You are on page 1of 14

1

Bala palo e e latelang mme morago o arabe dipotso 1-18.

1. Fa borraarona-mogolo ba ne ba ka tsoga mme ba bona tlhakatlhakano e e mo botshelong,


ruri ba ne ba ka itlhophela go boela gape mo diphuphung, ba ithobalela. E le ruri lefatshe
le fetogile Ga-Mmapereko, ga go na mogolo le ngwana; fa e le kgalemo yone, e ile kwa
tsie e ileng teng.

2. Bogologolo bana ba ne ba diragatsa go rata ga Modimo tota ‘Bana utlwang batsadi ba


lona mo Moreneng, tlotla mmago le rrago…” Gompieno ngwana ke wa motsadi yo a mo
goditsitseng e seng jaaka bogologolo e ne e le wa mogolo mongwe le mongwe. Le mo go
bone ba go ka tweng ke batsadi ba bone tota, ba fetogile dikatlatlhogo, ba dira se ba se
ratang.

3. Se se utlwisang botlhoko ke gore bana ba fetogile morwalo wa batsadi ba bone, ga ba


batle go dira sepe, ba gana go rongwa le sekolo tota bontsi jwa bone ba se tsena ka go
patelediwa. Fa ba tsena kwa dikolong ba tlhola ba katlile barutabana ditlhogo, ba sa batle
go dira tiro ya sekolo, yone e go ka bong go twe ba e etse sekolong.

4. Se se ngomolang pelo gape ke gore bana ba rona ba ineeletse mokaragana o o sa feleng.


Ka ntlha ya one mokaragana o, ba felela ba senyegetswe ke sekolo ka mabaka a boimana,
mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. Selo se, se bo se rwesa batsadi mokgweleo wa go
ba tlhokomela ga mmogo le bana ba bone kgotsa ba sala ba tlhokometse dikhutsana, bone
ba tlhokafetse. Mo godimo ga moo, mo bogompienong ditiro ga di bonwe motlhofo,
bonnyennyane jo bo teng bo batla batho ba tsene sekolo, ba bo ba sugega. Ditlamorago e
bo e nna gore fa ba dule ba sa tsena sekolo ba tlile go nna fela mo lwapeng, ba nna
morwalo mo batsading ba bone, bone le bana ba bone.

5. Sekgoreletsi se sengwe se segolo ke bojalwa jo bo nowang ke bana le bagolo ka go kgona


le go rata. Mo nakong e ya “ diphetogo”, ga go sa tlhole go na le yo o rayang yo mongwe
a re, “ ga go dirwe jalo.” Bana le bagolo ba rekelana bojalwa, monna le mosadi ba
rekelana bojalwa. Batsadi ba kgona go tlogela bana kwa malwapeng, ba ya kwa

2
marekisetsong a bojalwa, ba ya go tswa koo gare ga masigo, ba tla ba thetheekela go se
tsapa le ba fisang pelo.

6. Sebe sa phiri ke gore ga go sa tlhole go na le kotlhao le kgalemo jaaka go ne go ntse


pele. Kwa sekolong bana ga ba otlhwaiwe, ba a nenekediwa. Selo se ba se itseng ke
ditshwanelo e seng maikarabelo. Selo se, se ba fetotse, sa ba dira baamogedi e seng
banei. Ke sone se le bone ba itebileng e le babusi ba ka moso, e seng badiri kana badiredi
ba ka moso. Bogologolo kana go ne go twe ya mosimane ke e nkgwe, dilo di bo di siama.
Basadi le bone ba ne ba itse gore borre ke ditlhogo tsa malwapa, gompieno, owaii! Go
lekwanwa fela e kare bompopi.

7. Le fa go ntse jalo, tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, gongwe e tla a re go ntse go ya seemo


se se thata se se sokolole batho, ba lemoge fa mpuru a faretswe, ba tshwanetse go ipatla
ba ipatlisisa. Puso le yone gongwe e tla a bona go tshwanetse gore e busetse mo tirisong
matshego a tsamaiso ya ngwao. Fa go ka nna jalo, ruri batho ba tla a fetoga, mongwe le
mongwe a itse maemo a gagwe.

Motswedi: Motswedi wa Puo, S.O. Mothei (2002)

1. Ke eng se se neng se ka dira gore borraarona mogolo ba tshabe mo lefatsheng?

A Matlhapa a a mo lefatsheng

B Tlhakatlhakano e e mo lefatsheng

C Lehuma le le mo lefatsheng

D Monate o o mo lefatsheng

3
2. Ke eng se e leng boammaaruri ka bana ba gompieno? Ga ba

A rate fa go se nang kagiso

B tlotle ditaelo tsa batsadi ba bone.

C nwe bojalwa e bile ga ba ratane

D batle go tlhokela barutabana botho

3. Ke eng fa mokwadi a re bana ba gompieno ba fetogile merwalo ya batsadi ba bone? Ke


gore ga ba batle go

A dira sepe
B bereka kwa masimo
C tsena meletlo ya manyalo
D duba mmu

4. Ke ka go reng batsadi ba utlwa botlhoko fa bana ba gana sekolo? Kwa bofelelong ba tlaa

A ya kwa magaeng
B ya go bereka kwa meepong
C nna morwalo wa bone
D nna dikhutsana

5. Ke eng se e neng e se maduo a mokaragana o o neng o sa ratwe ke bana?

A Mogare wa HIV/AIDS
B Boimana jwa banana
C go tlhokomelelwa dikhutsana
D go tsena sekolo sentle

4
6. Ke eng fa bojalwa e ne e le sekgoreletsi? Ka gore

A bo ne bo nowa ke mongwe le mongwe gape bo dira gore motho a tlhoke tebelopele


B basadi ba ne ba sa tlotle malwapa a bone, selo se se neng se sa tlwaelesega.
C baithuti ba ne ba rekela barutabana bojalwa gore ba ba okeletse matshwao
D marekisetso a ne a tswalwa bosigo, ka jalo ba ne ba tlhodia bagolo

7. Ke eng bana ba gompieno ba sa tlhole ba otlhaiwa jaaka ba pele? Ke gore

A ba itse ditshwanelo tsa bone thata.


B ba motlhofo thata fa ba betswa ba ka golafala
C ga ba rutwa thupa ba le bannye ka jalo go ka ba ama maikutlo
D ba matepe thata, ka jalo ba ka nna ba leletse ruri

8. Fa mokwadi a re “ bana ba gompieno ba fetogile baamogedi e seng banei” o raya gore


ba rata

A go bogela
B go bereka
C go fiwa
D go ja

9. Mosola wa go otlhaya bana bogologolo e ne e le eng?

A ba ne ba ja sentle e bile ba ka seke ba gana dijo.


B ba ne ba nna matlhagatlhaga
C go ne go ba ruta molao
D go ne go ba dira gore ba seka ba robala

5
10. Mokwadi mo temaneng ya boraro o ne a leka go supa eng fa a re “Owaii! Go lekanwa
fela e kare re bo-mpopi”?

A bana ga ba tlotle batsadi


B bana ga ba tlotle barutabana
C bana ga ba tlotle basadi
D bana ga ba tlotle banna

11. Ke sefe setlhogo se se ka tshwanelang palo e?

A basadi le banna ba gompieno ba tshwana fela ka boitshwaro

B boitshwaro jo bo amogelesegang ga bo sa tlhole bo le teng

C baithuti le bagolo ba rata bojalwa ka go tshwana

D barutabana le baithuti ba tshwana fela ka boitshwaro

12. Go ya ka palo e, ke efe kgwetlho ya konokono e barutabana ba lebaganeng le yone? Ke


go

A nwa bojalwa ga baithuti


B ratana ga baithuti
C tlhoka tsebe ga baithuti
D tlhoka boikarabelo ga batsadi

6
13. Maikaelelo a mokwadi wa polelo e ke go

A tlhagisa batho ka bodiphatsa jwa go sa itshwara sentle


B akgola boitshwaro jo bo ntle jwa batho
C kgatlha batsadi ka boitshwaro jo bo ntle jwa bana
D sotla barutabana ba ba se nang maikarabelo

14. Go ya ka wena Morafe o ka dira jang go fokotsa matshwenyego a boitshwaro jwa bana?

A batho ba ka kgetla dithupa ba betsa bana botlhe ba ba digongwana


B batho ba ka tlhama mekgatlho go ruta bana maitseo le ngwao ya Setswana
C morafe o ka ya dikolong ba feta ba betsa bana botlhe
D morafe o ka otlhaya batsadi botlhe ba ba nwang bojalwa.

Tlhalosa diejana tse di latelang go ya ka fa di dirisitsweng ka teng mo polelong.

15. … e ile kwa tsie e ileng teng

A e tsamaile le tsie
B e nyeletse
C e ile kgakala
D e tsamaile le bagolo

16. … se se ngomolang pelo

A se se itumedisang
B se se gakgamatsang
C se se utlwisang botlhoko
D se se lapisang tlhaloganyo

7
17. Kwa sekolong baithuti ga ba otlhaiwe, ba a nenekediwa

A baithuti ga ba rutiwe molao


B baithuti ga ba isiwe dikolong
C baithuti ba neelwa sengwe le sengwe
D baithuti ga ba gagamalediwe molao

18. …mpuru a faretswe

A batho ba itse fa go na le nako ya go fetoga


B batho ba itse fa go le thata
C batho ba itse fa dinotagi di lwatsa
D batho ba itse fa go le thata

Bolela gore diele tse di mo dipotso 19 le 20 di mo dipakeng di fe

19. Mosimane o sa ntse a kwala.

A paka jaanong
B paka e e tlang
C paka jaanong tsweletso
D paka e e tlang tsweletso

20. Bomme ba thugile mabele otlhe.

A paka pheti
B paka e e tlang
C paka jaanong tsweletso
D paka e e fetileng

8
Tlhopha seele se mo go sone lekopanyi le dirisitsweng sentle go araba potso 21 le 22.

21. A Mme yo a re ke mo pege boo ke na le koloi.


B Ba re ke apeye e bile ga go na dijo.
C Bana ba a tsamaya le gale ga ba na botho.
D Rre a re ke tsamaye le mororo ga go na madi.

22. A Ba tsoga ba kwala ditlhatlhobo kante ba kwadile


B Ke feditse go apaya ka pele gonne ke ne ke lapile.
C Leoto la me le golafetse e bile ke rwala setlhako
D Ga ke a tshwanela go kentiwa go bane ke na le dintho.

Tlhopha seele se mo go sone go dirisitsweng matshwao a mokwalo sentle go araba potso 23.

23. A Bathong, “Lesang go gogagogana le goromente!” Ga bua Mopalamente.


B “Bathong! lesang go gogagogana le goromente,” ga bua Mopalamente.
C “Bathong! Lesang go gogagona le goromente. ” Ga bua Mopalamente.
D Bathong lesang go gogagona le goromente, ” ga bua Mopalamente!

Tlhopha seele se se kwadilweng ka mokwalo o o amogelesegang go araba dipotso 24 le 25.

24. A Batswana ba rata ditiro tsa ko masimo.


B Batswana ba ra ta ditiro tsa ko masimo.
C Batswana ba rata ditiro tsa kwa masimo.
D Batswana ba ra ta ditiro tsa kwa masimo.

9
25. A Erile ba goroga ba mmolelela dikgangkgang.
B E rile agoroga bammolelela dikgangkgang.
C E rile a goroga ba mmoleleladikgangkgang.
D E rile a goroga ba mmolelela dikgangkgang.

Ke seele sefe se letlhalosi le sa dirisiwang sentle mo go sone.

26. A Ba mmiditse tota.


B Baopedi ba goroga ka moso.
C Re ya go tshameka kwa Molepolole.
D Fa jaanong a ja,o nona le go feta malatsi otlhe.

Tlhopha dikarolo tsa seele tse di filweng go araba dipotso 27-29

Seele: Puso ya Botswana e kobile mmereki mongwe kwa Maun.

27. Tlhalosi

A kwa Maun
B ya Botswana
C e kobile
D mmereki

28. Tlhaodi

A puso
B mongwe
C Maun
D mmereki

10
29. Tiri
A ya Botswana
B e kobile
C kwa Maun
D morutabana

Sekaseka diele tse di latelang o bo o araba dipotso 30-32

i. Banna ba bane ba ba nnang ba lelekane fela

ii. Go apeela thukhwi le mala

iii. Ngwana yo sa utlweng molao wa batsadi o utlwa wa manong

iv. Bana ba binang mmaabo a sa bine

v. Maši ke tla ke le phepa selabe se tla le mo tsaya kgamelo

vi. Goora motho go thebe phatshwa

vii. Go di tlhaolela di bekerwe

viii. Ntlo e tshweu e e senang kgoro

ix. Go apeela mo lephegong

30. Dithamalakane ke tsa dipalo di fe?

A i iii viii

B iv v vii

C i iv viii

D ix v ii

11
31. Diane ke tsa dipalo di fe?

A i ii iii
B iii iv vi
C iv v vi
D vi vii ix

32. Maele ke a dipalo di fe?

A ii vii ix
B iii ii v
C iv vii viii
D v vii ix

33. Bolela gore diele tse di filweng mo dipotsong 34-36 ke tsa dikapuo di fe?

E rile a fetsa go ja, a gora sejana gore se bo se phunyege.

A Phefofatso
B Tshwantshiso
C Mothofatso
D Pheteletso

34. Kana fa Lesego a feta mongwe le mongwe o a mo tshega ka o tsamaya senna.

A Kobiso
B Pheteletso
C Tshwantshiso
D Tshwantshanyo

12
35. Dikagiso o nonne mo a tsewang ke phefo.

A Tlaopo
B Pheteletso
C Tshwantshiso
D Tshwantshanyo

Bolela gore mafoko a a kgwaretsweng mo dieleng tse di mo dipotsong 36 le 37 a dirisitswe


go kaya eng.

36. Mosesenyana oo wa gago o mompe.

A lorato
B maemo
C bonnye
D lonyatso

37. Kgomo e naana e robegile.

A lorato
B Bonnye
C Bonamagadi
D kutlwelobotlhoko

13
Bala temana e e latelang o bo o araba dipotso 38-40

(1) Letlhoko la ditiro le santse le le kwa godimo bogolo thata mo bananeng. (2) Bontsi jwa
banana ba ba feditseng dikolo tse dikgolo ga ba bereke. (3) Letlhoko la ditiro le okediwa ke
kwelo-tlase ya itsholelo. (4) Puso e tlhomile mananeo a gore banana ba ka itshimololela
dikgwebo. (5) Dikgwebo tsa banana di ka tswa di sa gole sentle ka ntlha ya kwelo-tlase ya
itsholelo ya lefatshe. (6) Le fa go ntse jalo, banana ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa
matshelo a bone.

38. Ntlhakgolo ya temana e e fa godimo ke eng?

A Letlhoko la ditiro mo bananeng.


B Kwelotlase ya itsholelo mo lefatsheng.
C Mananeo a a farologaneng a puso go thusa banana.
D Dikgwebo tsa banana ga di gole.

39. Seele sa kabelelo ke sa palo efe?

A 1
B 2
C 5
D 3

40. Seele sa konelo mo temaneng e ke sa palo efe?

A 1
B 5
C 4
D 6

14

You might also like