go itontelwe dino. Se ke kgotlhang
ka jaana Bontle ke ngwana wa sekolo a solofelwa go kabo a le mo lwapeng a bala, a ipakanyetsa
thuto ya letsatsi le le latelang go ipetlela isago e seng a sasankega bosigo.
Kgotlhang e tswelelela fa Bontle a ratana le banna ba ba tona mo go ene. Bontle o ne a ratana
le Gauza wa lesole yo o neng a mo tlakisa ka madi le monna wa lekonteraka yo o neng Bontle a
sa mo rate ene a ipatlela madi fela. Se ke kgotlhang ka Bontle e le ngwana wa sekolo ka jalo a
solofelwa go ka bo a le ko sekolong a ipetlela bokamoso e seng go itsenya mo diphatseng tsa go
ratana le banna ba batona.
O tsweledisa kgotlhang fa nna le mogopolo o o bosula wa go bolaya. Bontle o ne a dumalana le
mmagwe e bong Mmamorojwa go bolaya Mathubadihala ka a ne a sa mo rate go nne o ne a mo
kgoreletsa boitaolo, le gone gore mmagwe a tle a sale ka dikhumo tsa ga Mathubadihala.
Mmamorojwa o ne a ya ko go ngaka Rabaneke yo o fetileng a mo fa molemo o o bolayang go o
tsenya mo dijong tsa ga Mathubadihala. Bontle a apaya mme Mmamorojwa a tsenya molemo
mo dijong. E ne ya re Bontle a isa dijo a tsietsega mme a felela a neetse mmagwe dijo tse di nang
le molemo ka phoso. Morago ga malatsi a mararo Bontle o ne a phakelela kwa kamoreng ya ga
mmagwe, mme a fitlhela mmagwe a rototse matlho a sa heme, e le setopo fela, a lemoga fa leano
la go bolaya rragwe e le lone le bolaileng mmagwe. Se ke kgotlhang ka Bontle ke ngwana o
solofelwa go akanya ka thuto ya gagwe le bokamoso e seng go bolaya motho.
Bontle o gotlhana le tikologo fa a tlogela sekolo. Morago ga leso la ga Mma Morojwa Bontle o
ne a tlogela sekolo a ya go nna le monna wa lekonteraka ka a ne a sa rate Mathubadihala. Morago
ba ne ba tlogela monna wa lekonteraka ene le Lebogang go nna le bo Gauza ba dumela gore ba
ba kwa sekolong ba itiela nako, bone ke jaaka ba ipetlela isago. Se ke kgotlhang ka gore Bontle
ke ngwana yo o tshwanetseng go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ba mo gakolola e seng
go siya le malapa a banna fela ka jaana a sa rate motsadi mongwe wa gagwe.
Kgotlhang e tswelelela fa Bontle a nna matlhomatlho. Bontle o ne a ratana le Gauza wa lesole
mme a boa a ya go ratana le monna wa lekonteraka. Bontle le Lebogang ba ne ba bone nyalo kwa
diterankeng, bo Gauza bone ba bonwa ka sewelo. Se kgotlhang ka jaana Bontle ke ngwana o
tshwanetse go ikgapha mo go nne go diphatsa go ka mo senyetsa botsogo. Tsholofelo ke gore
Bontle a ratana le dibuka tsa gagwe.
Bontle o gotlhana le tikologo fa a gweba ka mmele. Bontle le Lebogang ba ne ba bonwa fa pele
ga Gaborone Hotel bosigo bongwe le bongwe ba apere bo kamponwane, ba letlelela mongwe le
mongwe go ba dirisa mo go tsa tlhakanelo dikobo go sa kgathelesege seemo sa gagwe, fela fa a
na le madi o ne a siame. Se ke kgotlhang ka jaana ngwana wa sekolo ga a solofelwe go bonwa a
gweba ka mmele. O solofelwa go bonwa a ithuta kwa sekolong a ipetlela isago, ka jaana go
ithekisa mmele go le diphatsa mo go ene.
Kgotlhang e tswelela fa Bontle a tsenwa ke mogare wa HIV o a o ipileditseng. Tshotlego o ne a
rotloetsa Bontle go ya itlhatlhobela mogare wa HIV morago ga gore ba kopane ka jaana Bontle o
ne a lela ka tlhogo e opetseng ruri. O ne a phakelela ko Tebelopele go ya go itlhatlhoba.
Marara a palo e a rarabologa fa Bontle a fitlhela a na le mogare wa HIV a bo a ikamogela mo e
leng sone setlhoa.
Mafologelo a padi e ke fa re bona Bontle o tsena kereke ya Atleng sa morena a bo a tlhophiwa
go nna mokwaledi ka a ne a le senatla.
Phelelo ya ditiragalo ke fa Bontle a nyalwa ke moruti e bong Bojotlhe. Ba bo ba nna le bana ba le
bararo, ba tshela ka boitumelo e bile ba na le lebentlele.
2. Maikutlo a mokwadi ke afe ka bana ba ba sa reetseng molao wa batsadi ba bone?

Maikutlo a mokwadi ka bana ba ba sa reetseng molao wa batsadi ke a kgalo. Mokwadi o dirisitse


Bontle e le sekai sa bana ba go nna jalo. Mokwadi o dirisitse ditsela tse di latelang go supa
maikutlo a gagwe; botho, baanelwa ba bangwe, kobiso, setlhogo sa padi ke maduo.
Mokwadi o dirisitse botho go senola maikutlo, o file Bontle botho jo bo maswe gape bo le
makgaphila jwa go nna seganana le go tlhoka tebelopele. Bontle o n e a le seganana jaaka ene
ya re Mathubadihala a mo kgalemelele go tsamaya masigo a bo a sa reetse. Se ke boganana ka
Bontle a ganana le dikgakollo tsa ga rragwe mme a tshwanetse go mo reetsa. Bontle o supa go
tlhoka tebelopele fa a togela sekolo morago ga loso la ga mmagwe a ya go nna le banna ba
makonteraka. Se ke go tlhoka tebelopele ka Bontle a sa lemoge fa sekolo e le sone bokamoso jwa
gagwe, mme abo a latlha tsela ka mokwadi o supa fa a sa rate bana ba ba sa reetseng molao.
Mokwadi o tswelela a dirisa baanelwa ba bangwe. O dirisa baanelwa ba bangwe kgatlhanong
boitshwaro jwa ga Bontle. Mokwadi o dirisa mogokgo go supa fa a le kgatlhanong le Bontle ka go
mmetsa ka a ne a tlhoketse morutabana Mma Bantenne botho. O tswelela ka go dirisa
morutabana Mma Bantenne ka go kgalemelela Bontle paka ya gagwe ya sekolo ka e ne le
khutshwane, go supa fa a ne a le kgatlhanong le ka fa Bontle a itsayang ka teng. Ka tsela e
mokwadi o supa fa a sa bee sebete bana baba sa reetseng molao.
Mokwadi o tswelela a dirisa kobiso, mokwadi o ikgatlha ka Bontle. Mokwadi o dirile gore Bontle
a lebele Tshotlego ko tlase e bile a re ga a kake a rwala ditlhako tse di tshwanang le tsa gagwe
mme kwa phelelong Tshotlego o felela e le ene a thusang Bontle go itlhatlhobela mogare wa
HIV/AIDS le go tsena kereke. Mokwadi o ikgatlha ka ene ka go dira gore a thusiwe ke ene motho
yo a neng a mo nyaditse mo botshelong. Ka tsela e mokwadi o supa fa a sa rate bana ba ba sa
reetseng dikgakololo.
Mokwadi o dirisa setlhogo sa buka go senola maikutlo a gagwe. Mokwadi o file buka setlhogo sa
tlhagiso se se reng ‘’PHUDUHUDU GA E TLHATLHELWE’’se se tswang mo seaneng se se reng
phuduhudu ga e tlhatlhelwe mme lemipi la yone le fetwa ke la podi. Seane se se raya gore
ngwana yoo itaolang ga a nke a boelwa ke sepe se sentle go na le o reetsang molao wa batsadi.
Re bona se ka Bontle yoo neng a sa reetse dikgakololo tsa ga rragwe, Mathubadihala le
barutabana mme a sotlega mo botshelong a tsenwa ke mogare fa Tshotlego a ne a atlega mo
botshelong ka a ne a nna mma melao megolo. Ka tsela e mokwadi o supa fa a le kgatlhanong le
bana ba ba sa reetseng molao wa batsadi.
Mokwadi o tswelela ka go dirisa puo. Mokwadi o dirisitse puo ya tshotlo fa a bua ka Bontle.
Mokwadi o sotla Bontle le Lebogang a re ba ne ba bopame, dirope tsa bone di swabile o kare di
ne di a gamolwa. O boa a mo sotla ka a re o ne a petlile melomo e ntse mentsho o kare sebete sa
tonki. Ka puo ya tshotlo mokwadi o supa fa sa bee sebete bana ba ba sa reetseng molao wa
batsadi.
Mokwadi o dirisa maduo go supa maikutlo a gagwe. Mokwadi o file Bontle maduo aa botlhoko a
mo otlhaela go tlhoka go reetsa molao wa batsadi. Mokwadi o utlwisa Bontle botlhoko ka go dira
gore mmagwe yo a neng a mo ikantse a tlhokafale, fa a re o bolaya Mathubadihala. O mo utlwisa
botlhoko gape ka go mo dira gore a felele a beditswe ke mosadi wa ga Gauza e bong Alicia mme
Gauza le ene a bo a mo koba a mmolelela fa a sa mo lekana. Mokwadi o tswelela a otlhaya Bontle
fa a dira gore felele a tsenwe ke mogare wa HIV/AIDS e sale monana. Ka tsela e mokwadi o supa
fa a sa rate bana ba ba sa reetseng molao.
3. Sekaseka molaetsa o o senogang mo pading ya Phuduhudu ga e tlhatlhelwe.

Mo pading e ke ithutile gore ditiro tse di sa siamang di tsenya mo mathateng. Molaetsa o o


senolwa ke moanelwa mogolo Bontle.
Bontle o dira ditiro tse di sa siamang fa a tlhokela bagolo maitseo. Bontle o tlhokela morutabana
wa gagwe maitseo e bong Mma Bantenne, fa a mo kgalemelela paka ya gagwe ya sekolo e neng
e le khutshwane. Bontle o ne a raya Mma Bantenne a re ga a bone sentle ka ene a apere paka ya
sekolo e tala. O ne a boa a tlhokela rragwe e bong Mathubadihala maitseo fa a mo kgalemelela
go tsamaya masigo, a mo raya a re o mo tsoseditse modumo fa a batla modumo o tla reetsa
seromamowa bogolo. Bontle o ne a tswelela gape a tlhokela mooki maitseo fa a re o mo gakolola
go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS. O ne a araba mooki ka gore ene ga a tla thutong, mooki a
mo neele dipilisi tsa tlhogo nako ya gagwe ya mo sia. Se ke tiro ee sa siamang ka Bontle jaaka
ngwana wa sekolo a solofelwa go nna le tlotlo mo bagolong ka nako tsotlhe e seng go ba buisa
ka go kgona le go rata.
Bontle o ne a dira ditiro tse di sa siamang fa a tsamaya masigo. Bontle o ne ralala lefifi a na le
tsala ya gagwe Lebogang, go ya kopana le bakapelo ba bone, e bong Gauza le Scavenger mme ba
iphetisi nnotagi kwa maitisong. Bontle o ne a boa a goroga bosigo mo lwapeng e bile a sa apola
paka ya sekolo, a tswa kwa ga Gauza. O ne a tlhamaletse ko go Gauza fa a tswa sekolong mme ya
re ka nako ya borobabongwe bosigo ya nna gone a kopang go isiwa lapeng. Se ke tiro e e sa
siamang ka Bontle jaaka moithuti a solofelwa go tsena mo lapeng ka nako go ipaakanyetsa go
tsoga a ya sekolong le go dira tiro ya sekolo e seng go sasankega masigo.
O tsweledisa ditiro tse di sa siamang fa a phuaganya thuto. Bontle o ne a sena kgatlhego mo go
ithuteng ka a ne a ema Lebogang nokeng fa a botsa morutabana gore fa ba sa abelwa ba itheng
ka thuto e sa phakesiwe e abelwa, a supa fa Lebogang a bua nnete. Se se ne se tla morago ga
gore morutabana MmaBantenne a rotloetse baithuti go dira ka natla mo dithutong tsa bone.
Bontle one a boa gape a tlogela sekolo morago ga leso la ga mmaagwe, ene le Lebogang ba re ba
ipatlela botshelo. Ba ne ba bonwa ba tshameka mataese le basadi ba makonteraka kwa
diterankeng mme fa motho a ka ba botsa gore ke eng ba sa ya sekolong e be e le jaaka a ba
rumotse. Se ke tiro ee sa siamang ka tsholofelo ke gore Bontle a tsene sekolo ka tlhwaafalo ka e
le sone se se mmetlelang isago ee molemo e seng go se latlhaganya gore a itaole.
Bontle o dira ditiro tse di sa siamang fa a nna le mogopolo wa go bolaya. Bontle o ne a tswa ka
leano la go bolaya Mathubadihala gore ba tle tsee khumo ya gagwe gape ka ene o ne a sa utlwane
le rragwe. Mmagwe Bontle o ne a ya ko ngakeng ya setswana e leng Rabaneke mme a mo neela
molemo wa Setswana o o bolayang. Bontle o ne a apaya mme mmaagwe o ne a tsenya molemo
o mo dijong. Bontle a fapaanya dijo ka a ne a tsietsega a sa itse gore go tsentswe dife molemo.
Mmagwe Bontle ya nna ene a felelang a tlhokafala ka e ne ya nna ene a jang dijo tse di nang le
molemo. Se ke tiro e sa siamang ka Bontle jaaka ngwana a solofelwa go akanya ka dithuto le
isago ya gagwe le gone go eleletsa motsadi wa gagwe molemo e seng go nna pelotshetlha a
akanya go mmolaela khumo.
O tswelela a dira ditiro tse di sa siamang fa a ikoba mo lapeng. Morago ga loso la ga mmagwe
Bontle o ne a iphudusa mo lapeng ka a ne a sa rate Mathubadihala mme a ya go nna kwa
diterankeng le monna wa le konteraka o a neng a ratana le ene Gauza a ile tiriping e bile a nna
kwa diterankeng tsa makonteraka a nneng thapilwe go dira tsela mo motsaneng wa Mmakatse a
neng a nna teng. Bontle e bile o ne a tlogela monna wa lekonteraka fa Gauza a setse a boa kwa
tiriping a re ene o lapisitswe ke monna wa teng, o ne a ya kwa ga Gauza. Se ke tiro e sa siamang
ka Bontle jaaka ngwana wa sekolo a solofelwa go tsaya thuto ya gagwe ka tlhoafalo e seng go
diiwa ke marato.
Bontle o tswelela a dira ditiro tse di maswe fa a ratana le banna ba batona. Bontle o ne ratana
le Gauza wa lesole e bile e le monna fela yo o nyetseng mosadi wa gagwe a ne a ile botsetsing.
Bontle o ne a boa gape a ratana le monna wa lekonteraka fa Gauza a le kwa tiriping e bile a nna
kwa diterankeng tse makonteraka a neng a nna teng. Bontle e bile o ne a tlogela monna wa
lekonteraka fa Gauza a setse a boa kwa tiriping a re o lapisitswe ke monna wa teng o batla o moša
jalo he a ya kwa ga Gauza. Se ke tiro e sa siamang ka Bontle jaaka ngwana wa sekolo a solofelwa
go tlhoafalela dithuto tsa gagwe e seng a diiwa ke marato.
Bontle o dira ditiro tse di sa siamang fa a gweba ka mmele. Morago ga go kobiwa ke Gauza le
Scavenger, Bontle le Lebogang ba ne ba ya go gweba ka mmele kwa Gaborone Hotel e le tsela ya
go batla madi a itshetso. Ba ne bonwa maitseboa mangwe le mangwe ba apere
bokhutshwane/bokamponwane ba letlelela mongwe le mongwe go ba dirisa mo go tsa
tlhakanelo dikobo, fela fa ba bone madi ba siame. Se ke tiro e sa siamang ka Bontle o solofelwa
go kabo a le kwa sekolong a ithuta a ipetlela bokamoso jo bo tsogang bo mo direla madi e seng
a itsenya mo diphatseng.
Ditiro tse di sa siamang tsa ga Bontle di mo tsenya mo mathateng fa a tlhokafalelwa ke batho
ba ba neng ba rotloetsa botshelo jwa gagwe. Mmagwe Bontle o ne a tlhokafala morago ga gore
a je dijo tse di neng di na le molemo wa setswana ka Bontle o ne a fapaanya dijo ka phoso a di
neele mmagwe e seng rragwe yo ba neng ba re ba mmolaya. O ne a fitlhela mmagwe a rototse
matlho mme a ya go lemoga fa a faapantse dijo. Bontle o ne a boa a fitlhela Lebogang a ngaraletse
a sa heme ele setopo fela, mme a mo tswala matlho a itlhoboga a itse fa go ile fela jalo ka mmata.
Se ke mathata a ga Bontle ka o ne a sala a sena mmagwe go mo gakolola le go mo tlhokomela.
Gape o ne a tlhokafalelwa ke mmata wa gagwe o a neng a itaola le ene le mmagwe o neng a mo
rotloetsa go ratana le gone a mo fa madi a maitiso.
Bontle o tswelela a tsena mo mathateng fa jaanong a tlhoka le kwa a nnang teng. Morago ga
go kobiwa ke Alicia le Gauza, Bontle le Lebogang ba ne ba bona go le botoka gore ba go nna kwa
gaabo Lebogang. Ya re ba ntse ba tsweletse le botshelo, Lebogang a tlhokafala morago ga go nwa
leokwane a ne a re o senya boimana jo a sa itseng mong wa jone. Se sa dira gore Bontle jaanong
a wele mo mathateng a go tlhoka ko a nnang teng. Se ke mathata ka jaana Bontle ke ngwana, o
tshwanelwa ke gore a bo gona le fa a ka bayang tlhogo teng sentle go le boitumelo.
Mathata a ga Bontle a tswelela a fitlhelwa ka mogare wa HIV. Bontle o ne a tshabelelwa ke
tlhogo e opetseng ruri. E rile fa a sena go itekodisa Tshotlego yo ba neng ba tsena sekolo mmogo,
Tshotlego a mo rotloetsa o go ya go itlhatlhobela mogare wa HIV. O ne a ya Tebelopele go ya go
itlhatlhoba mme ka go tlhoka lesego a fitlhelwa a na le mogare. Se ke mathata mo go Bontle ka
e le ngwana a sa le monnye mme jaanong a tshwanelwa ke go tshela ka mogare o senang kalafi
Botshelo jwa gagwe botlhe.
Bontle o tsena mo mathateng a mangwe fa a ketekwa ke Alicia. Bontle o ne a ratana le Gauza a
sena kitso ya gore ke monna yo o nyetseng e bile a na le bana. Alicia o ne a fitlhela Bontle a
kaname mo bolaong jwa ga Gauza a setse ka mmankateng fela mme a mo keteka go bo a robetse
mo bolaong jwa gagwe le monna wa gagwe. Gauza o ne a gorogela mo tlhakatlhakanong e mme
a feta le ene a keteka Bontle a bo a mo koba mo ntlung ya gagwe. Se ke mathata ka gore Bontle
e ya go nna mosotlegi go feta ka jaana ga gona gope ko a ka tshabelang mathata a gagwe teng.
4. A mokwadi wa Phuduhudu ga e tlhatlhelwe kgonne go supa Phetogo ya botho jwa ga
Bontle?
Mokwadi o kgonne go supa Phetogo ya botho jwa ga Bontle. Kwa tshimologong mokwadi o re
kopanya le Bontle a sena maikarabelo mme a felela a na le maikarabelo. Mokwadi ga a kgona
go supa kwelotlase mme o kgonne go supa itharabologelo le kgolo tsa ga Bontle.
Mokwadi Bontle a sena maikarabelo ka jaana kwa tshimologong mo supile e le seganana. O gana
go reetsa dikgakololo tsa ga rragwe e bong Mathubadihala le fa a mo kgalemelela go tsamaya
bosigo ka e sale ngwana wa sekolo. Selo se ke boganana ka Bontle jaaka ngwana a tshwanetse
go reetsa rraagwe fa a mo kgalemela e seng go mo itlhokomolosa a bo a tswelela fela ka boitalo
jwa gagwe.
Mokwadi o supa Bontle a sena maikarabelo ka go mo tlhokisa ponelopele. O ne a tlhoka
poneleopele fa a tlogela sekolo morago ga leso la ga mmaagwe, e bong Mmamorojwa a re o
ipatlela botshelo mme a a ya gonna le makonteraka. Se ke go tlhoka ponelopele ka Bontle a sa
lege fa fa sekole e le sone isago ya gagwe mme a se latlhaganya fela a itaola.
Mokwadi o supa Bontle a sena maikarabelo ka a le lenyatso ka a sa tlotle ba bangwe. Bontle o
ne a fetolana le morutabana wa gagwe e bong Mma Banetenne fa a mo kgalemela paka ya ga
gagwe ya sekolo a re e khutshwane, Bontle o ne a fetola ka makgakga fa e le tala fela e siame,
gore e tsamaya fa kae ga go batle ene. O bowa gape a supa lenyatso fa a roga rragwe e bong
Mathubadihala a re o mo tsoseditse modumo, a bo a buwa gore fa a batla modumo o tla reetsa
seromamowa fa a mo kgalemelela go tsamaya masigo. Selo se ke lenyatso ka gore Bontle ke
ngwana o solofelwang gore a bo a tlotla bagolo a sa ba fetole jaaaka a batla.
Mokwadi o supa Bontle a sena maikarabelo ka a le setlhogo. Bontle o ne a dumalana le
mmaagwe gore ba bolaye Mathubadihala, ka jalo mmaagwe a ya go tsaya molemo o o bolayang
ko ngakeng ya Setswana Rabaneke go o tsenya mo dijong tsa ga Mathubadihala. Bontle o ne a
tlhakatlhakanya dijo mme a di fa mmaagwe ka phoso a tlhokafala. Selo se ke bosetlhogo ka Bontle
jaaka ngwana ga a tshwanela go nna le le dikakanyo tse di bosula tsa go balaya, e bile a sena
kutlwelobotlhoko. O tshwanetse go ka bo a ratela mmaagwe botshelo.
Mokwadi o tswelela a supa Bontle a sena maikarabelo ka e le sematla, ka supile bomatla fa a
tlogela sekolo ene le tsala ya gagwe e bong Legonang ba ya go go nna le banna ba makonteraka,
ka a ne a sa rate Mathubadihala. Bomatla jwa gagwe bo itshupa gape fa a ne a fuduga mo lapeng
le a neng a tshela sentle teng a sa sotlege mme a ineelela go nna kwa a sotlegang teng. Selo se
ke bomatla ka Bontle ka a sa kgone go lemoga fa a itshenyetsa bokamoso ka go tlogela sekolo le
gore oa itshotla ka go ineelela banna mme rraagwe yo o ka mo tshedisang sentle.
Mo tsamaong ya nako mokwadi o thatafaletsa Bontle Botshelo fa a dira gore a tlhoke bonno.
Bontle o ne a felela a tsaya tshwetso ya go ya ko go Mathubadihala a ya go ikopa maitshwarelo
mo e leng gone itharabologelo motshameko.
Morago ga itlharabologelo mokwadi mokwadi o dira gore Bontle a nne le kgolo. Mokwadi o supa
Bontle a le tirisano mmogo. Bontle o ne a reetsa Tshotlego fa a mo gakolola go itlhatlhobela
mogare wa HIV/AIDS le gone go boela kwa go Mathubadihala a bo a nna ngwana yo o kutlo. Se
ke tirisano mmogo ka Bontle a ithutile go reetsa ba bangwe e seng jaaka pele mo a neng a reetse
ope.
Mokwadi o tswelela a supa kgolo ya ga Bontle ka go nna Botlhale. Bontle o ne a le botlhale ka a
ne a ikgapha mo botshelong jwa gagwe jwa pele ka jalo a felele a tlhophilwe mokwaledi kwa
kerekeng, a bo a felela a nyalwa ke Moruti. Selo se ke botlhale ka Bontle o ne a lemoga fa a
tshwanetse go fetola botho jwa gagwe gore a tle a tshele sentle le go tswelela mo botshelong.
5. A DITIRO LE BOITSHWARO DI TSAMAELANA LE PAKA LE LEFELO YA DITIRAGALO TSA
PADI?
Mo pading ya phuduhudu ga e tlhatlhelwe go na le tsamaelano fa gare ga paka le lefelo la
ditiragalo. Paka ke ya seša mme ditiragalo di diragalela kwa Mmakatse e leng motse o o
tlhabologang.
Mo pakeng ya seša lenyalo ga le tlotliwe. Ke sone se go sa gakgamatseng go bona Mmamorojwa
a raya Bontle a re o nyaletse Mathubadihala dikhumo tsa gagwe ga se gore o a mo rata a bo a
felela a dumalana gore ba mmolae, e tiragalo e tsamaelana le ya seša.
Mo pakeng ya seša madi ke one konokono ya Botshelo. Fa o sena madi o ka seke o tshela sentle
ka jalo batho ba felela ba dira sengwe le sengwe gore ba bone madi go itshetsa. Ke sone se go
seng thona go bona Bontle le Lebogang ba ithekisa mmele kwa Gaborone Hotel gore ba bone
madi a go itshetsa, tiragalo e e tsamaelana le paka ya seša.
Mo pakeng ya seša thuto e tseelwa kwa godimo. Go dumelwa gore fa o rutegile ke gone o ka
kgonang go tshela Botshelo jo bo botoka. Ke sone se go sa gakgamatseng go bona Tshotlego le
Thandi ba ithuta thata kwa sekolong ka ba dumela fa thuto e ka ba ntsha mo seemong sa botshelo
se ba iphitlhelang ba le mo go sone. Ka jalo Tshotlego o felela e le Mmamelao mogolo a bo a
agela batsadi ba gagwe ntlo e tona a ba ntsha mo tshotlegong. Tiragalo e e tsamaelana le paka
ya seša.
Mo motseng o o tlhabologang borukhutlhi bo kwa godimo. Ke sone se go sa makatseng go bona
Diratsame a atlholwa dingwaga tse tlhano kwa kgolegelong ka a ne a thubetsa Thandi.
Mo motseng o o tlhabologang boitaolo jwa banana bo kwa godimo. Bana ga ba sa tlhole ba na
le tlotlo mo batsading ba bone e bile boitaolo jwa bone bo ile magoletsa. Ke sone se go sa
gakgamatseng go bona Bontle a sa buise morutabana wa gagwe e bong Mma Bantenne ka tlotlo,
a mo raya a re fa paka ya gagwe ya sekolo e le tala e siame gape gore e tsamaya fa kae ga go mo
ame. Bontle gape o tlhokela Mathubadihala maitseo fa a mo kgalemelela go tsamaya masigo a
re o a tlhodia fa a batla modumo o tlaa reetsa seromamowa. Tse tsotlhe di tsamaelana le motse
o o tlhabologang ka re bona Bontle a re o inaakantse le ditlhabologo.
Mo motseng o o tlhabologang batsadi ka bontsi ga ba na boikarabelo Ba re ba inaakantse le
ditlhabologo tse di tlang mo metseng ya bone. Ke sone se go seng thona go bona Gauza le
Scavenger ba dirisa bana e bong Bontle le Lebogang botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme
e le borre ba malapa. Diratsame le ene o feleletsa a beteletse Thandi mme a le mo seemong sa a
ka bo a itshwara jaaka rraagwe. Mmamorojwa le ene ga a nne le boikarabelo jwa go godisa Bontle
sentle a mo fa dikgakololo, a mo rotloetsa go itaola, e ne a re ke gone jaaka fa a inaakantse le
ditlhabologo.
6. Supa ka fa ditiragalo tsa Phuduhudu ga e tlhatlhelwe di tsalanang ka teng.
Mmaagwe Bontle ga amo godisa sentle ka ga amo ruta bontle le bosula. Go tlhoka kgodiso e e
siameng mo ga dira gore a tlhokele batho ba a tshelang le bone maitseo jaaka morutabana
MmaBantenne le Mathubadihala.
Go tlhokela bagolo maitseo ga gwetlha gore Mathubadihala a re o a mo kgalemela ka a ne
tsamaya le go tla bosigo mo lapeng mme a santse a tsena sekolo.
Go kgalema mo ga ga Mathubadihala ga tsala gore Bontle a nne le mowa wa kilo le letlhoo mo
go rraagweka a sa batle go kgalemelwa.
Go nna le mowa wa kilo le letlhoo ga dira gore Bontle a tswe ka leano la go bolaya
Mathubadihala mme a dumalana le mmaagwe go dirisa molemo wa Setswana mo dijong.
Go tswa ka leano le ga baka gore Bontle a felele a bolaile mmaagwe ka a ne a tlhakatlhakanya
dijo, mme tse di nang le molemo tsa felela di jelwe ke mmaagwe.
Leso la ga mmaagwe la baka gore Bontla a tlogele sekolo a bo a fuduga mo lapeng ka a sa rate
Mathubadihala.
Go fuduga mo lapeng ga dira gore boitaolo jwa gagwe bo oketsege ka jaanong go sena yo o mo
kgalemelang.
Go itaola mo go feteletseng ga tsala gore ene le Lebogang ba ye kwa Gaborone go ya go itshetsa
ka go gweba ka mmele.
Go gweba ka mmele ga bone ga baka boimana jwa Lebogang mme e bile a sa itse yo o mo
imisitseng.
Boimana jo bo dira gore Lebogang a leke go lemolola mpa mme a bo a felele a tlhokafetse.
Go tlhokafala ga ga Lebogang ga baka gore Bontle a tlhoke kwa a nnang teng ka a ne a nna kwa
gaabo Lebogang.
Go tlhoka kwa a nnang teng ga ga Bontle ga tsala gore a boele kwa ga Mathubadihala go ikopa
maitshwarelo mme a feta a mo amogela.
Go amogelwa ke Mathubadihala ga gwetlha gore Bontle a ikage, ka go reetsa dikgakololo tsa ga
Tshotlego fa a re a ye go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS.
Go reetsa dikgakololo tsa ga Tshotlego ga baka gore a ye go itlhatlhobela mogare a bo a amogele
seemo sa gagwe le go ineela mo kerekeng. Go amogela seemo sa gagwe le go ineela ga dira gore
a nyalwe ke moruti ba bo ba tshola bana ba ba itekanetseng.
7. Ipee mo seemong sa ga Bontle fa a bolelelwa gore o na le mogare wa HIV. O bue se a
neng a se bua.
E le ruri dilo ke di itirile ke le Bontle. Gompieno jaana ke mo kutlobotlhokong ka ke a go tshela ka
mogare wa HIV botshelo jwame jotlhe mme se ke nna tota ke se ipaketseng. Ke ene moipolai yo
o sa leleweng.
Ke itsentse mo mathateng ka go nna tlhogo e thata. E ne yare Mathubadihala wa modimo a re
o a nkgalemela ka ke ne ke tsamaya masigo mme ke santse ke tsena sekolo, ka bona fa a sa
nthatele botshelo ke ne ke mmolelela fa ntsosetsa modumo, ke raya fela gore a ntlogele ke itaole.
Gompieno jaana ke tsenwe ke mogare ka ntlha ya botlhogoethata jo.
Ke ikotlhaela go nna sematla game. Ke ne ke akanya gore boitaolo bo ka mpusetsa sengwe se
single molemo. Ke dira bone bomatla tota, ke tlogela sekolo morago ga leso la ga mme, ke ya go
nna le makonteraka ke ithaya kere ke gone jaaka ke le botlhale. Ke ne ke tshela botshelo jwa go
rata madi, ke re ke jone botshelo kante ke ikepela lebitla ke sa lemoge.
Bosetlhogo jwame ga boa mpusetsa sepe fa e se tshotlego le kutlobotlhoko tse ke mo go tsone
gompieno. Ke ne ka tswa ka leano la go bolaya Mathubadihala wa modimo mme ka boso jwame
ka felela ke neetse mme dijo tse di nang le molemo mme ga swa ene. Se ke jone bosetlhogo tota.
Tota dikakanyo tsa go bolaya ke ne ke tsar di tsaya kae ke ne ke sa lebagane fela le dithuto tsame.
Kana ke ka bo ke se mo seemong se sa mogare wa HIV. E le ruri ke ene moipolai yo o sa lelelweng.
Ke itshenyeditse botshelo ka go tlhoka ponelopele. Ke paletswe ke go lemoga fa sekolo e le sone
se ka tsogang se mpoloka mme na ka se tlogela ke tabogile le lerato la ga Gauza yo ke neng ke sa
lemoge fa a ntirisa fela. Gompieno ke setse ka kutlobotlhoko ya mogare wa HIV, ga ke na le ene
tota yo o ka nkgomotsang.
Ke itemogetse gore selo se botshelo bo tshwana le lee, bo batla go tshwarwa ka matsetseleko.
Gape ke baketse mokaragana wa botshelo ka ke one o mpeileng fa ke leng teng fa gompieno. Ga
ke na go tlhola ke boela magaleng gabedi ke bakile.
8. Seka seka seabe sa ga Bontle mo tsweledisong ya ditiragalo tsa padi e.
Bontle o na le seabe mo tsweledisong ya ditiragalo tsa padi. O rotloeditse ditiragalo tse di
latelang; leso la ga mmaagwe, go tsenwa ke mogare wa HIV/aids, go betswa ke mogokgo, go
betswa ke Alicia, leso la ga Lebogang le mo go tlhokeng go rutega ga gagwe.
Bontle o na le seabe mo lesong la ga mmaagwe e bong Mma Morojwa. O dirile se ka go loga
maano a go bolaya Mathubadihala. Bontle o ne a neela mmaagwe dijo tse di tsentsweng molemo
o o bolayang ka phoso, mme mmaagwe a felela a di jele a bo a tlhokafala. E ne ya re fa Bontle a
tsoga phakela, a re o ya go tlhola mmaagwe kwa kamoreng ya borobalo a fitlhela a tlhokafetse
mme a lemoga fa leano la bone la go bolaya Mathubadihala le bolaile mmaagwe.
Ke ene a dirileng gore a tsenwe ke mogare wa HIV/AIDS. O dirile se ka go tlhakanela dikobo le
banna ba ba farologaneng. Bontle o ne a ratana le Gauza le banna ba makonteraka mme morago
a ithekisa mmele kwa Gaborone Hotel. Bontle o ne a ya go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS ka
thotloetso ya ga Tshotlego mme ga fitlhelwa a na le one.
O rotloeditse go betswa ke mosadi wa ga Gauza e bong Alicia. O dirile se ka go ratana Gauza a
sa itse gore o nyetse. Bontle o ne a ratana le Gauza mme morago ga leso la ga mmaagwe a
fudugela kwa ga Gauza go itira mosadi wa gagwe. Alicia o ne a fitlhela Bontle a robetse mo
bolaong jwa gagwe le Gauza fa a bowa kwa botsetsing mme a betsa Bontle, Gauza o ne a fitlhela
ntwa e e tsweletse mme a koba Bontle mo ntlong ya gagwe.
Ke ka ntlha ya ga Bontle gore a bo a ne a nna mosetsana wa ntlha go betswa ke mogokgo. O
dirile se ka go tlhokela morutabana wa gagwe Mma Bantenne Maitseo a sale moša mo sekolong.
Bontle o ne a tlhokela morutabana wa gagwe MmaBantenne maitseo a mmuisa jaaka a rata a bo
a mmitsa maina a a kgobang bo “mistrese”. Mmabantenne o ne a felela a mo isitse kwa go
mogokgo. Bontle o ne a betswa ke mogokgo dithupa di le tharo mo maragong mme a lela fela
thata mo baithuti ka ene ba neng ba mo tshega.
Ke ene a rotloeditseng go tlhoka go rutega ga gagwe. O dirile se ka go tlogela sekolo a laolwa ke
boitaolo. Bontle o ne a tlogela sekole morago ga leso la ga mmaagwe mme a ya go nna le banna
ba makonteraka. Bontle o ne a felela a kobilwe ke Gauza mme a ikotlhaela go tlogela sekole ka
ne a bona Tshotlego ene a le montle ka a ne a ithutela molao kwa mmadikolo.

You might also like